LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 11/09 ts. 6-7
  • Batsadi—Kaelang Bana ba Lona

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Batsadi—Kaelang Bana ba Lona
  • Tsogang!—2009
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Simolola ba sa Ntse ba le Bannye!
  • Bana ba Tlhoka “Botlhale le Bokgoni Jwa go Akanya”
  • Bana ba ba Dirisang Internet—Se Batsadi ba Tshwanetseng go se Dira
    Tsogang!—2008
  • Go Thusa Basha go Lebana le Dikgwetlho
    Tsogang!—2007
  • Didirisiwa Tsa Ileketeroniki di Ama Jang Bana ba Gago?
    Tsogang!—2021
  • Go Anama ka Bonako ga Thekenoloji
    Tsogang!—2009
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2009
g 11/09 ts. 6-7

Batsadi—Kaelang Bana ba Lona

“Mo nakong e e fetileng, re ne re tlhoka go tshwenyega fela ka go lebelela thelebishene thata. Gone jaanong re na le metshameko ya dibidio, dikhomputara le difouno tsa selula. Go fekeetsa bana ba babotlana mme go dira gore ba nne le mekgwa ya boitshwaro e e tshwanang le ya batho ba ba tshwakgotsweng . . . Ditlhaloganyo tsa bone di tlwaela thata go reetsa le go lebelela dilo—mme fa dilo tseno di seyo ga ba itse gore ba ka dira eng.”—Mali Mann, M.D.

RE TSHELA mo lefatsheng le le gatelang pele mo thekenolojing ya tlhaeletsano le Internet. Basha ba le bantsi ga ba kgone go tswa mo gae ba sa tshwara sedirisiwa sengwe sa ileketeroniki se se tshwarwang ka letsogo kgotsa founo ya selula. Mme e re ka didirisiwa tseno le tse dingwe di nna le tlhotlheletso e kgolo, e nna tsa mefuta e e farologaneng thata e bile di ja madi a a kwa tlase, go anama ga thekenoloji ya tlhaeletsano go ka nna ga oketsega fela mme seo se bakela batsadi dikgwetlho tse di oketsegileng malebana le go tlhokomela bana ba bone, go ba thapisa le go ba kgalemela.

Batsadi ba ka kgona go lebana le dikgwetlho tseo fa ba dira dilo di le pedi tse di botlhokwa. Sa ntlha: Lemoga boammaaruri jwa mafoko a a latelang a a mo Baebeleng mo go Diane 22:15 a a reng: “Bana botlhe ke dieleele mme go ba naya kotlhao e e tlhomameng go ka dira gore ba fetoge.” (Contemporary English Version) Sa bobedi: Tlhaloganya gore thekenoloji e ka tlhotlheletsa bana ba gago ka tsela e e siameng kgotsa e e sa siamang mme o leke go dira gore e nne e e siameng.

Simolola ba sa Ntse ba le Bannye!

Mo malapeng a le mantsi, thelebishene ke yone e dirang gore ngwana a simolole go tlwaelana le thekenoloji. Tota e bile, gantsi thelebishene e nna motlhokomedi wa ngwana. Le fa go ntse jalo, bomankge bangwe ba malwetse a tlhaloganyo ba akanya gore fa ngwana a lebelela thelebishene a sa ntse a le monnye kgotsa a e lebelela thata, go ka dira gore a se ka a rata go ikatisa mmele le gore a se ka a tlhaloganya gore dilo tsa mmatota le tse e seng tsa mmatota ke eng. E bile go ka baka mathata a maikutlo mme moragonyana fa a le kwa sekolong a ka nna a se ka a kgona go reetsa ka kelotlhoko. Dr. Mali Mann, a re: “Bana bangwe ba ka nna ba bo ba tlhalosiwa ka tsela e e sa tshwanelang jaaka ba ba nang le Attention Deficit Disorder [ADD] (Bokoa Jwa go sa Kgone go Tlhwaya Tsebe) kgotsa Attention Deficit Hyperactivity Disorder [ADHD] (Bokoa Jwa go sa Kgone go Tlhwaya Tsebe le Matlhagatlhaga a a Feteletseng), mme e bile ba ka nna ba tlhalosiwa ka phoso gore ba na le bolwetse jwa bipolar.” Ka jalo, bomankge bangwe ba akantsha gore bana ba ba kafa tlase ga dingwaga di le pedi ba se ka ba lebelela thelebishene.

Mmueledi wa Thuto ya Kalafo ya Bana wa kwa Amerika e bong Dr. Kenneth Ginsburg a re: “Selo se se botlhokwa thata se se diregang mo dingwageng tsa ntlha tsa botshelo jwa bana ke go nna le kamano e e nonofileng le batsadi ba bone.” Kamano eo e nna teng fa batsadi ba bua le bana ba bone ba tshameka le bone le go ba balela. Mme jaaka batsadi ba le bantsi ba itse, bana ba ba balelwang ka metlha ba nna le lorato lwa go bala, e leng selo se se botlhokwa thata.

Boammaaruri ke gore, go nna le kitso ya dikhomputara le thekenoloji e e tsamaisanang le tsone go ka tswa go le botlhokwa mme e bile e le selo se se tlhokegang mo dimilioneng tsa bana. Mme fa o lemoga gore bana ba gago ba tlhoma mogopolo thata mo dikhomputareng, mo metshamekong ya dikhomputara, mo Internet le mo dilong tse di ntseng jalo, go ka nna botlhale gore o dire gore ba kgatlhegele dilo tse dingwe tse di farologaneng. Jang? Ke eng o sa dire gore ba simolole go ithuta tiro nngwe ya diatla e e kgatlhang kgotsa go dirisa seletswa sengwe sa mmino—le fa e le eng se se siameng se se ka tswang se farologane, se se ngokang kgatlhego e bile se dira gore ba akanye?

Go dira sengwe se se tlhophilweng sentle go ka thusa thata go na le gore e nne go dira sengwe se se farologaneng se se lapolosang. Mme gape go ka thusa ngwana wa gago gore a nne le bopelotelele, a nne le boikemisetso, a nne le boikgapo e bile a kgone go itirela dilo—dinonofo tse di leng botlhokwa gore motho a atlege mo botshelong, jo mo go jone go rarabolola mathata go seng motlhofo jaaka go tobetsa konopo mo khomputareng.

Bana ba Tlhoka “Botlhale le Bokgoni Jwa go Akanya”

Mo Baebeleng bagolo le bana ba kgothalediwa gore ba nne le ‘maatla a go akanya,’ kgotsa bokgoni jwa go akanya. (Baroma 12:1; Diane 1:8, 9; 3:21) Mme seno, se tla re thusa go farologanya e seng fela se se siameng mo go se se sa siamang mme gape le gore re farologanye se se botlhale mo go se se seng botlhale. Ka sekai, ga se selo se se seng kafa molaong go senya diura di le dintsi o tshameka metshameko ya khomputara kgotsa o lebeletse thelebishene, mme a go botlhale? Ga se selo se se seng kafa molaong go reka didirisiwa tsa ileketeroniki tsa bosheng kgotsa dithulaganyo tsa khomputara (software), mme a seno le sone se tla bo se le botlhale? Ka jalo he, a o ka kgona go thusa bana ba gago gore ba dire ditshwetso tse di botlhale malebana le thekenoloji?

◼ Tlhalosa dikotsi tsa gone. Fa go tla mo kgannyeng ya thekenoloji le Internet, bana ba ka ithuta ka bonako, mme e re ka ba se na botlhale e bile ba se na maitemogelo ba bonala ba tsietsega motlhofo. Ka gone, ba bontshe dikotsi tse ba tshwanetseng go di tila le gore ba ka di tila jang. Ka sekai, akanya ka mafelo a go dira ditsala mo Internet. Gone ke boammaaruri gore mafelo ao a ka dira gore bana ba kgone go itlhalosa gore ke bomang le gore ba ikgolaganye le basha ba bangwe, mme mafelo ano a a mo khomputareng gape ke mo dilalome tsa tlhakanelodikobo le ba bangwe ba ba nang le maitlhomo a a sa siamang ba batlang bana gone gore ba ba gobatse.a (1 Bakorintha 15:33) Ka jalo, batsadi ba ba kelotlhoko ba rotloetsa bana ba bone gore ba se ka ba tlhalosa tshedimosetso ya bone mo Internet.b

