Se Basadi Ba Tshwanetseng go Se Itse ka Kankere ya Mabele
PALO ya batho ba ba tshwerweng ke kankere ya mabele e ntse e tlhatloga mo kontinenteng nngwe le nngwe. Go ya ka diphopholetso dingwe, e tla re ka ngwaga wa 2000 batho ba bangwe gape ba ba ka nnang milione ba tla tshwarwa ke kankere ya mabele ngwaga le ngwaga mo lefatsheng lotlhe.
A go na le mosadi mongwe yo o ka se kang a tshwarwa ke bolwetsi jono? A go ka dirwa sengwe go bo thibela? Batho ba ba tlhabanang le mmaba ono ba ka gomodiwa le go engwa nokeng ka tsela efe?
Mefuta e mentsi ya kankere ya letlalo e bakwa ke marang a a mogote thata a letsatsi. Mefuta e mentsi ya kankere ya makgwafo e bakwa ke go goga. Lefa go ntse jalo, ga go ise go itsiwe lefa e le selo se le sengwe fela se se bakang kankere ya mabele.
Lefa go ntse jalo, go ya ka patlisiso nngwe ya bosheng, dilo tse o di goditseng mo batsading, tikologo e o mo go yone, le dihoromone di na le seabe mo go bakeng kankere ya mabele. Basadi ba ba amegang thata mo go seno ba ka nna mo kotsing e kgolo ya gore e ba tshware.
Hisitori ya Lelapa
Mosadi yo go nang le mongwe wa lelapa la gaabo yo o tshwerweng ke kankere ya mabele, yo o jaaka mmaagwe, mogoloe, kana le eleng mmangwanaagwe kgotsa nkokoagwe, go ka direga thata gore e mo tshware. Bodiphatsa jwa gore e mo tshware bo nna bogolo fa e le gore e tshwere ba sekae ba batho bano.
Dr. Patricia Kelly, moithuti wa thutotshelo ya go gotsa wa kwa United States o ne a bolelela Tsogang! gore lefa gone dilo tse di amanang le go gotsa di ka e baka, di baka fela 5 go ya go 10 lekgolong ya kankere ya mabele. O tlhalosa jaana: “Re akanya gore mefuta e mengwe ya yone e bakwa ke dilo tse re di goditseng lefa gone di ka tswa di se kalo mme di kopane le tikologo e motho a leng mo go yone.” Gantsi maloko a lelapa a a nang le dijini tse di tshwanang a nna mo tikologong e e tshwanang.
Dilo Tse Di mo Tikologong
Mokanoki mongwe yo o bidiwang Devra Davis, o ne a bua jaana mo lokwalopakeng lwa Science: “Kwantle ga pelaelo, dilo tse di mo tikologong di na le seabe” mo go bakeng bolwetsi jono. Go na le bodiphatsa jwa gore basadi ba ba dirang ka marang a ekeserei ba tshwarwe ke kankere ya mabele e re ka mabele a basadi e le karolo ya mmele e e bosisi thata mo marannyeng a ekeserei. Go ntse jalo le ka ba ba dirang ka dikhemikale tse di botlhole.
Sengwe gape se se mo tikologong ke dijo. Batho bangwe ba bolela gore motho o tshwarwa ke kankere ya mabele ka gonne a tlhaela dibithamini mo mmeleng wa gagwe, mme ba re o a bo a tlhaela bithamini ya D thata. Bithamini eno e thusa mmele go monya khalesiamo, e le yone e thusang go kganela disele tse di itlhogelang fela.
Dipatlisiso dingwe le tsone di supa mafura a a mo dijong, e seng gore a baka kankere ya mabele, mme ba re a ka rotloetsa gore e go tshware. Makasine wa FDA Consumer o ne wa bolela gore dipalo tsa batho ba ba bolailweng ke kankere ya mabele di ne di le kwa godimo thata mo dinageng tse go jewang mafura le diporoteine tsa nama ya diphologolo thata kwa go tsone, tse di jaaka United States. E ne ya re: “Go ya ka hisitori basadi ba Bajapane ba ne ba sa tshwarwe ke kankere ya mabele thata, lefa go ntse jalo bodiphatsa jwa gore e ba tshware bo oketsega thata ka ntlha ya gore ba tsere mekgwa ya go ja ya ‘Tlhabologo ya Bophirima’; ke gore, ba fetogetse mo go jeng dijo tse di nang le mafura a mantsi.”
Patlisiso nngwe ya bosheng e ne ya bolela gore palo e kgolo ya dikhaloria tse di jewang mo dijong tse di nang le mafura a mantsi e ka nna diphatsa tota. Science News e ne ya re: “Khalori nngwe le nngwe e e sa tlhokegeng e oketsa bodiphatsa jwa gore motho a tshwarwe ke kankere ya mabele, mo e leng gore khalori nngwe le nngwe ya mafura e ka baka bodiphatsa jwa 67 lekgolong go feta dikhalori tsa dilo tse dingwe.” Dikhalori tse di sa tlhokegeng di ka dira gore mmele wa gago o oketsege ka dikilogerama tse dintsi, mme e bile go akanngwa gore go ka direga gore kankere ya mabele e tshware basadi ba ba nonneng bobe ka selekanyo se se menaganeng gararo go feta ba bangwe, segolobogolo basadi ba ba sa tlholeng ba bona kgwedi. Mafura a mmele a tlhagisa eseterojene, e bong horomone ya sesadi e e ka tlhaselang dithišu tsa mabele, mo go ka dirang gore o tshwarwe ke kankere.
Hisitori ya Gago le Dihoromone
Mosadi o na le thulaganyo nngwe e e tlhagisang dihoromone tse dintsi tse di tlang di fetofetola mabele mo botshelong jotlhe jwa gagwe. Dr. Paul Crea yo e leng ngaka e e arang ditlhagala, o kwala jaana mo go Australian Dr Weekly: “Lefa go ntse jalo, mo basading ba bangwe, fa dithišu tsa mabele a bone di amogela dihoromone tse dintsi thata di sa kgaotse . . . go tla dira gore go nne le diphetogo tse dintsi thata mo diseleng tse kgabagare di tla nnang kotsi [di tla baka kankere].” Ka ntlha ya lone lebaka leno, go akanngwa gore e ka tshwara thata basadi ba ba ileng ba simolola go bona kgwedi pele ga nako, ba le dingwaga tse 12, kana ba ba ileng ba emisa go bona kgwedi morago ga nako, ba le mo magareng a dingwaga tsa bo50.
Go ile ga nna ga tsoga kgang ka ga gore go bona eseterojene e e oketsegileng fa o alafiwa ka ERT (estrogen replacement therapy) go ka nna ga baka kankere ya mabele. Le mororo dipatlisiso dingwe di bontsha gore ERT ga e diphatsa go le kalo, dipatlisiso tse dingwe tsone di bontsha gore e ka nna diphatsa ka tsela nngwe mo bathong ba ba e dirisang lobaka lo loleele. Malebana le dipatlisiso tse di ileng tsa boaboelediwa, British Medical Bulletin ya 1992 e ne ya bolela gore go ka direga gore “oseterojene e e sa thibeleng pelegi e oketse bodiphatsa jwa go tshwarwa ke kankere ya mabele ka 30-50%” mo bathong ba ba e dirisitseng lobaka lo loleele.
Dipego dingwe tse di buang kaga kamano ya dithibelapelegi tsa melemo le kankere ya mabele di bolela gore ga di diphatsa mo go kalo. Lefa go ntse jalo, go na le setlhotswana sa basadi ba ba mo kotsing le go feta. Makgarebe, basadi ba ba iseng ba ko ba tshole bana, le basadi ba ba dirisitseng dipilisi tsa thibelapelegi lobaka lo loleele go ka direga gore ba tshwarwe ke kankere ya mabele ka selekanyo sa 20 lekgolong go feta ba bangwe.
Lefa go ntse jalo, basadi ba le 3 mo go bangwe le bangwe ba le 4 ba ba tshwerweng ke kankere ya mabele ga ba kake ba supa sengwe se se rileng gore ke sone se se bakileng bolwetsi jono. Ka jalo, potso ke gore, A go na le mosadi ope yo o ka akanyang gore a ka se tshwarwe ke kankere ya mabele? FDA Consumer e bega gore: “Go ya ka ba tsa kalafi, go tshwanetse ga tsewa gore mosadi mongwe le mongwe a ka tshwarwa ke kankere ya mabele.”
Ka jalo, basadi, segolobogolo ba ba godileng, ba ka tshwarwa bonolo ke bolwetsi jono. Dr. Kelly o bolela gore le mororo go na le dilo tse di farologaneng tse di bakang kankere ya mabele, ‘ke belaela gore, mefuta mengwe ya yone e bakwa fela ke botsofe, mme go direga gore disele di se ka tsa ikgaoganya sentle.’
Lebaka La Go Bo E Ka go Tshwara Bonolo
Fa re sekaseka tsela e mabele a mosadi a dirilweng ka yone go tla re thusa go bona gore ke ka ntlha yang fa a tshwarwa ke kankere bonolo. Mo go one go na le meselenyana e mennye, e maši a fetang ka yone go ya kwa dithobeng a tswa kwa dikgetsanyaneng tse di a tlhagisang. Meselenyana eno e gomilwe ke disele tse di tlang di ikgaoganya di bo di fetofetoga go ya ka modikologo wa mosadi wa kgwedi di dira gore a siamele go nna mo mmeleng, go ntsha mashi, le go anyisa ngwana wa gagwe. Ke mo go yone meselenyana eno mo mefuta e mentsi ya kankere ya mabele e tlhogang teng.
Mo bukeng ya Alternatives: New Developments in the War on Breast Cancer, mmatlisisi e bong Rose Kushner o tlhalosa jaana: “Thulaganyo nngwe le nngwe e ka metlha e tlang e kgorelediwa gangwe le gape—tota lefa seo se diragala ka tlholego . . .—e ka nna ya senyega.” O oketsa ka gore: “Sele ya mabele e e dirang thata e mo gare ga dihoromone dingwe tse di e laelang jaana, ‘Tlogela go dira seo. Dira se.’ Ga go gakgamatse go bo bontsi jwa disele tse di nnang teng ka ntlha ya go ikgaoganya ga disele di sa tlhoge sentle.”
Kankere ya mabele e simolola go tlhoga fa sele e e golafetseng e ikgaoganya, e palelwa ke go tlhoga ka tsela e e tshwanetseng mme e bo e simolola go tsala tse dingwe tse dintsi. Disele tse di ntseng jalo ga di emise go tlhola di ikatisa, mme fa nako e ya di koafatsa dithišu tse di itekanetseng tse di di dikologileng di dira gore serwe se se itshiametseng fela se nne le bolwetsi.
Go Anama le Dikarolo Tse Dingwe
Fa kankere e le fela mo mabeleng, go ka nna ga dirwa gore e se ka ya nna kotsi. Fa kankere ya mabele e anametse kwa dikarolong tse di kwa kgakala tsa mmele, e bidiwa gore ke kankere ya mabele e e setseng e aname. Seno ke sone se se bolayang batho ba le bantsi ba ba tshwerweng ke kankere ya mabele. Fa disele tsa kankere di ntsifala mme tlhagala e gola, disele tseno tsa kankere di ka nna tsa sutlha tlhagala eno ya ntlha di sa bake botlhoko bope e bile di sa lemotshege mme di bo di fetela mo lebotaneng la tsela e madi a fetang ka yone le kwa dikgelesweng tsa limfe.
Fa di le mo kgatong eno, disele tseno tsa tlhagala di ka tsamaela kwa dikarolong tse di kwa kgakala tsa mmele. Fa di ka tlhasela ditlhabantshamalwetsi tsa mmele tse di akaretsang disele tsa tlholego tse di bolayang disele tse di sa siamang tse di elelang le madi le diedi tsa limfe, disele tseno tse di kotsi di tla ikgara mo dirweng tse di botlhokwa tsa mmele wa motho, tse di jaaka sebete, makgwafo le boboko. Fa di fitlha foo di tla tsala tse dingwe gape di bo di anama gape morago ga go dira gore dirwe tseno di nne le kankere. Fa fela kankere e setse e anametse kwa dikarolong tse dingwe, botshelo jwa mosadi bo mo kotsing.
Ka jalo, selo se segolo se se ka thusang ke go lemoga kankere ya mabele e santse e simologa pele e anama. Ke eng se mosadi mongwe le mongwe a ka se dirang gore a kgone go e lemoga go sale gale? A mme gone go na le sengwe se se ka dirwang go thibela gore motho a se ka a tshwarwa ke kankere ya mabele?
[Ntlha e e kwa tlase]
a Khalori e le 1 = dikilojoule di le 4,184.
[Mafoko a a mo go tsebe 4]
Basadi ba le 3 mo go bangwe le bangwe ba le 4 ga ba kake ba supa selo sengwe se se rileng gore ke sone se se bakileng bolwetsi jono