Dirisa Thekenoloji ka Tsela e e Supang go Akanyetsa Le ka Go Somarela
Katherine yo o mo dingwageng tsa bo20 o dirisa khomputara kwa tirong. Mme fa a le kwa gae o iphitlhela gangwe le gape a fenyenkolola Internet, a reka dilwana ka go dirisa Internet le go nna a romela le go araba di-“e-mail” tse dintsintsi. Le fa go ntse jalo, tsela e a neng a dirisa thekenoloji ka yone e ne e le tekatekano fa e bapisiwa le badirimmogo ka ene ba babotlana mo go ene. O botsa jaana: “Ke eng fa ba nna ba ntshwenya ka melaetsa e e seng botlhokwa? Ke eng ba sa bue le nna ka founo?”
POTSO ya ga Katherine e a gakgamatsa ka gonne founo le yone ke sengwe se o ikgolaganyang le motho ka sone o sa bue le ene ka tlhamalalo. Le fa go ntse jalo, Katherine o na le ntlha: Didirisiwa tse dintsi tsa ileketeroniki tse di neng di diretswe go golaganya batho, totatota, di dirile gore batho ba se ka ba atamalana. Go go thusa gore o dirise thekenoloji ka tsela e e tekatekano, akanyetsa melaometheo ya Baebele e e latelang.
◼ “Jalo, dilo tsotlhe tse lo batlang batho ba di lo direla, le lona lo tshwanetse go di ba direla ka tsela e e tshwanang.” (Mathaio 7:12) Fa re dirisa mafoko ao a ga Jesu Keresete malebana le tsela e re dirisang difouno tsa selula le dikhomputara tsa rona ka yone, re tlotla batho ba bangwe e bile ke go nna le maitseo. Mosadi mongwe yo o bidiwang Anne a re: “Nna le monna wa me re ne re le kwa resetšhurenteng. Mme go ne go na le banna ba babedi ba ba neng ba ja mmogo mo tafoleng e e neng e lebagane le ya rona. Le fa go ntse jalo, mongwe wa bone o ne a bua mo founong ya gagwe ya selula nako yotlhe, a bua a ntse a ja. Re ne ra utlwela tsala ya gagwe botlhoko ka gonne e ne e ja ‘e le nosi.’” O ne o ka ikutlwa jang fa o ne o le tsala eo? A o ne o tla utlwa botlhoko? A o ne o tla kgopisega? Ee, lebaka la go bo re kgona go dirisa founo ya selula mo e ka nnang gongwe le gongwe le ka nako nngwe le nngwe ga go reye gore re tshwanetse go dira jalo. Mafoko a ga Jesu a tshwanetse go nna molaomotheo o o re kaelang.
◼ “Nnang lo tlhokometse ka kelotlhoko e kgolo gore kafa lo tsamayang ka gone ga se jaaka batho ba ba seng botlhale mme ke jaaka ba ba botlhale, lo ithekela nako e e lo siametseng.” (Baefeso 5:15, 16) Nako ke mpho e e botlhokwa e e tswang go Modimo mme ga re a tshwanela go e senya. Gone ke boammaaruri gore thekenoloji e ka boloka nako. Ka sekai, Internet e ka akofisa go dira dipatlisiso, go banka madi le go reka dilwana. Mme gape e ka re utswetsa nako fa re senya diura di le dintsi re ntse re e fenyenkolola.
Selo se sengwe gape se se ka senyang nako ke go dira dilo di le dintsi ka nako e le nngwe—go bereka mo khomputareng fa o ntse o lebeletse thelebishene e bile o bua mo founong kgotsa ka sekai, o ntse o lebelela di-e-mail mme ka nako e e tshwanang o berekana le dithulaganyo tse dingwe mo khomputareng. Ke eng fa go dira dilo tse dintsi ka nako e le nngwe go ka senya nako?
Moitse mongwe wa thulaganyo ya ditshika tsa boboko e bong Dr. Jordan Grafman o bolela jaana: “Ga go kgonege gore motho a tlhaloganye tiro epe sentle fa a dira dilo di le dintsi ka nako e le nngwe.” Ga re kgone go tlhoma mogopolo mo dilong di le dintsi ka nako e le nngwe; se sengwe sa tsone o ka se se dire sentle. Ka jalo, go dira dilo di le dintsi ka nako e le nngwe go ka felela ka gore o se ka wa di dira ka botlalo le gore o se ka wa tlhoma mogopolo sentle mo go tsone. Pego nngwe go tswa go makasine wa Time e bolela gore, gape, go nna o fetofetola mogopolo wa gago ka bonako gore o dire sengwe se sele go dira gore o dire diphoso tse dintsi le go feta mme go ka tsaya “nako e e oketsegileng thata—e gantsi e menaganeng gabedi kgotsa go feta—go dira ditiro tse di rileng go na le fa o ne o ka di dira ka go latelana.” Ka jalo, akanya gape pele ga o dira dilo tse dintsi ka nako e le nngwe; letsatsi la gago ga le leleele go le kalo!
◼ “Lo itise kgatlhanong le keletso ya bopelotshetlha ya mofuta mongwe le mongwe, ka gonne le e leng fa motho a na le letlotlo botshelo jwa gagwe ga bo nne gone ka ntlha ya dilo tse a di ruileng.” (Luke 12:15) Dithoto, le fa di ka tswa di tura jang kgotsa di le dintle jang, di ka se re neye botshelo kgotsa boitumelo jwa mmatota. Ke Modimo fela yo a ka kgonang. Jesu o ne a re: “Go itumela ba ba tshwenyegang ka se ba se tlhokang semoyeng.” (Mathaio 5:3) Kafa letlhakoreng le lengwe, ba tsa kgwebo ba dira e kete go nna le dithoto go dira gore motho a itumele. Ba re, ‘reka, reka, reka. O tshwanetse go nna le dilo tsa bosheng.’ O se ka wa tsietsega. Go na le moo, nna botlhale. Sekaseka maitlhomo a gago pele ga o senya madi a gago a o a bereketseng ka thata. Gakologelwa gape gore didirisiwa tse dintsi tsa thekenoloji ya maemo a a kwa godimo di felelwa ke boleng jwa tsone ka bonako. Ka jalo, fa o tlhoka sedirisiwa se se rileng, ipotse jaana: ‘A ke tlhoka sa bosheng jaana? Mme a ke tlhoka se se nang le dilonyana tse dintsi tse di turang, tse go ka diregang gore ke se ka le ka motlha ka di dirisa?’
Tshegofatso Kgotsa Phutso —Tlhopho ke ya Gago
Katherine, yo o umakilweng pelenyana, o ne a tlhobaela fa khomputara ya gagwe ya kwa gae e ne e senyegile. A re: “La ntlha ke ne ke gamaregile, mme ke ne ka swetsa gore ke se ka ka reka e nngwe ka bonako. Morago ga kgwedi, ke ne ke ritibetse e bile ke ne ke bala mo go oketsegileng. Ke dirisa khomputara fa ke le kwa tirong, ka jalo, ke sa ntse ke kgona go ikgolaganya le ditsala tsa me morago ga tiro. Mme ga ke tlhole ke ikutlwa ke patelesega go nna ke dirisa khomputara. Thekenoloji ga e tlhole e laola botshelo jwa me.”
Gone ke boammaaruri gore didirisiwa di le dintsi tsa saense le tsa thekenoloji di mosola e bile di ka re bolokela nako le maatla. Ka jalo, di dirise fa go tlhokega mme dira jalo ka tsela e e supang gore o na le maikarabelo le gore o akanyetsa ba bangwe. Jang? Dira gore batho ba tle pele ga thekenoloji. Tila go senya nako e e botlhokwa le madi mo didirisiweng tsa ileketeroniki kgotsa mo dithulaganyong tsa khomputara (software) tse o sa di tlhokeng. O se ka wa dirisa Internet le metswedi e mengwe ya tshedimosetso go lebelela dilo tse di leswe tsa boitsholo jo bo sa siamang le thubakanyo. Mme o se ka wa “tshwakgolwa” ke thekenoloji. Ka bokhutshwane, nna botlhale—dirisa melaometheo e e tlhotlheleditsweng e e itshupileng fa e le mosola e e fitlhelwang mo Lefokong la Modimo le le kwadilweng e leng Baebele e e Boitshepo. Ee “Jehofa o naya botlhale; mo molomong wa gagwe go na le kitso le temogo.”—Diane 2:6.
[Lebokoso mo go tsebe 9]
DIFOUNO TSA SELULA, DIKHOMPUTARA LE MAITSEO
O ka dirisa jang founo ya gago ya selula le khomputara ka tsela e e supang gore o akanyetsa ba bangwe? Akanya ka dikakantsho tse di latelang.
◼ Tila go araba kgotsa go leletsa mongwe mogala fa e le gore o tla itaya ba bangwe tsebe. Tima founo ya gago fa go tlhokega.
◼ O se ka wa letla founo ya gago go kgoreletsa metlotlo e e botlhokwa kwantle fela ga fa go tlhokega tota.
◼ Fa o bua ka founo, reetsa motho yo o buang le ene ka kelotlhoko.
◼ O se ka wa tsaya motho setshwantsho ka founo ya gago ya selula fa e le gore e tla bo e le go tlhoka maitseo kgotsa fa e le gore go tla tlhabisa motho yoo ditlhong.
◼ Tila thaelo ya go batla go fetisa e-mail nngwe le nngwe e e “kgatlhang” e o e amogelang. Batho ba ba e amogelang ba ka nna ba se ka ba e anaanela.