LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 7/02 ts. 3
  • Lebokoso la Dipotso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lebokoso la Dipotso
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—2002
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Anama ka Bonako ga Thekenoloji
    Tsogang!—2009
  • Lebokoso la Dipotso
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2013
  • A Founo ya Selula e Mosola Kgotsa E ka Go Gobatsa?
    Tsogang!—2005
  • A ke Tshegofatso Kgotsa ke Phutso?
    Tsogang!—2009
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—2002
km 7/02 ts. 3

Lebokoso la Dipotso

◼ Ke eng se re tshwanetseng go se gakologelwa fa re dirisa difouno tsa cellular le di-pager?

Didirisiwa tseno di dira gore re kgone go ikgolaganya le ba bangwe re le gongwe le gongwe. Le fa difouno tsa cellular le di-pager di le mosola, re tshwanetse go nna kelotlhoko gore re se ka ra di dirisa ka dinako tse di sa tshwanelang, tse di tla dirang gore re iteege tsebe fa re le mo bodireding kgotsa kwa dipokanong tsa Bokeresete. Seno se ka direga jang?

Akanya fela gore go ne go tla diregang fa founo ya rona ya cellular kgotsa pager e ne e ka lela re le mo tirelong ya tshimo re neela mongwe bosupi. Mong wa ntlo o ne a tla akanya eng ka rona? O tla re tsaya jang fa re ne re ka emisa go bua le ene re ya go araba founo? Ga re batle go dira sepe fela se se tla dirang gore ba bangwe ba se ka ba reetsa molaetsa wa Bogosi. (2 Bakor. 6:3) Ka jalo, fa re tshwere founo ya cellular kgotsa pager, re tshwanetse go e tima gore e se ka ya re itaya tsebe fa re le mo tirelong ya tshimo.

Go tweng fa re letile, fa yo mongwe a sa ntse a neela bosupi? Fa re beetse nako ya tirelo ya tshimo kwa thoko, a ga re a tshwanela go tlhoma mogopolo wa rona mo tirong eo? Tsweetswee a re direng ditiro tse dingwe tsa botho tse di sa tlhokegeng ka nako nngwe e sele go bontsha gore re tlotla tirelo ya rona e e boitshepo. (Bar. 12:7) Gone ke boammaaruri gore seno ga se ne se raya gore re se ka ra dirisa founo go neela bosupi jo bo oketsegileng kgotsa go rulaganya nako ya go dira jalo.

Re tshwanetse go nna kelotlhoko thata gore re se ka ra dirisa difouno tsa cellular fa re kgweetsa, e re ka dipatlisiso dingwe di bontsha gore go dira jalo, go baka dikotsi di le dintsi tsa mo tseleng. Mo Afrika Borwa molao ga o letlelele gore motho a dirise founo ya cellular a ntse a kgweetsa, ntle le fa a na le sedirisiwa sa go e dirisa a sa e tshwara. Re tshwanetse go latela molao ono ka kelotlhoko.

Re tla mo dipokanong tsa Bokeresete, mo dikopanong tse dinnye le tse dikgolo go obamela Jehofa le go rutwa ke ene. A go anaanela ga rona boitshepo jwa dipokano tseno ga go a tshwanela go re tlhotlheletsa gore re time difouno tsa rona tsa cellular le di-pager gore di se ka tsa itaya rona le ba bangwe tsebe? Fa go na le lebaka lengwe la botlhokwa le re tlhokang go le tlhokomela ka tshoganyetso, re tshwanetse go dira jalo ka kwa ntle ga lefelo la dipokano. Go seng jalo, re tshwanetse go rulaganyetsa go tlhokomela mabaka a rona a botho ka dinako tse e seng tsa kobamelo.—1 Bakor. 10:24.

E kete tsela e re dirisang difouno tsa cellular ka yone kgotsa didirisiwa tse dingwe tsa tlhaeletsano, ka metlha go ka bontsha gore re akanyetsa ba bangwe le gore re anaanela dilo tsa semoya thata.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela