A ke Tshegofatso Kgotsa ke Phutso?
Koloi e tswa mo taolong mme mokgweetsi o thula pale ya lobone, a bo a gobatsa mopalami thata. Ka bonako fela o dirisa founo ya gagwe ya selula go batla thuso. Mme ke ka ntlha yang fa koloi ya gagwe e ile ya tswa mo taolong? O ile a tlosa matlho a gagwe go se kae mo tseleng gore a arabe founo ya gagwe.
JAAKA sekai seno se bontsha, didirisiwa tsa thekenoloji ya segompieno e ka nna tshegofatso kgotsa phutso—go ikaegile ka gore rona re di dirisa jang. Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ba ka se ka ba batla go boela ba dirisa gape didirisiwa tsa bogologolo. Ka sekai, dikhomputara di re thusa gore re se ka ra dira ditiro ka tsela e e lapisang, di dira gore re kgone go reka le go dirisa banka mo khomputareng, e bile di re thusa gore re nne re ikgolaganya le ba bangwe ka e-mail, voice mail kgotsa ka bidio.
Gautshwane jaana, maloko a lelapa a ne a kgaogana mo mosong mme a bo a sa kgone go buisana go fitlha maitseboa. Pego nngwe e e tswang mo lokwalodikgannyeng lwa USA Today e bolela gore gone jaanong, “diperesente di le 70 tsa banyalani ba ka bobedi ba nang le difouno tsa selula ba kgona go ikgolaganya le yo mongwe letsatsi le letsatsi fela gore ba dumedisane, diperesente di le 64 tsa bone ba ikgolaganya le yo mongwe gore ba dire dithulaganyo dingwe mme diperesente di le 42 tsa batsadi ba ikgolaganya le bana ba bone letsatsi le letsatsi ba dirisa founo ya selula.”
O se Ka wa Letla Selo se se Mosola e Nne Bothata
A go dirisa thekenoloji thata kgotsa ka tsela e e sa tshwanelang go ka go gobatsa mo tlhaloganyong le mo mmeleng? Akanya ka sekai sa banyalani ba basha mo nageng nngwe ya kwa Bophirima. Go ya ka pego nngwe ya dikgang, ba ne ba “bua ka founo ya selula ka dinako tsotlhe—ba le mo dikoloing tsa bone, kwa lefelong le ba ikatisetsang kwa go lone, tota le e leng go buisana ka difouno ba le mo diphaposing tse di farologaneng tsa ntlo ya bone.” Ka dinako tse dingwe ba ne ba dirisa difouno tsa bone ka metsotso e e ka nnang 4 000—diura tse di fetang di le 66—ka kgwedi mme ba ne ba bolela gore ga ba kgone go dira sepe kwantle ga difouno tsa bone. Dr. Harris Stratyner mankge mongwe wa malwetse a tlhaloganyo o ne a bolela gore ba na le “matshwao a a tlwaelegileng a go tshwakgolwa. Go ntse jaaka e kete kamano ya bone e theilwe mo go diriseng sedirisiwa sengwe.”
Go ka bonala sekai seo se feteletsa dilo, mme se bontsha mokgwa o o tlwaelegileng o o dirang gore re tshwenyege. Batho ba le bantsi ba go fitlhela go le thata go amogela fela kakanyo ya gore ba tla bo ba sa kgone go ikgolaganya le ope le e leng ka ura e le nngwe fela. Mosadi mongwe yo o mo dingwageng tsa gagwe tsa bo20 o ne a re: “Ka metlha re tshwanetse gore re tlhole gore a re na le melaetsa ya e-mail, re nna re dirisa Internet, kgotsa re romelelana melaetsa le ditsala tsa rona.”
Dr. Brian Yeo mo go The Business Times of Singapore o bolela gore fa e le gore go dirisa didirisiwa tsa ileketeroniki “go go jela nako e ntsi mme e nna sengwe se o ratang go se dira mo botshelong jwa gago go feta dilo tsotlhe tse dingwe, seo ke letshwao le le tlhomamisang gore tota go na le sengwe se se phoso mo go wena.” Mo godimo ga moo, batho ba ba itlhaolang ka diura di le dintsi ba dirisa didirisiwa tsa ileketeroniki, gantsi ga ba ikatise ka tsela epe mme ba mo kotsing ya go nna le bolwetse jwa pelo, bolwetse jwa sukiri kgotsa malwetse a mangwe a a masisi.
Dikotsi tse dingwe di direga ka bonako. Ka sekai, fa e tlhalosa ka difouno tsa selula, patlisiso nngwe ya bosheng e ne ya swetsa ka gore bakgweetsi ba ba buang ka difouno tsa selula ba di tshwere ka letsogo kgotsa ba dirisa didirisiwa tse di sa tlhokeng gore o di tshware ka letsogo ba tshwana fela le bakgweetsi ba ba tagilweng! Go kwala molaetsa fa o ntse o kgweetsa go ka nna kotsi thata mme patlisiso nngwe e ile ya fitlhela gore mo e ka nnang diperesente di le 40 tsa bakgweetsi ba ba fa gare ga dingwaga di le 16 le 27 ba kwala melaetsa ka difouno tsa selula ba ntse ba kgweetsa. Mme fa o raelesega go dirisa founo ya selula go bua kgotsa go kwala molaetsa fa o ntse o kgweetsa, gakologelwa gore fa o ka dira kotsi, mapodise le khampani ya gago ya inshorense ba ka nna ba tlhatlhoba gore o dirisitse founo ya gago ya selula leng metsotswana pele ga kotsi. Go letsa mogala kgotsa go kwala fela molaetsa ka founo go ka nna kotsi thata!a Patlisiso e e neng ya dirwa mo kotsing ya terena e e neng ya bolaya batho ba le 25 ka 2008 kwa California, U.S.A., e ile ya bontsha gore moenjenere o ne a rometse molaetsa ka founo metsotswana fela pele ga kotsi eo. Mme ga a ka a gata le mariki.
E re ka go na le palo e e ntseng e oketsega ya bana ba ba dirisang difouno tsa selula le dikhomputara le dilo tse dingwe tsa go ikentsha bodutu tsa ileketeroniki, ba tlhoka go ithuta go dirisa didirisiwa tseno ka botlhale le ka tsela e e supang gore ba na le maikarabelo. Ba ka thusiwa jang? Tsweetswee bala setlhogo se se latelang.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Botlhe ba ba lekang go tshela ka dithuto tsa Baebele ba tshwanetse segolobogolo ba tshwenyege ka gore ba se ka ba itewa tsebe ke sepe mo seemong sepe fela se se ka nnang kotsi.—Genesise 9:5, 6; Baroma 13:1.
[Setshwantsho mo go tsebe 5]
A go nna o dirisa didirisiwa tsa ileketeroniki go go jela nako e ntsi?