LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 4/11 ts. 18-20
  • Ke Tsena fa Kae?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Tsena fa Kae?
  • Tsogang!—2011
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • SEKGORELETSI 1: Go itlhaola
  • SEKGORELETSI 2: Go gagamalela go tshwanelega
  • Tsaya Kgato
  • Ke Dire Eng fa Batho Bangwe ba sa Nkamogele Jaaka ke Ntse?
    Basha ba Botsa Jaana
  • Ke Ka Ntlha Yang Fa Ke Sa Tsamaisane le Ba Bangwe?
    Tsogang!—1991
  • Ke Eng fa ka Metlha ke Kgaphelwa Kwa Thoko?
    Tsogang!—2007
  • A ke Tlhoka Ditsala Tse di Botoka?
    Tsogang!—2009
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2011
g 4/11 ts. 18-20

Basha ba Botsa Jaana

Ke Tsena fa Kae?

“Ke na le dingwaga di le 21. Ga go na batho ba le bantsi ba ba lekanang le nna ka dingwaga mono, ka jalo ke tshwanelwa ke go fetsa nako le bana ba sekolo se segolwane kgotsa le banyalani. Setlhopha sa ntlha se tshwenyegile ka ditlhatlhobo mme setlhopha sa bobedi se tshwenyegile ka go tlhokomela malapa le matlo a bone. Ga go na epe ya dilo tseno tse di dirang gore ke tlhorege boroko bosigo. Go ka nna molemo tota gore ke bone batho ba ba tshwanang le nna!”—Carmena

MO E ka nnang motho mongwe le mongwe, go sa kgathalesege dingwaga tsa gagwe, o batla go amogelwa ke batho ba bangwe. Ga go na pelaelo gore le wena o batla go amogelwa. Ke ka moo go utlwisang botlhoko go kgaphelwa kwa thoko le go itlhokomolosiwa, e kete ga o bonale, fela jaaka Michaela yo o dingwaga di le 15 a itlhalosa—“o motho mongwe fela yo o ntseng kwa morago.”

Gone mme fa o le Mokeresete, o na le “bakaulengwe botlhe” ba o ka itsalanyang le bone. (1 Petere 2:17) Le fa go ntse jalo, ka dinako dingwe o ka nna wa iphitlhela o sa tshwanelege. Helena yo o dingwaga di le 20, o gakologelwa jaana: “Fa re le mo tseleng go tswa kwa dipokanong tsa Bokeresete, ke ne ke nna kwa setulong se se kwa morago sa koloi ke bo ke lela. Fa ke nna ke kgaratlhela go tshwanelega, ke ne ke kgobega marapo le go feta.”

O ka dira eng fa o ikutlwa o sa tshwanelege? Go araba potso eo, sa ntlha mma re bone (1) mofuta wa batho ba go leng thata go itlwaelanya le bone le (2) kafa o itshwarang ka teng fa o na le bone.

Tshwaya ka ✔ go bapa le setlhopha se go bonalang o sa kgone go tlwaelana le sone.

1. Dingwaga

□ balekane □ basha ba bagolwane mo go wena □ bagolo

2. Se ba kgonang go se dira

Batho

□ ba e leng baatlelete □ ba ba nang le bokgoni □ ba ba botlhale

3. Botho

Batho

□ ba ba itshepang □ ba ba tumileng □ ba ba mo setlhopheng se se itsegeng

Jaanong tshwaya ka ✔ go bapa le mafoko a a tlhalosang kafa o itshwarang ka teng fa o na le batho ba o ba tlhalositseng fa godimo.

□ Ke itira e kete ke kgatlhegela dilo tse di tshwanang le tsa bone kgotsa e kete ke na le bokgoni jo bo tshwanang le jwa bone.

□ Ke itlhokomolosa dilo tse ba di kgatlhegelang mme ke bo ke bua ka dilo tse nna ke di kgatlhegelang.

□ Ke nna ke didimetse mme ke bo ke batla tshono ya go tsamaya.

E re ka jaanong o bone setlhopha sa batho ba o fitlhelang go le thata go itlwaelanya le bone le kafa o ileng wa lebana le boemo joo ka gone, re setse re siametse go bona kafa o ka tokafatsang boemo jwa gago ka teng. Le fa go ntse jalo, sa ntlha, go na le dikgoreletsi di le mmalwa tse o tlhokang go itse ka tsone le go di tila le tse di ka dirang gore o se ka wa kgona go dira ditsala.

SEKGORELETSI 1: Go itlhaola

Kgwetlho. Fa o na le batho ba ba kgatlhegelang dilo tse di sa tshwaneng le tse wena o di kgatlhegelang e bile ba na le bokgoni jo bo sa tshwaneng le jwa gago, go motlhofo gore o ikutlwe o le letlhaodi—segolobogolo fa o le ditlhong. Anita yo o dingwaga di le 18 a re: “Ke tlhoile go simolola motlotlo. Ke tshaba gore ke tla bua sengwe se se phoso.”

Se Baebele e se bolelang. “Yo o itlhaolang o tla batla tlhologelelo ya gagwe ya bopelotshetlha; o tla nna kgatlhanong le botlhale jotlhe jo bo mosola.” (Diane 18:1) Ga go na pelaelo gore go ikgogona go tla dira gore dilo di nne maswe le go feta. Tota e bile, fa o itlhaola, o tla iphitlhela o le mo modikologong o o sa itumediseng: Go jewa ke bodutu go dira gore o dumele gore ga o tshwanelege, e leng se se dirang gore o ikgogone mo go ba bangwe, e leng se se dirang gore o jewe ke bodutu, e leng se se dirang gore o dumele gore ga o tshwanelege. Mme o nna o gaeletswe mo modikologong ono, o ntse o dikologa fela jalo go fitlha o dira sengwe ka gone!

“Batho ga ba kgone go bala megopolo. Fa o sa bue gore o batla eng, o ka se ka wa se bona. Fa o itlhaola, o ka se ka wa dira ditsala. O tshwanetse go dira maiteko mangwe. Ga go a siama go akanya gore ke boikarabelo jwa motho yo mongwe go dira jalo. Mo botsalanong, go tlhokega gore batho ba babedi ba dire maiteko.”—Melinda, 19.

SEKGORELETSI 2: Go gagamalela go tshwanelega

Kgwetlho. Batho bangwe ba gagamalela gore ba amogelwe ke batho ba bangwe, mo e leng gore ba iphitlhela ba wetse mo setlhopheng se se sa siamang—ba akanya gore ditsala dingwe le dingwe di botoka go na le go sa nne le ditsala dipe. René yo o dingwaga di le 15 a re: “Ke ne ke a tle ke utlwisiwe botlhoko thata ke gore ke ne ke se mo setlhopheng se se tumileng kwa sekolong mo e leng gore ke ne ke eletsa gore ke tsene mo mathateng gore fela ba tle ba nkamogele.”

Se Baebele e se bolelang. “Yo o dirisanang le dimatla dilo ga di na go mo tsamaela sentle”—kgotsa jaaka Contemporary English Version e e ranola, “o ikutlwisa botlhoko fa o tsamaya le dieleele.” (Diane 13:20) Tlhaloganya seno sentle, “dimatla” kgotsa “dieleele” tse go buiwang ka tsone mo temaneng eno e ka tswa e se batho ba ba seng botlhale ka tsela ya mmatota. Go na le moo, e ka tswa e le baithuti ba ba botlhale thata. Mme fa e le gore ga ba tlotle melao ya Baebele, ke dieleele mo matlhong a Modimo. Mme o tla ikutlwisa botlhoko fa o itira lebodu, o nna o fetofetoga gore o tshwane le bone.—1 Bakorintha 15:33.

“Ga se mongwe le mongwe yo a ka nnang tsala ya gago. Ga o batle ditsala tse di tla dirang gore o ikutlwe o tshwanelwa ke go fetola se o leng sone fa o na le tsone. O batla ditsala tse di go ratang tota e bile e le tse di tla go emang nokeng.”—Paula, 21.

Tsaya Kgato

O se ka wa letela batho ba bangwe gore ba tle mo go wena le gore ba go laletse go nna tsala ya bone. Gene yo o nang le dingwaga di le 21 a re: “Ga re a tshwanela go lebelela gore batho ba bangwe ba dire maiteko a go itsalanya le rona. Re tlhoka go dira maiteko a go itsalanya le ba bangwe.” Fa tlase fano, go na le dikakantsho di le pedi tse di tla go thusang go dira jalo:

Batla batho ba e seng ba dingwaga tsa gago. Go bonala batho ba go buiwang ka bone mo Baebeleng e bong Jonathane le Dafide ba ne ba fetana ka dingwaga di le 30, le fa go ntse jalo, ba ile ba nna “ditsala tse dikgolo.”b (1 Samuele18:1, CEV) Re ithuta eng mo go seno? Go a kgonega go itsalanya le batho ba ba godileng! Akanya ka gone, Ke eng fa o itsalanya le setlhopha sa batho ba dingwaga tse di rileng fela mme o bo o ngongorega ka gore ga o kgone go bona ditsala? Go tla bo go tshwana le go bolawa ke tlala o le mo setlhaketlhakeng sa sekaka mme go na le ditlhapi tse di nyeumang go go dikologa! Boammaaruri ke gore, go na le batho ba ba molemo ba o ka itsalanyang le bone. Mme tsela e nngwe ya go ba bona ke ka go batla batho ba e seng ba dingwaga tsa gago.

“Mmè o ne a nkgothaletsa gore ke leke go bua le batho ba ba godileng mo phuthegong. O ne a mpolelela gore ke tla gakgamadiwa ke go bona kafa re nang le dilo tse di tshwanang ka gone. O ne a nepile, gone jaanong ke na le ditsala di le dintsi!”—Helena, 20.

Leka go nna le bokgoni jwa go simolola motlotlo. Go simolola motlotlo go tlhoka matsapa—segolobogolo fa o le ditlhong. Mme o ka kgona go go dira. Selo sa botlhokwa ke (1) go reetsa, (2) go botsa dipotso le (3) go bontsha go amega ka tsela ya mmatota.

“Ke leka go nna moreetsi go na le gore ke bue. Mme fa ke bua, ke leka gore ke se ka ka bua thata ka nna kgotsa ka bua ka tsela e e sa siamang ka batho ba bangwe.”—Serena, 18.

“Fa motho a batla go ntlotlela ka sengwe se ke sa se itseng, ke tla mo kopa gore a ntlhalosetse ka sone mme gongwe e le se se tla dirang gore a bue mo go oketsegileng le nna.”—Jared, 21.

Gongwe o motho yo o ditlhong ka tlholego mme ga go na sepe se se phoso ka gone. Ga o tlhoke go nna motho yo botsalano ka tsela e e feteletseng! Mme fa o ikutlwa gore ga o kgone go tlwaelana le batho ba bangwe, leka go dirisa dikakantsho tse di mo setlhogong seno. Go ka nna ga direga gore o ikutlwe jaaka Leah. A re: “Ke motho yo o ditlhong, ka jalo, ke tshwanetse go ipateletsa go tlotla. Mme fa o batla go dira ditsala, o tshwanetse go nna botsalano. Ka jalo, ke simolotse go bua.”

O ka bona ditlhogo tse oketsegileng tsa “Basha ba Botsa Jaana” tse di tshwanang le tseno mo atereseng eno ya Internet www.watchtower.org/ype

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Go ka direga gore Dafide o ne a le mo dingwageng tsa bolesome fa a ne a nna tsala ya ga Jonathane.

b Maina mo setlhogong seno a fetotswe.

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 19]

SE BALEKANE BA GAGO BA SE BOLELANG

“Ke leka gore kwa dipokanong tsa Bokeresete ke bue bobotlana le motho a le mongwe yo ke neng ke sa akanye gore nka bua le ene. Ke lemogile gore botsalano bo ka simololwa ka tumediso fela!”

“Go ne go le motlhofo gore ke phuthe matsogo fela ke bo ke re batho ba bangwe ga ba nthate le gore nka se kgone go itsalanya le bone. Matsapa a magolo e ne e le go dira sengwe ka gone. Kwa bokhutlong, go tsaya kgato go a thusa e bile go dira gore o nne motho yo o botoka.”

“Ka iketlo ke ne ka simolola go kgona go bua le batho ba ba godileng. Kwa tshimologong ke ne ke sa gololesega! Mme go ne ga feleletsa go ntsholegetse molemo ka gonne fa ke ne ke sa ntse ke le mmotlana, ke ne ka dira ditsala tse di nnelang ruri le tse di nkemang nokeng ka dinako tsotlhe.”

[Ditshwantsho]

Lauren

Reyon

Carissa

[Lebokoso mo go tsebe 20]

KE ENG FA O SA BOTSE BATSADI BA GAGO?

A lo ne lo na le mathata a go tlwaelana le batho ba bangwe fa lo ne lo lekana le nna? Go ne go le thata go itlwaelanya le setlhopha sefe sa batho? Lo ne lwa lebana jang le boemo jono?

․․․․․

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

MODIKOLOGO O O SA ITUMEDISENG WA GO JEWA KE BODUTU

Ke JEWE KE BODUTU, e leng se se dirang gore ke ikutlwe . . .

. . . jaaka  LETLHAODI, e leng se se dirang gore ke . . .

. . . IKGOGONE, e leng se se dirang gore . . .

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela