Basha ba Botsa Jaana . . .
Ke Ka Ntlha Yang Fa Ke Sa Tsamaisane le Ba Bangwe?
“E ne e le sekgoreletsi se se maatla go di feta tsotlhe seo ke kileng ka lebana naso.”—Craig.
“Ke ne ke jewa ke bodutu jo bo seng kana ka sepe.”—Jessica.
“Ke ne ke ikutlwa ke tlhakane tlhogo eletota.”—Chris.
“Go ne ga ntira gore ke galefe ke bo ke utlwe botlhoko thata. Ke ne ka nnela go lela.”—Sommar.
“Ke ne ka sala ke tlhakane tlhogo ebile kwantle ga pelaelo ke ne ke utlwile botlhoko thata.”—Erin.
A MAFOKO ano a tlhalosa tiragalo nngwe e e bakileng tshenyo e e seng kana ka sepe? Nnyaa, batho bano ba ne ba bua kaga kutlobotlhoko ya maikutlo eo ba ileng ba nna le yone ka gonne ka nako ya fa ba ne ba santse ba le basha ba ne ba sa tsamaisane le balekane ba bone. Mme ebile fa e le gore le wena o kile wa tsamaya wa idiwa ke lekokonyana lengwe gore o seka wa tlhakana nalo kana e le gore basha bao o neng o batla go tsalana nabo ba ne ba sa batle go tsalana nao, o itse kafa go diragalelwa ke selo se se ntseng jalo go ka go utlwisang botlhoko ka gone.
Gone ke boammaaruri gore ke ga tlholego fela go batla go tsamaisana le balekane ba gago. Baithutaloago ba tlhalosa batho jaaka bao ba tsalanang le batho bao ba nang le mekgwa e e tshwanang le ya bone; ka tlholego fela re a tle re itire makoko. Tlhotlheletso eno e maatla thata segolobogolo ka nako ya fa o le mo dingwageng tsa bolesome. Micalah yo o nang le dingwaga di le 14 o ne a bolela jaana: “Re ikutlwa re na le seriti ebile re amogelesega fa re na le batho bao ba kgatlhegelang dilo tse di tshwanang le tseo re di kgatlhegelang.” Go kgatlhegela dilo tse di tshwanang go go ntseng jalo go ka nna ga akaretsa go rata metshameko e e tshwanang, dijo, metshameko ya sekolo, diaparo, kana mmino. Kana e ka nna ya nna selo sa go fetisa nako fela kana jo bongwe jwa boitlosobodutu joo bo dirang gore setlhopha sa ditsala se nne se ntse se le mmogo.
Mathata a tsoga ka nako ya fa mabaka a go bopagana thata ga setlhopha a dirisiwa jaaka diipato tsa go itsa basha ba bangwe go tlhakana le setlhopha e le diipato tsa motho go itšheba a le nosi fela. Brendan o gakologelwa jaana: “Fa e le gore o ne o sa rwala diteki tse di tshwanetseng, o ne o sa tsamaisane le bone. O ne o se mongwe wa segongwana seno sa dijammogo.” Lemororo seo se ka nna sa lebega jaaka ekete ke boeleele, totatota go ka utlwisa botlhoko thata fa mongwe le mongwe a dira dilo tse di mo fesheneng mme go setse wena fela.
Nako Eo O Sa Tshwanelang Gore O Tsamaisane Nabo ka Yone
Lefa go ntse jalo, a o ke o ipotse jaana, ‘A totatota ke batla go tsamaisana le lekokonyana leno?’ Le eleng mo metlheng ya Bibela, gantsi basha bao ba neng ba rata go itaola ba ne ba leka go tsenya ba bangwe mo segongwaneng sa bone sa ditsala. “A re tsamaeè mmōgō,” ba ne ba tle ba raele ba bangwe ka go ba raya jalo. “U tla tlhakanèla kgetse le rona.” Mme lefa go ntse jalo Bibela e ile ya tlhagisa jaana: “Morwaaka, u se ka ua tsamaea nabō mo tseleñ; thiba lonaō loa gago, gore lo se ka loa tsèna mo tselaneñ ea bōnè: Gonne dinaō tsa bōnè di sianèla boshula.”—Diane 1:11-16.
Ka mo go tshwanang gompieno, o ka nna wa raelwa gore o leke go tsalana le lekokonyana lengwe le le itsegeng thata. Mme lefa go ntse jalo ke basha ba mofuta ofe ba ba mo lekokong leo? E ka nna ya tswa e le bao ba ratang menate, mme lefa go ntse jalo a ba boifa Modimo? A go tsalana nabo go tla aga kamano ya gago le Modimo kana a go tla e senya? 1 Bakorintha 15:33 e tlhagisa jaana, “Go ikōpanya le ba ba boshula, go tlo go bodise mekgwa e mentlè.”
Gape, a o ke o ipotse gore o tla diragalelwa ke eng fa o tsamaisana nabo. ‘Go na le tlhotlheletso e ntsi e e maatla thata ya gore motho a tsamaisane nabo,’ go bolela jalo mosha mongwe yo o bidiwang Grace. ‘Ka nako ya fa ke ne ke santse ke le mmotlana, ke ne ke tle ke dire dilo tse di tshwanang le go tlhapatsa ka gonne ditsala tsa me di ne di tle di ntheye di re, “Bua jalo!” Totatota e ne e le boikutlo fela jwa go sa batle gore ba go itsè go tlhakana nabo.’ Mokwadi Mary Susan Miller o bolela ka mosha yo mongwe yo o neng a dira dilo tse di kgatlhanong le tseo a neng a itse gore di siame e le fela gore a tle a tsamaisane le ba bangwe. O ne a letla maduo a gagwe a sekolo gore a wele kwa tlase ka boomo fela “e le gore a tle a se ka a lebega a le botlhale go gaisa bao a neng a tsena le bone mo tlelaseng bao a neng a batla go tsalana nabo.”—Childstress!
Gone ke boammaaruri gore ga go na phoso epe ka go dira maiteko a a utlwalang gore o ke o tsalane le ba bangwe. (Bapisa 1 Bakorintha 9:19-23.) Mme lefa go ntse jalo fa e le gore go tsamaisana le ba bangwe go raya gore o tshwanetse go goga motsoko, go dirisa diokobatsi kana nnotagi, go dirisa puo e e leswe, go tshega metlae e e ferosang sebete, go tlhakanela dikobo, kana go dira tse dingwe tseo di tshwanang le tseno, gotlhelele ga go a siama! Go dira dilo tseo go feteletse! Ebile ga go botlhale go letla basha ba bangwe gore ba go laolele gore o apare jang, o bue jang, kana gore o ipaakanye jang mo mmeleng.
Mo godimo ga moo, Bakeresete ba laelwa gore ba se ka ba tsamaisana le batho bao ba hularetseng Modimo. Jesu o ne a bolela jaana ka barutwa ba gagwe: “Lehatshe ya ba ila, ka go bo ba se ba lehatshe, hèla yaka nna ke se oa lehatshe.” (Yohane 17:14) A ga go botoka go ratiwa ke Modimo go na le go ratiwa ke balekane bao ba sa direleng Modimo?—Bapisa Yakobe 4:4.
Go Tsamaisana le Bakeresete ka Wena
Mme go tweng fa e le gore gape o na le bothata jwa go tsamaisana le Bakeresete ka wena—basha bao ba dumelang dilo tseo o di dumelang? Gongwe go na le mabaka a a utlwalang a seo.
Ka sekai, o ka nna wa tswa o sa tswa go fudugela mo lefelong lengwe, mme ebile basha ba mo lefelong leo ba ka nna ba tswa ba le ditlhong kana ba le bonya tota go ka tlwaela batho bao ba sa ba itseng. Go ka diragala gore dilo di fetoge jaaka fa ba bangwe ba ntse ba simolola go go itse. Seno ke seo se ileng sa diragalela Jessica ka nako ya fa lelapa la gaabo le ne le sena go fudugela mo phuthegong e ntšha ya Basupi ba ga Jehofa. O gakologelwa jaana: “Mongwe le mongwe o ne a le botsalano fela thata a bile a le pelonomi mo go nna, mme lefa go ntse jalo go ile ga ntsaya mo e ka nnang ngwaga yotlhe gore ke ikutlwe gore ke ne ke tlwaetse ka namana mo phuthegong eo. Fa ke akanya ka seo se ileng sa diragala mo nakong e e fetileng, jaanong ke a lemoga gore go tlhokega nako gore motho a nne tsala le batho ba bangwe.” Jessica o oketsa ka gore go nna le seabe le ba bangwe mo tirong ya go rera phatlalatsa bao ba neng ba le mo phuthegong e ntšha eo a neng a kopanela le yone go ile ga mo thusa thata mo go mo direng gore a ikutlwe a le leloko la yone.
Stephen o tlhalosa tsela e nngwe gape ya go tsalana le ba bangwe. O bolela jaana: “Ke ne ka nna dingwaga di le dintsi ke sena ditsala ka gonne ke ne ke le ditlhong. Morago ga moo ke ne ka lemoga gore fa e le gore ke ne ke batla go nna le ditsala, ke ne ke tshwanetse gore ke tsalane le ba bangwe kwantle ga gore ke ba emele gore bone ba tsalane le nna.” Matswela a seno e ile ya nna eng? Jaanong Stephen o na le ditsala di le dintsi tse di molemo. Ka gone le wena o ka kgona go nna le ditsala fa o dira maiteko a gore o nne le tsone. Go na le gore o emele ba bangwe gore e nne bone ba simololang go go itse, leka gore e nne wena o simololang go ba itse pele. Laleletsa basha bangwe kwa ga lona, kana botsa batsadi ba gago gore a o ka dira tiro nngwe ya mo lelapeng mmogo le ditsala tsa gago tse disha. Seno e ka nna ya nna go simolola botsalano jo bo nnetseng ruri.
Lefa go ntse jalo, ka nako ya fa ba bangwe ba sa tsibogele maiteko a gago, gantsi e a bo e le ka ntlha ya go bo ba akanya ka tsela nngwe e e phoso ka wena. Bakeresete ba kwa Jerusalema ba ne ba gana go amogela moaposetoloi Paulo ka ntlha ya go akanya ga bone go go phoso ga gore o ne a sa ntse e le mmogisi wa Bakeresete. Ke fela morago ga fa dilo di ne di sena go lolamisiwa Paulo a ileng a amogelwa ke phuthego ya koo. (Ditihō 9:26-28) Fa e le gore le wena ka mo go tshwanang batho ba akanya ka tsela nngwe e e phoso ka wena—gongwe e le ka ntlha ya go seba ga bone go go senyang—ke ka ntlha yang fa o sa dire seo o ka se kgonang gore o lolamise dilo?a
Lefa go ntse jalo, ga se mathata otlhe ao a leng motlhofo go rarabololwa. Ka dinako tse dingwe le eleng basha ba Bakeresete ba na le molato wa go bopa makokonyana a a sa siamang ebile ba na le molato wa go itsa ba bangwe ka tsela e e sa siamang gore ba tlhakane nabo. Seno se ka nna sa utlwisa motho yo ba mo itsang go tlhakana nabo botlhoko thata. Lefa go ntse jalo, go a thusa go gakologelwa gore, jaaka wena, balekane ba gago ba santse ba le babotlana ebile go santse go tla ba tsaya nako gore ba gole mo tlhaloganyong pele e nna batho ba ba godileng. Fa nako e ntse e tsamaya ba ka nna ba tlogela go tlhola ba itirile makoko. Mme lefa go ntse jalo go fitlhelela basha bao ba bontsha boikutlo jwa Bokeresete ka mo go oketsegileng, go ka diragala gore go bo go le botoka fa o sa kopanyelediwe mo setlhopheng sa bone se se atamalaneng thata sa ditsala.—Bona 2 Timotheo 2:20, 21.
‘Go Pitlologa’
Fa selo seno se ntse se go diragalela, o se ka wa letla boemo jono gore bo go utlwise botlhoko. O ka nna wa leka go buisana ka jone le batsadi ba gago kana le molebedi mongwe wa Mokeresete. Gape, gakologelwa gore Bakeresete ba laelwa gore “ba iphapaanyanè moñwe le eo moñwe” le eleng ka nako ya fa go na le lebaka le le utlwalang la go ngongorega. (Bakolosa 3:13) Tiffany yo mmotlana, yoo go nang le lekokonyana lengwe leo le neng le mo itsa go tlhakana nalo, o gakologelwa jaana: “Ke ne ka rapela Jehofa gore a mphe maatla a go itshoka ebile ke ne ka leka go leba dilo ka tsela eo di leng ka yone tota. Gape ke ne ka leka gore go se ka ga nkutlwisa botlhoko thata mo maikutlong.”
Gape Bibela e kgothaletsa Bakeresete go ‘pitlologa’ mo go tsalaneng ga bone le batho ba bangwe. (2 Bakorintha 6:13) Babatlisisi ebong Jane Norman le Myron Harris ba akgela jaana ka maloko a lekoko la ditsala: “Ga ba tsalane le motho mongwe le mongwe ebile ba ithontsha tshono ya go ithuta kafa batho bao ba farologaneng le bone ba akanyang ka gone le kafa ba dirang dilo ka gone.” Go na le ba bangwe ba le bantsi—go akaretsa le ba ba godileng—bao o ka itumelelang go nna le bone jaaka ditsala tsa gago.
Go Lebana le Makoa a Gago
Gape o ka nna wa tshwanelwa ke go lebana le selo se se utlwisang botlhoko seo se ka nnang sa tswa se le gone sa gore ke wena o nayang batho ba bangwe mabaka a a utlwalang a gore ba se ka ba tsalana nao. Ka sekai, Dana yo mmotlana o ne a fitlhela gore o ne a sa tsamaisane le basha ba Bakeresete bao ba neng ba rata dilo tsa semoya. A ba ne ba mo ikgantshetsa? Nnyaa, gonne Dana o bolela jaana: “Ke ne ke bua ka tsela ya selefatshe ebile ke ne ke apara ka tsela ya selefatshe,” eleng dilo tseo di sa tshwaneleng motho yo eleng Mokeresete. Ka gone lemororo ba bangwe ba ne ba le pelonomi ebile ba le botsalano mo go ene, ba ne ba tlhabiwa ke ditlhong go tsalana nae.
Go na le diphetogo dingwe tseo Dana a ileng a di dira. O gakologelwa jaana: “Ke ne ka bona gore ke ne ke tlhoka gore ke rate dilo tsa semoya go feta gore ke tle ke tsamaisane nabo.” A le wena o tlhoka go dira diphetogo tse di tshwanang le tseno? Go dira jalo ga go kitla go dira fela gore o bone ditsala tseo e leng basha bao ba ratang Modimo mme mo godimo ga moo go tla dira gore o tsalane le Modimo ka boene.—Bapisa Diane 27:11.
Gape o ka nna wa tswa o na le mekgwa mengwe ya botho eo e dirang gore batho ba go katoge. Wally o gakologelwa jaana: “Ke ne ke na le mokgwa wa go bua thata le gone ke bua ka dilo tseo batho ba neng ba sa di kgatlhegele go le kalokalo. Erile fela ke sena go lemoga kafa seno se neng se tena ka gone, ke ne ka baakanya botho jwa me. Ke akanya gore go ne ga nthusa gore ke tsamaisane botoka le ba bangwe.” Ka go buisana le batsadi ba gago kana le mogolo mongwe yo o ikanyegang, o ka nna wa fitlhela gore le wena o na le makoa a a tshwanang. Gongwe dilo di ka tokafadiwa fela ka gore o nne botsalano go feta kana ka go se bue thata mme ka go reetsa thata.
Lemororo go palelwa ke go tsamaisana le batho ba bangwe go ka nna ga go utlwisa botlhoko thata, totatota ga go kotsi. Kgotsofalela fela go itse gore fa o le motho yo o ratang Modimo ebile tota o amega ka batho ba bangwe, ga o kitla o bo o tsamaya o tlhaela ditsala.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Bona setlhogo se se reng “What Should I Do If People Gossip About Me?” (Ke Eng Seo Ke Tshwanetseng go Se Dira Fa Batho Ba Seba ka Nna?) se se mo tokololong ya rona ya July 22, 1989 ya Awake!
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
Go utlwisa botlhoko fa ba bangwe ba go itsa go tlhakana nabo