Gone ke boammaaruri gore bana ba na le tshwanelo ya gore dilo tsa bone di tlotliwe go ikaegile ka gore ba na le maikarabelo go le kana kang. Mme jaaka motsadi, o na le taolo e o e filweng ke Modimo le boikarabelo jwa go ruta le go kaela bana ba gago. (Diane 22:6; Baefeso 6:4) Gongwe ba ka lemoga gore o tshwenyegile ka bone e seng ka go bo o batla fela go itshunya nko go sa tlhokege mme e le ka go bo o ba rata go tswa pelong.

Mme o ka nna wa re: “Mme gone, nka thusa jang bana ba me fa ke sa tlhaloganye didirisiwa tse ba di dirisang?” Ke eng o sa ithute dilo tsa motheo ka tsone? Melba yo a leng mo dingwageng tsa gagwe tsa bo90, o ne a ise a ko a ame khomputara go fitlha a nna dingwaga tse di fetang 80. A re: “Fa ke ne ke leka la ntlha go dirisa selo seno, ke ne ka batla go se latlha ka fensetere. Mme morago ga dikgwedi di le mmalwa ke ne ka tlhaloganya gore se dirisiwa jang mme gone jaanong ke kgona go dirisa e-mail le go dira dilo tse dingwe motlhofo fela.”

◼ Tlhoma ditekanyetso tse di tshwanelang tsa kafa ngwana wa gago a dirisang thekenoloji ka teng. Fa ngwana wa gago a itlhaola ka diura di le dintsi a ntse a lebeletse thelebishene, a fenyenkolola Internet kgotsa a tshameka metshameko ya khomputara, ke eng o sa dire gore go nne le mafelo le dinako tse ka tsone go sa dirisiweng didirisiwa tsa thekenoloji mo lelapeng? Seno se ka thusa morwao kgotsa morwadio gore a ithute botlhokwa jwa go latela molaomotheo ono wa Baebele: “Sengwe le sengwe se na le nako e se e tlhometsweng.” Seo se raya gore go na le nako ya lelapa, nako ya ditsala, nako ya go dira tiro ya sekolo e e direlwang kwa gae, nako ya go ja, nako ya go ikatisa jalo le jalo. (Moreri 3:1) Fa go na le melao e e tekatekano, e e latelwang ka metlha, go dira gore botshelo jwa lelapa bo nne le thulaganyo e bile go thusa gore bana ba nne le maitseo a mantle, ba akanyetse ba bangwe le gore ba kgone go dirisana le ba bangwe.

Mo setlhogong sa bofelo sa motseletsele ono, re tla sekaseka melaometheo mengwe e e ka re thusang rotlhe—bagolo le bana—go dirisa thekenoloji e seng fela ka tsela e e supang go akanyetsa ba bangwe mme gape ka tsela ya go somarela.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Batsadi ba tla go fitlhela go le mosola go bala setlhogo se se jaaka se se reng “Bana ba ba Dirisang Internet—Se Batsadi ba Tshwanetseng go se Itse,” se se mo makasineng wa Tsogang! wa October 2008. Mo dimakasineng tseno tsa March le December 2007 le January 2008, o tla fitlhela ditlhogo tse di mosola tse di buang ka ditshwantsho tse di hepisang, metshameko ya bidio le Internet.

b Basha bangwe ba dingwaga tsa bolesome ba dirisa difouno tsa selula gape go romelela ditsala tsa bone ditshwantsho tse ba itsereng tsone tse di tlhabisang ditlhong. Mokgwa ono ga o tlhabise ditlhong fela mme gape ke wa boeleele, ka gonne go sa kgathalesege gore motho yo o di romelang o ne a ikaeletse eng ka tsone, gantsi ditshwantsho tseo di bontshiwa batho ba bangwe.

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Bana ba tlhoka go nna ba dira dilo tse dintsi tse di farologaneng gore ba tle ba kgone go ithuta mo gontsi le go tlhagolela bopelotelele le go nna le boikemisetso

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela