Go Anama ka Bonako ga Thekenoloji
KWA Albania go tlwaelegile go bona motho yo o godileng a palame tonki a ntse a bua mo founong ya selula. Kwa India mokopi a ka nna a tlogela go kopa go sekaenyana gore a tle a leletse mongwe mogala kgotsa a arabe founo ya gagwe. Ee, go tloga ka difouno tsa selula go ya go dikhomputara go ya go dithelebishene, thekenoloji e gongwe le gongwe fela mo lefatsheng—mme e fitlha tota le mo bathong ba ba humanegileng—e bile ke tsela ya botshelo jwa ba le bantsi.
Gongwe go anama ga thekenoloji go bonala thata ka go oketsega ga difouno tsa selula, tse bontsi jwa tsone e sa tlholeng e le difouno fela. Mefuta ya maemo a a kwa godimo ya difouno tseno e dira gore beng ba tsone ba kgone go dirisa Internet, go romela le go amogela di-e-mail le melaetsa, go lebelela thelebishene, go reetsa mmino, go tsaya ditshwantsho, go dirisa thulaganyo ya Global Positioning System (GPS) le—ee,—go founela mongwe!
Go ya ka pego nngwe mo lokwalodikgannyeng lwa Washington Post, founo ya maemo a a kwa godimo e e kgonang go dirisediwa metswedi e e farologaneng ya tshedimosetso “gone jaanong e kgona go fitlhelela dilo tse dintsi go feta kafa North American Air Defense Command e neng e kgona go di fitlhelela ka 1965.” Lokwalodikgang lwa Post lo bolela gape jaana: “Gone jaanong motho a le mongwe mo bathong bangwe le bangwe ba le babedi mo Lefatsheng, o na le founo ya selula” mme bobotlana dinaga di le 30 di na le difouno tsa selula tse dintsi go gaisa batho. Lokwalodikgang loo lwa re, ee ruri, re bona go “anama ka bonako thata ga thekenoloji epe fela e e kileng ya nna teng mo lefatsheng mo hisitoring ya batho.”
Mo lefatsheng lotlhe, mo e ka nnang diperesente di le 60 tsa batho ba ba dirisang founo ya selula ba nna mo dinageng tse di tlhabologang, mme seno se dira gore founo ya selula e nne mofuta wa thekenoloji ya maemo a a kwa godimo ya tlhaeletsano e e leng teng, e e dirisiwang ke batho ba le bantsi mo dinageng tseo. Ka sekai, ka 2008 kwa Afghanistan, badirisi ba difouno tsa selula ba ile ba oketsega ka mo e ka nnang ka ba le 140 000 ka kgwedi, fa mo dingwageng tsa bosheng Afrika e ile ya nna le koketsego ya diperesente tse di ka nnang 50 ka ngwaga tsa badirisi.
Mme le fa go ntse jalo, didirisiwa tseno tsa maemo a a kwa godimo tsa tlhaeletsano le tsone di na le mathata a tsone. Difouno tsa selula, di-pager le dikhomputara tsa di-laptop di dira gore batho ba kgone go fitlhelelwa nako nngwe le nngwe fela, gongwe le gongwe, mme seo se dira gore badirisi bangwe ba ikutlwe gore ga ba kgone go tswa mo mafaratlhatlheng ano a thekenoloji. Kafa letlhakoreng le lengwe, go na le “batho ba ba tshwakgotsweng” ke thekenoloji ba ba ikutlwang ba patelesega gore ba bo ba ikgolaganye le mongwe, gore ba tle ba itse gore go diragala eng.
“Go tshwakgolwa,” go iteega tsebe, go kgoreletsega—gongwe ano ke mathata a a lemotshegang thata a a amanang le thekenoloji ya tlhaeletsanoa le ya metswedi ya tshedimosetso e e ratiwang thata. Mme tsone didirisiwa tseo di na le tlhotlheletso e kgolo e e mosola. Ka jalo he, o ka di dirisa jang ka tsela e e tekatekano, e e botlhale le e e supang go akanyetsa ba bangwe? Ditlhogo tse di latelang di tla sekaseka potso eno.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Motseletsele ono wa ditlhogo o bua thata ka didirisiwa tse di jaaka difouno tsa selula, dikhomputara, thelebishene mmogo le Internet. Ntle le fa go kailwe ka tsela e nngwe, lefoko “thekenoloji” le kaya didirisiwa tseno.