Lebokoso la Dipotso
◼ Ke melaometheo efe ya Baebele e e ka dirisiwang malebana le go dirisiwa ga difouno tsa selula fa re le mo dipokanong tsa Bokeresete le fa re le mo bodireding?
“Sengwe le Sengwe Se na Le Nako E se E Tlhometsweng.” (Mor. 3:1): Difouno tsa selula di dira gore batho ba kgone go kwalelana melaetsa le go bua le ba bangwe mo e ka nnang nako nngwe le nngwe. Le fa go ntse jalo, go na le dinako tse Bakeresete ba sa batleng go itewa tsebe ke difouno tsa bone. Ka sekai, dipokano tsa rona ke nako ya go obamela Jehofa, go rutiwa dilo tsa semoya le go kgothatsana. (Dute. 31:12; Pes. 22:22; Bar. 1:11, 12) A re ka tima difouno tsa rona fa re goroga kwa dipokanong mme re bale melaetsa ya rona fa dipokano di tswa? Fa e le gore go ka nna le molaetsa wa tshoganyetso, ga re tlhoke go tima founo mme re tshwanetse go dira gore e se ka ya itaya ba bangwe tsebe.
“Dira Dilo Tsotlhe ka Ntlha ya Dikgang Tse di Molemo.” (1 Bakor. 9:23): Ka dinako tse dingwe, go a tlhokega gore re dirise difouno tsa selula mo bodireding. Ka sekai, mokaulengwe yo o eteletseng pele a ka e dirisa go tlhola bakaulengwe ba ba rerang mo dikarolong tse dingwe tsa tshimo. Ka dinako tse dingwe baboledi ba dirisa difouno tsa selula go leletsa batho ba ba kgatlhegang kgotsa batho ba ba ithutang Baebele le bone pele ga ba ba etela, segolobogolo fa e le gore batho bao ba nna kgakala. Fa re tshwere difouno tsa rona, re tshwanetse go dira gore di se ka tsa re kgoreletsa fa re bua le mong wa ntlo. (2 Bakor. 6:3) Fa re ntse re letile baboledi ba bangwe, go na le go dirisa founo kgotsa go kwalela tsala molaetsa, a go ka se nne botoka gore re tlhome mogopolo mo bodireding le mo bathong ba re berekang le bone?
Akanyetsa ba Bangwe. (1 Bakor. 10:24; Bafil. 2:4): Ga re batle go tsaya dilo motlhofo ka go nna thari mo dipokanong tsa tirelo ya tshimo re akanya gore ka metlha re tla leletsa mongwe kgotsa re tla mo kwalela molaetsa re mmotsa gore setlhopha se rera kae. Fa re fitlha thari, gantsi setlhopha se tshwanetse go rulaganngwa sesha. Gone ke boammaruri gore maemo a re sa kgoneng go a laola ka dinako tse dingwe a ka dira gore re nne thari. Ka jalo, fa re itlwaetsa go tla ka nako, re bontsha gore re tlotla thulaganyo ya ga Jehofa, mokaulengwe yo o eteletseng pele le baboledi mmogo le rona.