A e Ne e Tlhamilwe?
Kgapetla ya Mollusk
◼ Dikgapetla tsa ditshedi tse di nnang mo metsing di lebega di se thata mme gantsi ga di thubege motlhofo. Fa moenjiniri mongwe e bong Kenneth Vecchio, a akanya ka nako ya fa a ne a le ngwana, a re: “Ke ne ka tshwanelwa ke go itaya dingwe tsa tsone ka hamore gore ke tle ke kgone go di thuba.” Motho o kgona go bona kafa dikgapetla tseno tsa ditshedi tse di nnang mo metsing di leng thata ka gone fa o leba dikgapetla tsa di-mollusk.a
Ela tlhoko: Leyara e e kafa teng ya kgapetla ya di-mollusk e na le makape a mannye thata a a bonwang ka maekerosekoupo fela a a katoganeng ka selekanyo sa di-nanometer tse e leng karolo e nnye thata ya metara. Porofesa wa Department of Materials Science and Engineering kwa Massachusetts Institute of Technology kwa U.S.A., e bong Christine Ortiz o ne a re: “Go raraana go re go boneng mo teng ga di-nacre tse di lekantsweng mo sekaleng sa nano go gakgamatsa tota mme go bonala e le sone se tota se dirang gore dikgapetla tseno di nne thata jaana.”
Mokwadi wa dilo tsa saense e bong Charles Petit o ne a tlhalosa setshwantsho se se godisitsweng sa nacre e le “sengwe se se rulagantsweng ka tsela e e gakgamatsang.” O tlhalosa jaana: “Fa o e leba kafa letlhakoreng ka maekerosekoupo, e lebega e kete ke ditena tse di pakilweng tse di sephaphathi tsa dikhutlo tse thataro tsa kirisetale le diminerale tsa calcium carbonate tsa dileyara tse di tlhatlagantsweng sentle. Di momagantswe ka boka jo bo nang le poroteine e ntsi e e ntshiwang ke shellfish eno.”
Baitsesaense ba dumela gore sephiri sa kgapetla ya mollusk se ka dirisiwa ka ditsela tse dintsi—go ka dirwa dilo tse di nonofileng tse di jaaka dibetsa, diphanele tsa dikoloi, diphuka tsa sefofane fa re umaka di le mmalwa fela. Ortiz a re: “Tlhago e dirisa melaometheo ya dipopego tsa sekale sa nano go dira dilo tsa maemo a a kwa godimo. Mo dilong tse dintsi, baenjeniri ga ba ise ba fitlhelele bokgoni jo bo tshwanang le jo bo mo dikgapetleng tsa mollusk.”
O akanya eng? A kgapetla ya mollusk e e nonofileng ka tsela e e gakgamatsang e itlhagetse fela? Kgotsa a e ne e tlhamilwe?
[Ntlha e e kwa tlase]
a Di-mollusk ke ditshedinyana tse di nang le mebele e e boleta e e se nang marapo. Di-mollusk tse di nnang mo lewatleng di akaretsa di-clam, di-oyster, di-scallop, di-octopus le di-squid.
[Setshwantsho mo go tsebe 25]
Setshwantsho se se godisitsweng sa leyara e e kafa teng ya kgapetla ya “mollusk”
[Motswedi wa Setshwantsho]
Inset: © Eye of Science/Photo Researchers, Inc.