LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 6/11 ts. 5-6
  • Lebaka La go Bo Bangwe ba Dirisa Thubakanyo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lebaka La go Bo Bangwe ba Dirisa Thubakanyo
  • Tsogang!—2011
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kgatelelo le Ipusolosetso
  • Tlhotlheletso ya Bodumedi
  • Boikutlo jo bo Nweleletseng mo Dipelong
  • A go Ka Nna le Lefatshe Le le Se Nang Borukhutlhi?
    Tsogang!—2011
  • “Ke ne Ke Batla Fela Poso ya Me”
    Tsogang!—2011
  • A Kilo e Tla Tsamaya e Fela?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Letlhoo le ka Fela!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2022
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2011
g 6/11 ts. 5-6

Lebaka La go Bo Bangwe ba Dirisa Thubakanyo

JOSEBA, yo o nnang kwa Spain, o ne a bodiwa gore ke ka ntlha yang fa a ne a nna mongwe wa setlhopha sa balwelakgololesego. O ne a bolela jaana: “Go ne go le thata go itshokela kgatelelo le tshiamololo e re neng re lebane le yone ka nako eo. Mo toropong e kgolo ya Bilbao e ke neng ke nna kwa go yone, go ne go a tle go direge gore mapodise a tle, a betse batho a bo a ba tshwara.”

Joseba o tswelela jaana: “Moso mongwe ke ne ka tshwarwa ka ntlha ya go tlhalosa kafa ke ikutlwang ka teng ka mekgwa e mapodise a neng a e dirisa. Ke ne ke galefile thata mo e leng gore ke ne ke batla go dira sengwe—go dirisa dikgoka fa go ne go ka tlhokega—go baakanya seemo seo.”

Kgatelelo le Ipusolosetso

Le fa Baebele e sa buelele thubakanyo, e bontsha gore “kgatelelo fela e ka dira gore yo o botlhale a itshware jaaka setsenwa,” se se rayang gore a itshware ka tsela e e se nang tlhaloganyo. (Moreri 7:7) Batho ba le bantsi ba a galefa fa ba tshwarwa makgwakgwa ka ntlha ya morafe wa bone, bodumedi jwa bone kgotsa ka ntlha ya setšhaba sa bone.

Ka sekai, Hafeni, yo o umakilweng mo setlhogong se se fetileng, o ne a re: “Naga ya rona e ne ya tsewa mo go rona ka tsietso. Diphologolo di lwela lefelo le di nnang mo go lone, ka jalo, go ne go bonala go tshwanela gore le rona re lwele naga le ditshwanelo tsa rona.” Motho mongwe yo o neng a lwela kgololesego yo o neng a bolaya batho ka go ipolaya ka bomo, o ne a bolela jaana mo mafokong a gagwe a a neng a gatisiwa fa a sena go swa: “Fa lo sa emise go tsenya batho ba gaetsho mo kgolegelong, go ba tlhokofatsa, go ba bolaya ka dibomo le ka gase, re ka se emise ntwa eno.”

Tlhotlheletso ya Bodumedi

Le fa gone balwelakgololesego ba tlhotlhelediwa ke dilo dingwe tse di diregang mo lefatsheng, gantsi ba dira ditiro tsa thubakanyo ka ntlha ya mabaka a bodumedi. Moeteledipele mongwe o ne a amogela fax e e bolelang jaana e e tswang go mmueledi mongwe wa balwelakgololesego: “Ga se gore re a tsenwa kgotsa re lwela go nna le taolo. Re direla Modimo mme ke ka moo re ikemiseditseng go tswelela re lwa.”

Daniel Benjamin le Steven Simon ba ne ba kwala jaana malebana le tlhotlheletso ya bodumedi mo bukeng ya bone ya The Age of Sacred Terror: “Mo lefatsheng le le tswelelang go rata bodumedi le go feta, maloko a madumedi a magolo le a makoko a masha a dumela gore thubakanyo e tshwanetse go nna karolo ya dilo tse ba dumelang mo go tsone.” Fa mmatlisisi yo mongwe a sena go kwala ka dilo tse dintsi tse a reng ke “ditiro tse di gakgamatsang tsa borukhutlhi go ralala lefatshe,” o ne a bolela jaana: “Batho botlhe ba dumalana le kgopolo ya batho ba ba dirang ditiro tseno ya gore ditiro tsa bone di engwa nokeng le gore di laelwa ke Modimo.”

Mme balwelakgololesego ba le bantsi ba bodumedi ba na le boikutlo jo bo farologaneng thata jo bo sa tsamaisaneng le dithuto tse di tlwaelegileng le melao e e siameng ya bodumedi jo ba leng mo go jone.

Boikutlo jo bo Nweleletseng mo Dipelong

Joseba, yo go builweng ka ene pelenyana, o ne a sotliwa mo go botlhoko fa a ne a tshwerwe. O ne a bolela jaana: “Bosetlhogo joo bo ne jwa dira gore ke tlhomamisege gore go ne go siame gore ke nne le letlhoo le ke neng ke na le lone. Fa ke ne ke ka tshwanelwa ke go swa gore go nne le diphetogo, e ne e tla bo e se matsapa a bophiri.”

Gantsi se se rutiwang mo setlhopheng se dira gore maloko a sone a nne le mabaka a a oketsegileng a go dira ditiro tsa thubakanyo. Hafeni o ne a bolela jaana: “Ka nako ya fa re ne re le kwa dikampeng tsa batshabi, go ne go na le dikokoano tse mo go tsone re neng re rutiwa gore batho ba basweu ba nna ba ntse ba batla ditsela tsa go re gatelela rona batho ba bantsho.” Diphelelo tsa seno e nnile eng?

O ne a oketsa jaana: “Ke ne ka utlwa letlhoo la me mo bathong ba basweu le gola. Ke ne ke sa tshepe ope wa bone. Kgabagare ke ne ke sa tlhole ke kgona go itshoka mme ke ne ka akanya gore kokomana ya rona e tshwanetse go dira sengwe ka gone.”

Se se gakgamatsang ke gore, le fa Joseba le Hafeni ba ne ba na le letlhoo le legolo jalo, ba ne ba fetola boikutlo joo jo bo nweleletseng jwa letlhoo le go sa tshepe batho ba bangwe. Ke eng se se neng sa fitlhelela megopolo le dipelo tsa bone? Setlhogo se se latelang se tla tlhalosa.

[Mafoko a a mo go tsebe 6]

“Bosetlhogo joo bo ne jwa dira gore ke tlhomamisege gore go ne go siame gore ke nne le letlhoo le ke neng ke na le lone. Fa ke ne ke ka tshwanelwa ke go swa gore go nne le diphetogo, e ne e tla bo e se matsapa a bophiri.”—Joseba

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela