Kankere ya Mabele—Se o Ka se Solofelang, Kafa o ka Itshokang ka Gone
CONCHITA o ne a se na sepe sa dilo tse di ka dirang gore a nne le kankere.a O ne a na le dingwaga di le 40, a itekanetse e bile go se na ope mo lelapeng la gaabo yo o kileng a tshwarwa ke kankere ya mabele. Thulaganyo ya gagwe e a neng a e latela ka metlha ya go dirwa mammogram (ekeserei ya mabele) e ne e sa bontshe sepe se se sa tlwaelegang. Mme letsatsi lengwe fa a ne a tlhatlhoba mabele a gagwe a le mo shawareng, o ne a utlwa a na le khuruga. Go ne ga fitlhelwa gore ke kankere. Conchita le monna wa gagwe ba ne ba dutse ba gamaregile fa ngaka e ba tlhalosetsa gore a ka dirang.
Mo dinakong tse di fetileng, ngaka e ne e tla bolelela mosadi yo o nang le kankere ya mabele gore se ba ka se dirang fela ke mo kgaola lebele—karo e e senyang popego ya motho ka go tlosa lebele, dikgeleswa tsa limfe mo sehubeng, mo legwafeng le mo mesifeng ya sehuba. Gantsi kalafi e go dirisiwang dikhemikale mo go yone le e go dirisiwa marang a a bogale mo go yone e ne e lelefatsa boemo jono jo bo sa itumediseng. Go a utlwala go bo batho ba le bantsi ba ne ba boifa “kalafi” go gaisa bolwetse.
Ntwa kgatlhanong le kankere ya mabele ke kgwetlho e e ntseng e tswelela pele ya go batla go fedisa gotlhelele bolwetse jono jo bo bolayang le go batla go tila go fetola tebego ya motho go sa tlhokege le go fedisa matshwao a a botlhoko a a nnang teng morago ga kalafi. Fela jaaka Conchita, gompieno batho ba le bantsi ba ba nang le kankere ba na le dikalafi di le dintsi tse ba ka tlhophang mo go tsone.b Mme dipatlisiso tse di ntseng di dirwa le dipego tsa metswedi ya tshedimosetso di naya batho tsholofelo ya gore kgabagare dikalafi tse disha, ditlhatlhobo tse di bontshang gore a motho o tla nna le kankere mmogo le go ja dijo tse di siameng go tla fedisa bolwetse jono.
Le mororo go dirilwe kgatelopele mo go tsa kalafi, kankere ya mabele e sa ntse e le bolwetse jo bo bolayang basadi thata.c Kwa dinageng tsa Amerika Bokone le Yuropa Bophirima go na le batho ba le bantsi ba ba nang le kankere mme dipalo tseno di a tlhatloga kwa dinageng tsa Asia le Afrika, tse mo nakong e e fetileng di neng di na le palo e e kwa tlase ya batho ba ba nang le kankere. Mo godimo ga moo, dipalo tsa batho ba ba swang ba go lemogilweng gore ba na le kankere kwa Asia le Afrika di kwa godimo. Ka ntlha yang? Ngaka nngwe mo Afrika e ne ya re: “Balwetse ba le bantsi ga ba kgone go lemoga kankere e sale gale. Ba le bantsi ba bone ba tla mo go rona e setse e etegetse.”
Kotsi ya go tshwarwa ke kankere e a oketsega fa motho a ntse a gola. Diperesente tse di ka nnang 80 tsa batho ba ba tshwerweng ke kankere ke basadi ba ba nang le dingwaga tse di fetang 50. Mme dikgang tse di itumedisang ke gore, kankere ya mabele ke nngwe ya dikankere tse di alafegang thata. Gone ke boammaaruri gore diperesente di le 97 tsa basadi ba go lemogilweng gore ba na le kankere e sale gale e bile ba thusitswe gore e se ka ya anama, ba sa ntse ba ka kgona go tshela dingwaga tse dingwe di le tlhano morago ga gore e lemogiwe. Gone jaanong, go setse go fetile dingwaga di le tlhano fa e sale go lemogilwe gore Conchita o na le kankere.
Dilo Tse o Tlhokang go di Itse ka Kankere ya Mabele
Jaaka mo kgannyeng ya ga Conchita, gantsi kankere ya mabele e lemogiwa ka khuruga e e sa tlwaelegang. Mme le fa go ntse jalo, se se itumedisang ke gore, mo e ka nnang diperesente di le 80 tsa dikhuruga tse di ntseng jalo ga di kotsi kgotsa di itswela fela, bontsi jwa tsone ke dikgetsana fela tse di nang le metsi tse di bidiwang dikgeleswa.
Kankere ya mabele e simolola ka sele e le nngwe e e ikgaoganyang ka tsela e e sa tlwaelegang le e e sa laolesegeng mme ka iketlo e itira tlhagala. Tlhagala e nna kotsi kgotsa e ka baka kankere fa disele tsa yone di tlhasela dithishu tse dingwe. Ditlhagala dingwe di gola ka bonako; mme tse dingwe di ka nna tsa tsaya dingwaga di le lesome pele ga di ka lemogiwa.
Go bona gore a Conchita o na le kankere, ngaka ya gagwe e ne ya dirisa lomao lo lo sesane go tsaya dithishu go tswa mo khurugeng mme e bo e di tlhatlhoba. Di ne di na le disele tsa kankere. Ka jalo, o ne a dirwa karo ya go ntsha tlhagala le dithishu tse dingwe tse di dikologileng lebele le go bona gore tlhagala e mo seemong sefe (bogolo, mofuta le go anama ga yone) le gore kankere e fitlhile fa kae (lobelo lo e golang ka lone).
Morago ga karo, balwetse ba le bantsi ba newa kalafi e e oketsegileng go thibela gore kankere e boe gape kgotsa gore e aname. Disele tsa kankere di ka tswa mo tlhagaleng, tsa tsamaya le madi kgotsa le thulaganyo ya dilimfe mme tsa simolola go gola gape. Go anamela ga kankere mo dirweng tsa mmele le mo dithishung tse di botlhokwa—boboko, sebete, mooko wa marapo kgotsa makgwafo—ke gone go go dirang gore bolwetse jono bo nne kotsi.
Conchita o ne a fiwa kalafi ya marang le ya dikhemikale go fedisa disele tsa kankere tse di tswileng mo taolong tse di mo lefelong le kankere e simologileng gone le mo mmeleng otlhe. E re ka mofuta wa kankere o a neng a na le one o ne o ata ka ntlha ya eseterojene, gape o ne a fiwa kalafi ya dihoromone go thibela go gola ga dikankere tse dingwe tse disha.
Dikgatelopele tse di dirilweng mo go alafeng kankere ya mabele di dira gore balwetse ba nne le dikalafi tse dingwe tse ba ka di tlhophang go ikaegile ka dingwaga tsa bone, botsogo jwa bone, hisitori ya bone ya kankere le kankere e e ba tshwereng. Ka sekai, mo kgannyeng ya mosadi mongwe yo o bidiwang Arlette, ditlhatlhobo di ne tsa senola kankere ya gagwe pele ga e anamela ka kwa ga moselenyana wa mashi. Ka jalo, o ile a dirwa karo ya go ntsha tlhagala mme seo sa dira gore a se ka a kgaolwa lebele. Alice o ne a fiwa kalafi e go dirisiwang dikhemikale mo go yone pele ga a ariwa go fokotsa tlhagala ya gagwe. Ngaka ya ga Janice e ne ya ntsha tlhagala le kgeleswa e e nang le kankere fela, e leng kgeleswa ya ntlha e seedi se se tswang mo tlhagaleng eo se tswang gone. E re ka e se na disele dipe tsa kankere, dikgeleswa tse dingwe di ne tsa tlogelwa fela. Seno se ne sa dira gore Janice a se ka a nna mo kotsing ya go nna le lymphedema, go ruruga go go botlhoko ga letsogo go go diregang fa go ntshitswe dikgeleswa tsa limfe di le dintsi.
Go itsiwe go le gontsi ka go gola ga kankere ya mabele mme go sa ntse go setse potso ya botlhokwa, Ke eng fa motho a nna le kankere mme e simologa jang?
E Bakiwa ke Eng?
Go sa ntse go sa itsiwe gore kankere ya mabele e bakiwa ke eng. Basekaseki ba re go dirwa dipatlisiso di le dintsi mo kalafing ya kankere le mo go e tlhatlhobeng mme seo se dira gore babatlisisi ba dire madi a le mantsi, go na le gore ba dire dipatlisiso tsa gore e bakiwa ke eng le gore e ka thibelwa jang. Le fa go ntse jalo, borasaense ba bone dintlha tsa botlhokwa tse di ka thusang. Bangwe ba dumela gore kankere ya mabele e bakiwa ke dilo di le dintsi tse di raraaneng tse di diregang kgato ka kgato, tse di simololang ka jini e e sa siamang e e dirang gore disele di tswe mo taolong—di ikgaoganye ka lobelo lo lo kwa godimo, di tlhasele dithishu tse dingwe, di tile go bolawa ke masole a mmele le gore di tlhasele dirwe tsa botlhokwa mo mmeleng ka iketlo motho a sa lemoge.
Dijini tse di sa siamang di tswa kae? Mo gare ga diperesente di le 5 le 10 tsa balwetse, basadi ba tsholwa ba na le dijini tse di ka dirang gore ba tshwarwe ke kankere. Mme go bonala gore mo maemong a le mantsi, dijini tse di siameng di senngwa ke dilo tse di ka kwa ntle ga mmele—marang le dikhemikale ke tsone tse go akanngwang thata gore di baka bothata. Dipatlisiso tse di ka dirwang mo nakong e e tlang di ka nna tsa supa fa seno se le boammaaruri.
Selo se sengwe e ka nna dihoromone tsa eseterojene, tse go lebegang di tsosa dikankere dingwe tsa mabele. Ka jalo, mosadi a ka nna mo kotsing thata fa e le gore o simolotse go bona kgwedi a le monnye kgotsa o ile a kgaotsa go bona kgwedi morago ga nako e e tlwaelegileng, fa a simolotse go ima a godile thata kgotsa a ise a ime gotlhelele kgotsa fa e le gore o ile a fiwa kalafi ya dihoromone. E re ka disele tsa mafura di ntsha eseterojene, bokima jo bo feteletseng bo ka oketsa kotsi ya kankere mo basading ba ba sa tlholeng ba bona kgwedi, ba dikgeleswa tsa bone tsa mae di sa tlholeng di ntsha dihoromone. Dilo tse dingwe tse di ka bakang kotsi di akaretsa selekanyo se se kwa godimo sa horomone ya insulin le selekanyo se se kwa tlase sa dihoromone tsa boroko tse di bidiwang melatonin, bothata jo gantsi bo amang batho ba ba berekang bosigo.
A go ka direga gore go ise go ye kae go nne le dikalafi tse di nang le matswela le tse di sa tshoseng tsa kankere ya mabele? Babatlisisi ba ntse ba dira dikalafi tse di akaretsang go dirisa thulaganyo ya mmele wa motho ya go lwantsha malwetse le diokobatsi tse di tlhaselang ditsela tse dimolekhule di fetang mo go tsone tse di dirang gore motho a nne le kankere. Go ntse go le jalo, didirisiwa tsa ditshwantsho tse di tokafaditsweng tsa thekenoloji di ka thusa ba tsa kalafi go dira kalafi ya marang ka tsela e e lekaneng le e e nang le matswela.
Gape baitsesaense ba ithuta ka dikarolo dingwe tsa kankere tse di akaretsang go bona gore ke eng se se dirang gore kankere e aname, go kgona go bolaya disele tse di sa kgoneng go bolawa ke kalafi ya dikhemikale, go thibela go gola ga disele tsa kankere le go alafa tlhagala nngwe le nngwe ka tsela e e tshwanetseng.
Le fa go ntse jalo, mo lefatsheng la gompieno, malwetse a ka se ka a fedisiwa mme batho ba tla tswelela ba swa. (Baroma 5:12) Mmopi wa rona ke ene fela a ka fetolang seemo seno se se hutsafatsang. Mme a o tla dira jalo? Baebele e araba ka go re ee! Ya re go tla tla nako e go ka se nneng le “monni ope yo o tla reng: ‘Ke a bobola.’”d (Isaia 33:24) Abo seo e tla nna kgololesego jang ne!
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Maina mangwe a fetotswe.
b Tsogang! ga e buelele mofuta ope wa kalafi.
c Kankere ya mabele ga e a tlwaelega thata mo banneng.
d Go tlotliwa ka mo go oketsegileng ka tsholofetso eno mo bukeng e e re thusang go ithuta Baebele ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 24, 25]
MATSHWAO A O TSHWANETSENG GO A ELA TLHOKO
Go botlhokwa go lemoga kankere e sale gale mme dipatlisiso dingwe di tlhagisa gore ditlhatlhobo tsa mabele le di-mammogram gantsi ga di nepe mo basading ba dingwaga tse di kwa tlase mme seno se felela ka gore ba tlhobaele le go fiwa kalafi go sa tlhokege. Le fa go ntse jalo, baitse ba kgothaletsa basadi thata gore ba ele tlhoko diphetogo mo mabeleng a bone le mo dikgelesweng tsa dilimfe. Mangwe a matshwao a o ka a elang tlhoko ke ano:
● Khuruga kgotsa fa go nna thata golo gongwe ka fa tlase ga legwafa kgotsa mo lebeleng
● Fa go ka tswa seedi sengwe kwantle ga mashi mo thobeng
● Fa go nna le phetogo nngwe mo mmaleng wa letlalo kgotsa tsela e letlalo le utlwalang ka yone fa o le tshwara
● Thoba e e gonyetseng ka tsela e e sa tlwaelegang kgotsa e e botlhoko
[Lebokoso mo go tsebe 25]
FA GO LEMOGIWA GORE O NA LE KANKERE YA MABELE
● Lebelela go fetsa ngwaga kgotsa go feta, o ntse o tlhomile mogopolo mo kalafing le mo go foleng.
● Fa go kgonega, tlhopha dingaka tse di nang le bokgoni tse di tlotlang dilo tse o di tlhokang le tse o di dumelang.
● O na le ba lelapa la gago, dirang tshwetso ya gore lo tla bolelela bomang le gore lo tla ba bolelela leng. Seno se tla dira gore ditsala tsa gago di go bontshe lorato, di go rapelele le go rapela le wena.—1 Johane 3:18.
● Itshokele go gatelelwa mo maikutlong ka go bala Baebele, go rapela le go tlhatlhanya ka dilo tse di agang.—Baroma 15:4; Bafilipi 4:6, 7.
● Bua le ba bangwe ba ba kileng ba nna le kankere ya mabele le ba ba tla go kgothatsang.—2 Bakorintha 1:7.
● Leka go tlhoma mogopolo mo dilong tse di go tshwenyang gompieno e seng tsa ka moso. Jesu o ne a re: “Lo se ka le ka motlha lwa tlhobaela kaga letsatsi le le latelang, gonne letsatsi le le latelang le tla nna le ditlhobaelo tsa lone.”—Mathaio 6:34.
● Nna kelotlhoko gore o se ka wa dirisa maatla a gago thata. O tlhoka go ikhutsa ka mo go lekaneng.
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 26]
GO BUISANA LE NGAKA YA GAGO
● Ithute mafoko a a dirisiwang thata ke dingaka fa ba bua ka kankere ya mabele.
● Pele ga o ya go bona ngaka ya gago, kwala dipotso tse o tla di botsang mme o kope molekane kgotsa tsala ya gago gore e tsamaye le wena go go thusa go kwala dintlha.
● Fa ngaka ya gago e bua sengwe se o sa se tlhaloganyeng, mo kope gore a se go tlhalosetse.
● Botsa ngaka ya gago gore e setse e alafile batho ba le kae ba ba nang le kankere e e tshwanang le ya gago.
● Fa go kgonega, batla kgakololo ya ngaka e nngwe.
● Fa dingaka tsa gago di sa dumalane, lebelela gore ke efe e e nang le maitemogelo a mantsi. Ba kope gore ba buisane ka boemo jwa gago.
[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 27]
GO ITSHOKELA MATSHWAO A A SA ITUMEDISENG A KALAFI
Matshwao mangwe a a sa itumediseng a kalafi ya kankere a ka nna a akaretsa go feroga sebete, go wa moriri, go nna le letsapa le le tseneletseng, go opelwa, go swa bogatsu le go nna le diphetogo mo letlalong. Dikgato tse di motlhofo tse di latelang di ka thusa go fokotsa matshwao ano:
● Ja sentle go nonotsha thulaganyo ya gago ya mmele ya go lwantsha malwetse.
● Boloka rekoto ya selekanyo sa maatla a gago le tsela e dijo dingwe di go tshwarang ka yone.
● Bona gore a melemo, kalafi e o tsenngwang dinnale mo letlalong (acupuncture) kgotsa go sidilwa mmele go ka fokotsa go feroga sebete kgotsa go opelwa.
● Itshidile mmele ka tekatekano go oketsa maatla a gago, go laola boima jwa mmele wa gago le go tokafatsa tsela e thulaganyo ya gago ya mmele ya go lwantsha malwetse e tsibogang ka yone.e
● Ikhutse gangwe le gape mme tlhokomela gore go fetsa nako e telele o le mo bolaong go ka oketsa letsapa.
● Dira gore letlalo la gago le se ka la omelela. Apara diaparo tse di sa go gagamatseng. Tlhapa ka metsi a a bothitho.
[Ntlha e e kwa tlase]
e Balwetse ba kankere ba tshwanetse go buisana le ngaka pele ga ba ka simolola thulaganyo epe fela ya go itshidila mmele.
[Lebokoso mo go tsebe 28]
FA YO O MO RATANG A NA LE KANKERE
O ka ema motho yo o mo ratang yo o nang le kankere nokeng jang? Dirisa molaomotheo ono wa Baebele: “Ipeleng le batho ba ba ipelang; lelang le batho ba ba lelang.” (Baroma 12:15) Mo bontshe gore o a mo rata le gore o amegile ka ene ka go mo letsetsa mogala, go mo kwalela makwalo, dikarata, di-email le ka go mo etela ka nako e khutshwane. Rapela le ene mme lo bale ditemana tse di gomotsang tsa Baebele mmogo. Beryl, yo e leng mosadi wa modiredi yo o etang wa Basupi ba ga Jehofa o kgothaletsa jaana: “O se ka wa bua ka batho ba ba bolailweng ke kankere go na le moo, bua ka ba ba kgonneng go e fenya.” Janice, yo o kileng a nna le kankere, o gakolola jaana: “Tsamaya fela o ye go tlamparela tsala ya gago. Fa e le gore o batla go bua ka gone o tla dira jalo.” Banna ke bone ba segolobogolo ba tshwanetseng go tlhomamisetsa basadi ba bone gore ba a ba rata.
Geoff o gakologelwa jaana: “Ka metlha re ne re nna le letsatsi le ka lone re sa bueng ka kankere. Mosadi wa me o ne a ikemiseditse gore botsogo jwa gagwe e ka se nne jone fela jo re tla tlhomang mogopolo mo go jone. Ka jalo, re ne ra swetsa ka gore ka metlha re tla nna le dinako tse ka tsone re sa bueng ka kankere letsatsi lotlhe. Go na le moo, re ne ra tlhoma mogopolo mo dilong tse di itumedisang mo botshelong jwa rona. Go ne go ntse jaaka e kete re ikhutsetsa bolwetse.”
[Lebokoso mo go tsebe 28]
KAFA BA IKUTLWANG KA TENG
Fa ba Ne ba Utlwa Gore Ba na Le Kankere
Sharon: Botshelo jwa me bo ne jwa fetoga ka ponyo ya leitlho. Ke ne ka re: “Go fedile ka botshelo jwa me.”
Ka Dinako Tse go Neng go le Thata ka Tsone
Sandra: Go tshwenyega mo maikutlong go ne go le botlhoko go feta kalafi.
Margaret: Morago ga kalafi ya bobedi, o ipolelela jaana: “Ga ke tlhole ke batla go e dira.” Le fa go ntse jalo, o a e dira.
Ka Ditsala Tsa Bone
Arlette: Re ne ra bolelela ditsala tsa rona gore di re rapelele.
Jenny: Go ne go se na monyenyo, go koma tlhogo kgotsa tumediso epe e re neng re sa e bone.
Ka Banna ba Bone Ba ba Ba Emang Nokeng
Barbara: Ke ne ka swetsa ka gore ke beole moriri wa me pele ga o simolola go wa. Colin o ne a re, “Tlhogo ya gago e bopegile bontle!” O ne a dira gore ke tshege.
Sandra: Ke ne ke iteba mo seiponeng le ene. Fa ke leba sefatlhego sa ga Joe, se ne se siame fela.
Sasha: Karl o ne a tle a bolelele ba bangwe a re: “Re na le kankere.”
Jenny: Lorato lo Geoff a nthatang ka lone lo ne lo sa fele mme bomoya jwa gagwe bo ne bo nkgothatsa e bile bo ne bo sa fele.
[Setshwantsho mo go tsebe 27]
(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)
Disele tsa kankere ga di gole ka tsela e e tshwanetseng ka go ikoketsa le ka go tlhasela dithishu tse dingwe
[Setshwantsho]
Moselenyana wa mashi o o nang le disele tse di siameng
Kankere e e sa anameng e e mo moseleng
Kankere e e anameng mo moseleng
[Setshwantsho mo go tsebe 28]
Karolo e e botlhokwa ya kalafi ya kankere ke kemonokeng e e lorato ya ba lelapa le ditsala tsa balwetse