Sephiri 1: Dilo Tse di Siameng Tse di Tlang Pele
“Lo tlhomamise dilo tse di botlhokwa thata.”—Bafilipi 1:10.
Se seno se se kayang. Mo manyalong a a atlegileng, molekane mongwe le mongwe o dira gore dilo tse molekane wa gagwe a di tlhokang e nne tsone di tlang pele ga tsa gagwe, pele ga dithoto, tiro, ditsala le e leng ba losika lwa gagwe. Monna le mosadi ba fetsa nako e ntsi ba le mmogo e bile ba na le bana ba bone. Bobedi jwa bone ba ikemiseditse go ithontsha dilo dingwe gore lelapa le solegelwe molemo.—Bafilipi 2:4.
Lebaka la go bo seno se le botlhokwa. Baebele e tsaya lelapa le le botlhokwa thata. Tota e bile, moaposetoloi Paulo o ne a bolela gore motho yo o sa tlameleng lelapa la gagwe “o bosula go gaisa motho yo o se nang tumelo.” (1 Timotheo 5:8) Le fa go ntse jalo, fa nako e ntse e tsamaya, dilo tse di tlang pele mo mothong di a fetoga. Ka sekai, mogakolodi mongwe wa lelapa o ne a etse tlhoko gore mo bathong ba le bantsi ba ba yang kwa khonferenseng e a neng a e tshwara go ne go bonala ditiro tsa bone di le botlhokwa go gaisa malapa a bone. O bolela gore go ne go ntse jaaka e kete ba senka “mekgwa e e bonako ya go rarabolola mathata” a malapa a bone gore ba tle ba kgone go boa ka bonako ba tlhoma mogopolo mo ditirong tsa bone. Re ithuta eng mo go seno? Go motlhofo go bolela gore re baya dikgatlhego tsa lelapa kwa pele go na le go bontsha seo.
Leka se se latelang. Leka go bona gore lelapa la gago le botlhokwa go le kana kang mo go wena, o dirisa dipotso tse di latelang gore di go kaele.
◼ Fa molekane wa me kgotsa ngwana a tlhoka go bua, a ke mo reetsa ka bonako ka mo nka kgonang ka teng?
◼ Fa ke bua le batho ba bangwe ka dilo tse ke di dirang, a gantsi ke iphitlhela ke bua ka dilo tse ke di dirang le lelapa la me?
◼ A ke tla gana boikarabelo jo bo oketsegileng (mo tirong kgotsa gongwe go sele) fa e le gore lelapa la me le tlhoka nako ya me?
Fa e le gore o arabile dipotso tseno ka ee, o ka nna wa tsaya gore dilo tse di tlang pele mo botshelong jwa gago di tsamaya ka tatelano e e siameng. Mme molekane wa gago le bana ba gago bone ba tla araba jang dipotso tseno tse di malebana le wena? Tsela e rona re iponang ka yone ga se yone fela tsela e re ka itseng ka yone gore a dilo tse di tlang pele mo botshelong jwa rona di tsamaya ka tatelano e e siameng kgotsa nnyaa. Mme one molaomotheo oo o dira le mo diphiring tse dingwe tsa go atlega tse go tla tlotliwang ka tsone mo ditsebeng tse di latelang.
Dira tshwetso. Akanya ka tsela e le nngwe kgotsa di le pedi tse ka tsone o ka supang gore lelapa la gago le tla pele. (Ka sekai: Akanya ka go fokotsa nako e o e dirisang mo dilong tse di ka tswang di tsaya nako e o ka e dirisang botoka le molekane wa gago le bana ba gago.)
Ke eng o sa bolelele lelapa la gago ka tshwetso e o e dirileng? Fa leloko le le lengwe le bontsha gore le ikaeletse go fetoga, go motlhofo gore ba bangwe le bone ba dire jalo.
[Setshwantsho mo go tsebe 3]
Motsadi yo o fenyang ke yo o tsayang molekane wa gagwe le bana ba gagwe ba le botlhokwa thata