LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g94 4/8 ts. 6-10
  • Dilo Tse Di Ka go Thusang Gore O Tshele

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dilo Tse Di Ka go Thusang Gore O Tshele
  • Tsogang!—1994
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go E Thibela le Dijo
  • Go E Lemoga go Sa Le Gale
  • Kalafi
  • Go Ngomoga Pelo le Kankere ya Mabele
  • Se Basadi Ba Tshwanetseng go Se Itse ka Kankere ya Mabele
    Tsogang!—1994
  • Kankere ya Mabele—Se o Ka se Solofelang, Kafa o ka Itshokang ka Gone
    Tsogang!—2011
  • Fa Ngwana A na Le Kankere
    Tsogang!—2011
  • Dintlha Tsa Botlhokwa Kaga go Anyisa Lebele
    Tsogang!—1994
Tsogang!—1994
g94 4/8 ts. 6-10

Dilo Tse Di Ka go Thusang Gore O Tshele

FA O ne o utlwile pego nngwe ya dikgang ya gore go na le mmolai yo o sasankang mo tikologong ya lona, a o ne o tla dira maiteko a go itshireletsa o bo o sireletsa le lelapa la gago? Gongwe o ne o tla itotlelela o bo o kokotela dikgoro tsa gago gore a se ka a kgona go tsena bonolo. E bile gape o ne o tla baya batho bape fela ba ba belaetsang ba o sa ba itseng leitlho o bo o ba bega kwantle ga go senya nako.

A basadi ga ba a tshwanela go dira se se tshwanang ka bolwetsi jo bo bolayang, kankere ya mabele? Ke eng se ba ka se dirang go itshireletsa le go dira gore ba thusege gore ba tshele?

Go E Thibela le Dijo

Go fopholediwa gore kwa United States, mofuta o le 1 mo go e le 3 ya kankere o bakiwa ke dijo. Selo santlha se o ka se dirang go itshireletsa ke go ja dijo tse di siameng tse di ka nonotshang thulaganyo ya mmele ya go lwantsha malwetsi. Lefa go sa itsiwe dijo dipe tse di ka alafang kankere, go ja dijo tse di rileng le go fokotsa go ja tse dingwe go ka go thusa go e thibela. Dr. Leonard Cohen wa American Health Foundation ya kwa Valhalla, kwa New York o ne a re: “Go ja dijo tse di tshwanetseng go ka fokotsa bodiphatsa jwa go tshwarwa ke kankere ya mabele ka masomeamatlhano lekgolong.”

Dijo tse di tletseng faeba tse di jaaka borotho le disiriele tse di tletseng dithoro di ka nna tsa thusa go fokotsa selekanyo sa horomone e e tlhagisang maši le eseterojene, gongwe ka go ikopanya le dihoromone tseno tse pedi mme di bo di di ntshetsa kwa ntle ga mmele. Go ya ka lokwalopaka lwa Nutrition and Cancer, “seno se ka nna sa kganela go tlhoga ga kankere fela kwa tshimologong.”

Go fokotsa go ja mafura a diphologolo go ka nna ga fokotsa bodiphatsa jwa gore e go tshware. Makasine wa Prevention o akantsha gore fa o tlogela go nwa maši mme o nwa fela a a ntshitsweng mafura, o fokotsa go ja botoro, o ja nama e e senang mafura, le go ja nama ya koko e tlositsweng letlalo go ka nna ga dira gore selekanyo sa mafura a diphologolo a o a jang se fitlhe mo selekanyong se se seng kotsi.

Merogo e e nang le bithamini ya A e ntsi, e e jaaka digwete, sekwatšhe, dipotata, merogo e metala, jaaka sepinitšhi, le khabetšhe le morogo wa masetete, e ka nna ya thusa. Go akanngwa gore bithamini ya A, e kganela go fetoga ga dikhemikale mo dijining tsa disele go go bakang kankere. Merogo e e jaaka borokholi, dikhabetshenyana tse dinnye, le dieie tse di tala e na le dikhemikale tse di tlhagisang diensaeme tse di sireletsang.

Mo bukeng ya Breast Cancer—What Every Woman Should Know, Dr. Paul Rodriguez o bolela gore thulaganyo ya mmele ya go lwantsha malwetsi, e e kgonang go lemoga disele tse di sa siamang le go di bolaya, e ka nonotshiwa ka dijo. O akantsha gore motho a je dijo tse di nang le ayone e ntsi tse di jaaka nama e e senang mafura, merogo e e nang le matlhare a matala, tlhapi ya logapa, maungo le merogo e e nang le bitamini ya C e ntsi. Journal of the National Cancer Institute e bolela gore maungo le merogo e e nang le bitamini ya C e ntsi di fokotsa bodiphatsa jwa go tshwarwa ke kankere ya mabele. Dinawa tsa soya le dikuno tse di sa bedisiwang tsa soya di na le genistein, e mo ditekeletsong tsa dilaboratori e kgonang go kganela tlhagala, lefa go ntse jalo ga go ise go itsewe gore e thusa go le kana kang mo bathong.

Go E Lemoga go Sa Le Gale

Buka ya Radiologic Clinics of North America ya re: “Kgato ya botlhokwatlhokwa ya go kganela kankere ya mabele e santse e le go e lemoga go sa le gale.” Malebana le ntlha eno, dikgato tse tharo tsa botlhokwa tse o ka e thibelang ka tsone ke, go itlhatlhoba mabele ka metlha, go tlhatlhobiwa ke ngaka ngwaga le ngwaga, le go itsaya ekeserei ya mabele.

O tshwanetse go itshekatsheka mabele ka metlha kgwedi nngwe le nngwe, ka jaana mosadi o tshwanetse go nna kelotlhoko go bona dilo dipe fela tse di belaetsang mo tebegong kana kafa mabele a gagwe a utlwalang ka yone, tse di jaaka fa a thatafala kana a nna le kuruga. Lefa se a se boneng se ka tswa se le sennye jang, o tshwanetse go itlhaganelela go ya ngakeng. Fa kuruga e lemogiwa ka bonako, go ka nna bonolo gore a kgone go laola se se ka mo diragalelang mo isagweng. Pego nngwe go tswa kwa Sweden e bontsha gore fa go ne go ka tlosiwa kankere ya mabele e e fetang dimilimetara di le 15 go sekae fela kana e le potlananyana ka go ariwa, go ne go ka kgonega ka 94 lekgolong gore motho yoo o tla tshela dingwaga tse dingwe gape tse 12.

Dr. Patricia Kelly o akgela jaana: “Fa go ka feta dingwaga di le 12 1/2 o sa bone matshwao a kankere ya mabele gape, ga go bonolo gore e ka go tshwara gape. . . . Mme e bile basadi ba ka rutiwa go lemoga kankere ya mabele le e le nnye mo sentimetareng [1/3 in.] ka go dirisa menwana ya bone fela.”

Go akantshiwa gore motho a tlhatlhobiwe ka metlha ngwaga le ngwaga ke mongwe yo o ithutetseng tiro eno kana ke ngaka, segolobogolo fa mosadi a sena go nna le dingwaga di le 40. Fa o lemoga gore o na le kuruga, go ka nna molemo go utlwa moitseanape wa tsa mabele kana ngaka e e arang gore yone e di bona jang.

National Cancer Institute ya kwa United States e bolela gore selo se se molemo se o ka tlhabantshang kankere ya mabele ka sone ke ka go tsaya ekeserei ya mabele ka metlha. Mofuta ono wa Ekeserei o ka kgona go lemoga kuruga gongwe dingwaga di le pedi pele o e utlwa. Mokgwa ono o buelelwa thata gore e dirwe ke basadi ba ba nang le dingwaga tse di fetang 40. Legale, Dr. Daniel Kopans, o re itsise gore: “Ga se gore ga e kake ya dira diphoso.” Ga e kgone go lemoga mefuta yotlhe ya kankere ya mabele.

Dr. Wende Logan-Young wa tlileniki ya malwetsi a mabele ya kwa New York State o ne a bolelela Tsogang! gore fa mosadi kana ngaka ya gagwe e ka lemoga sengwe se se sa siamang mme ekeserei ya mabele e sa supe sepe, gantsi go sekamelwa mo go itlhokomoloseng selo seo mme go be go dumelwa Ekeserei. O bolela gore seo ke “phoso e tona tota e re e bonang e dirwa gompieno.” O akantsha basadi gore ba se ka ba baya tsholofelo ya bone thata mo goreng ekeserei eno ya mabele e tla kgona go lemoga kankere mme ba ikanye thata go itlhatlhoba mabele a bone.

Lefa gone ekeserei ya mabele e kgona go lemoga dikuruga, ga e kgone go lemoga fa kuruga e se e e kotsi (e e seng ya kankere) kana e le e e kotsi (ya kankere). E ka lemogwa fela ka go sega le go tlhatlhoba disele le dithišu tsa fa e tlhogileng gone. Akanya fela ka Irene, yo o neng a ya go itsaya ekeserei ya mabele. Ka ntlha ya senepe sa Ekeserei, ngaka e ne ya kaya fa kuruga ya gagwe e se e e kotsi e le fela nngwe ya malwetsi a mabele, mme e ne ya re: “Ruriruri ke a tlhomamisa gore ga o na kankere.” Mooki yo o neng a mo tsaya ekeserei ya mabele o ne a tshwenyegile, lefa go ntse jalo, Irene o ne a re: “Ke ne ka ikutlwa gore fa e le gore ngaka e ne e tlhomamisega ka gone, gongwe ke ne ke dirwa ke go nna boboi fela.” Go ise go ye kae ke fa kuruga eno e gola thata, ka jalo, Irene o ne a ya go bona ngaka e nngwe. Go ne ga segwa disele le dithišu tsa fa e tlhogileng gone gore e tlhatlhobiwe mme ga lemotshega gore o ne a na le mofuta wa kankere e e golang ka bonako. Gore go kgonwe go bona gore a kuruga ke e e seng kotsi (e re ka mefuta e le 8 mo go e le 10 ya tsone e ntse jalo) kana ke e e kotsi, go tshwanetse ga segwa disele le dithišu tsa fa e tlhogileng gone mme tsa tlhatlhobiwa. Fa kuruga e lebega kana e utlwala e belaetsa kana e gola, go tshwanetse ga segwa disele le dithišu tsa fa e tlhogileng gone mme tsa tlhatlhobiwa.

Kalafi

Gone jaanong, tsela fela e e tlwaelegileng ya go alafa kankere ya mabele ke ka go e ara, go e bolaya ka marang kana go dirisa diokobatsi. Go itse gore kuruga eno ke ya mofuta ofe, e bogolo bo kae, tsela e e anamang ka yone, gore a e nametse kwa dikgelesweng tsa limfe le seemo sa gago sa go sa tlhole o bona kgwedi ka ntlha ya bogodi go ka go thusa ga bo ga thusa le ngaka ya gago gore e itse gore e go neye kalafi efe.

Karo. Go setse go fetile masomesome a dingwaga go dirisiwa thata mofuta wa karo o mo go one go segwang mabele le mesifa e e gaufi le dikgeleswa tsa limfe. Lefa go ntse jalo, mo dingwageng tsa morago jaana go ile ga dirisiwa kalafi e e somarelang mabele e e akaretsang go segwa ga kuruga fela le dikgeleswa tsa limfe go bo go dirisiwa marang go e bolaya, mme tsela e e thusang ka yone e lekana fela le ya go sega mabele le mesifa e e gaufi. Seno se dirile gore basadi bangwe ba se ka ba tlhobaela fa go tshwanela gore go segwe kuruga e nnye, ka jaana se, se se kitla se ba tshwanolola thata. Lefa go ntse jalo, British Journal of Surgery e bolela gore fa go ka dirisiwa mokgwa ono wa kalafi e e somarelang mabele mo makgarebeng a a nang le kankere mo mafelong a a farologaneng mo lebeleng le le lengwe fela kana e na le dikuruga tse di fetang disentimetara tse tharo ka bogolo, go ka nna ga direga thata gore e ba tshware gape.

Cleveland Clinic Journal of Medicine e ne ya bolela selo sa botlhokwa se se ka thusang gore motho a fole ka tsela e e se kitlang e mo tshwara gape ka go re: “Go tshelwa madi go na le seabe se segolo thata mo tseleng e motho a ka folang ka yone le mo goreng e mo tshware gape . . . fa go sena go segwa mabele le mesifa e e gaufi mme seno se sa dirwa ka botlalo.” Pego eno e ne ya bontsha gore selekanyo sa batho ba ba neng ba ka tsaya dingwaga tse tlhano ba fodile e ne e le 53 lekgolong mo setlhopheng sengwe sa batho ba ba neng ba tshetswe madi fa se bapisiwa le 93 lekgolong ya se se neng se sa tshelwa madi.

Go buiwa ka selo se sengwe gape se se ka thusang motho thata mo go The Lancet, koo Dr. R. A. Badwe a neng a bua jaana teng: “Nako e motho a dirwang karo ka yone fa e lepiwa le gore modikologo wa go bona kgwedi o fa kae, e ama se se tla diragalelang balwetsi ba kankere ya mabele ba ba santseng ba bona kgwedi.” Pego eno e ne ya bolela gore basadi ba ba neng ba segwa kuruga ka nako ya fa mmele wa bone o tlhagisa eseterojene e le ntsi, ba ne ba goga bokete go na le ba ba ileng ba ariwa ka nako e sele ya modikologo wa bone wa kgwedi—54 lekgolong ya bone e ne ya fetsa dingwaga di le lesome e fodile fa e bapisiwa le 84 lekgolong ya setlhopha seno se se umakilweng morago. Go bolelwa gore nako e e kgotsofatsang e go ka ariwang basadi ba ba nang le kankere ya mabele ba ba iseng ba emise go bona kgwedi, bobotlana ke malatsi a le 12 morago ga letsatsi la bofelo le ba bonang kgwedi ka lone.

Kalafi ya Marang. Kalafi ya marang e bolaya disele tsa kankere. Fa go dirisiwa kalafi e go somarelwang mabele mo go yone, thipa ya ngaka e e arang e ka nna ya fosa dipeonyana tsa kankere mo lebeleng fa a ntse a leka go le somarela. Kalafi ya marang e ka nyeletsa disele tse di saletseng. Lefa go ntse jalo, kalafi eno ya marang e na le bodiphatsa jwa go fetisetsa kankere mo lebeleng le lengwe. Dr. Benedick Fraass o akantsha gore go dirwe gore marang a se ka a fetela thata mo lebeleng le lengwe. A re: “Go na le dilo dingwe tse di motlhofo tse di ka dirwang go fokotsa fela thata selekanyo sa one se se fetelang mo lebeleng le lengwe fa lebele le le nang le kankere le alafiwa ka marang.” O akantsha gore lebele le lengwe le apesiwe ka sesireletsi sa lloto se se bokima jwa disentimetara di le 2,5.

Kalafi ya Diokobatsi. Go sa kgathalesege maiteko a dingaka tse di arang a go nyeletsa kankere ya mabele ka go e ara, 25 go ya go 30 lekgolong ya basadi ba go sa tswang go lemotshega gore ba na le kankere ya mabele ba na le karolonyana nngwe ya yone e e itshubileng e e santseng e le nnye go ka itshupa e e fetetseng mo dikarolong tse dingwe tsa mmele. Kalafi ya dikhemikale ke kalafi e go dirisiwang dikhemikhale tse di rileng go leka go bolaya disele tse di tlhaselang dikarolo tse dingwe tsa mmele.

Kalafi ya dikhemikale ga se makgonatsotlhe ka gonne dikuruga tsa kankere di dirilwe ka disele tse di sa tshwaneng tse nngwe le nngwe ya tsone e nang le tsela e e tshabang diokobatsi ka yone. Disele tse di sa sweng fa di alafiwa di ka nna tsa tsala dikuruga tse dingwe gape tse di sa tshabeng diokobatsi. Lefa go ntse jalo, tokololo ya January 1992 ya The Lancet e ne ya supa gore kalafi ya diokobatsi e okeleditse basadi tshono ya go tshela lesome le lengwe gape la dingwaga ka 5 go ya go 10 lekgolong, go ikaegile ka dingwaga tsa bone.

Dilo tse di diphatsa tse di bakiwang ke kalafi ya dikhemikale di ka akaretsa go feroga sebete, go tlhatsa, go tlhotlhorega moriri, go dutla mokola, go gobala pelo, go koafatsa dilwantshamalwetsi mo mmeleng, go sa tshole bana le lukemia. John Cairns o ne a akgela jaana mo go Scientific American: “Mo molwetsing yo o nang le kankere e e setseng e godile e bile e gola ka lobelo lo logolo dilo tseno di ka lebega e se tsa sepe, mme lefa go ntse jalo, mosadi yo o nang le kankere ya mabele e nnye ya [1/3 inch (sentimetara e le nngwe)] gongwe e bile e le e e dutseng golo go le gongwe fela o tshwanetse go di akanyetsa tota. Go na le bodiphatsa jwa selekanyo sa 10 lekgolong fela sa gore a ka swa ka ntlha ya kankere mo dingwageng tse tlhano tota lefa a sa newe kalafi e e oketsegileng morago ga go ariwa.”

Kalafi ya Dihoromone. Kalafi e e nyeletsang eseterojene e bolaya nonofo ya eseterojene. Seno se dirwa ka go fokotsa selekanyo sa eseterojene eno mo basading ba ba tlogang ba emisa go bona kgwedi ka ntlha ya bogodi ka go ba ntsha dikgeleswa tsa mae ka go di ara kana ka diokobatsi. The Lancet e bega gore basadi ba le 8 go ya go 12 mo go ba le 100 ba ka tshela dingwaga tse dingwe gape tse some fa ba alafiwa ka epe fela ya dikalafi tseno tse pedi.

Mosadi mongwe le mongwe yo o nang le kankere ya mabele o tshwanetse go itlhokomela botshelo jotlhe. Go tshwanetse ga elwa tlhoko thata ka gonne fa go ka direga gore kalafi e e rulagantsweng e palelwe mme matshwao a bolwetsi a boa a itshupa gape, mofuta o mongwe wa kalafi o tla tlhokega gore o bo tlhabantshe.

Mofuta o mongwe gape wa kalafi ya kankere o o nang le tsela ya one fela ya go alafa o amana le matshwao a bolwetsi a a bidiwang cachexia. Lokwalopaka lwa Cancer Research lo tlhalosa gore peditharong ya dintsho tsotlhe tsa kankere di bakwa ke cachexia, lefoko le le dirisiwang go tlhalosa go koafala ga mesifa le dithišu tse dingwe. Dr. Joseph Gold, wa Syracuse Cancer Research Institute kwa United States, o bolelela Tsogang! jaana: “Re akanya gore kuruga ga e kgone go anamela mo mmeleng kwantle fela ga fa mmele o le mo seemong se mesifa le dithišu tsa one di ka nnang tsa koafala ka ntlha ya cachexia.” Patlisiso nngwe ya kalafi e e neng ya dirwa go dirisiwa seokobatsi se se seng botlhole sa hydrazine sulfate, e ne ya bontsha gore seemo seno se ka kganelwa. Go ne ga kgonega gore kankere ya mabele e e mo kgatong ya yone ya bofelo e dirwe gore e se ka ya nna maswe thata mo 50 lekgolong ya balwetsi.

Basadi bangwe ba ne ba leka go ikalafa kankere ya mabele ka kalafi e e sa feteleng kwa teng le e e seng botlhole, ka mekgwa e mengwe ya go ikalafa e e bidiwang dirata. Dikalafi tseno ga di tshwane, bangwe ba dirisa dijo le ditlhatshana, jaaka mo kalafing ya ga Hoxsey. Lefa go ntse jalo, go phasaladitswe dipatlisiso di sekae fela tse di ka thusang motho go bona gore a mekgwa eno ya kalafi e molemo.

Lefa setlhogo seno se rulaganyeditswe go go lemotsha dilo tse di ka go thusang, maikaelelo a Tsogang! ga se go buelela kalafi nngwe. Re lo kgothaletsa lotlhe gore lo sekasekeng dilo tseno tse di farologaneng tsa kalafi ya bolwetsi jono go ya ka maemo a lona.—Diane 14:15.

Go Ngomoga Pelo le Kankere ya Mabele

Mo lokwalopakeng lwa Acta neurologica, Dr. H. Baltrusch o tlhalosa gore go ngomoga pelo fela thata le ka lobaka lo loleele go ka nna ga fokotsa nonofo ya thulaganyo ya mmele ya go lwantsha malwetsi mo go lweng le dikuruga. Thulaganyo ya mmele ya go lwantsha malwetsi ya basadi ba ba nang le letsapa, ba ba tshwenyegileng thata mo maikutlong, kana ba go seng ope yo o amegang ka maikutlo a bone e ka nna ya koafala thata go fitlha go 50 lekgolong.

Ka gone, fa Dr. Basil Stoll a ne a kwala mo go Mind and Cancer Prognosis, o ne a gatelela gore: “Go tshwanetse ga dirwa maiteko a magolo a gore go fokotsa go koafala mo mmeleng le mo tlhaloganyong ga balwetsi ba kankere ka nako ya fa bolwetsi jono bo alafiwa le fa ba sena go alafiwa.”

A o ka akanya ka lefatshe le le senang kankere ya mabele, totatota, le sena malwetsi otlhe? Seno ke se Modimo wa kgomotso yotlhe Jehofa a se solofetsang. Isaia 33:24 e bua ka nako ya fa go tla bo go sena ope mo lefatsheng yo o tla bong a re wa lwala. Tsholofetso eno e tla diragadiwa ka bonako fela fa Bogosi jwa Modimo jo bo mo diatleng tsa Morwawe, Keresete Jesu, bo tla bo bo busa ka botlalo mo lefatsheng, bo tlosa dilo tsotlhe tse di bakang malwetsi, bohutsana, le loso! Ke ka ntlha yang fa o sa bale ka tsholofelo eno e e itumedisang mo go Tshenolō 21:3 go ya go 5? Nna pelokgale o lebane le isagwe o thusiwa ke kgomotso eno ya boammaaruri.

[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 7]

Lefa go sa itsewe dijo dipe tse di ka alafang kankere, go ja dijo tse di rileng le go fokotsa go ja tse dingwe e ka nna tsela e nngwe ya go e thibela. ‘Go ja dijo tse di tshwanetseng go ka fokotsa bodiphatsa jwa go tshwarwa ke kankere ya mabele go ya go masomeamatlhano lekgolong,’ Dr. Leonard Cohen o ne a rialo

[Mafoko a setshwantsho mo go tsebe 8]

Buka ya “Radiologic Clinics of North America” ya re: “Kgato ya botlhokwatlhokwa ya go kganela kankere ya mabele e santse e le go e lemoga go sa le gale.” Malebana le ntlha eno, dikgato tsa konokono tse o ka e thibelang ka tsone ke: go itlhatlhoba mabele ka metlha, go tlhatlhobiwa ke ngaka ngwaga le ngwaga, le go itsaya ekeserei ya mabele

[Lebokoso mo go tsebe 9]

Go Itlhatlhoba—Go Tshwanetse ga Dirwa Kgwedi le Kgwedi

O TSHWANETSE go itlhatlhoba mabele malatsi a le mane kana a le supa morago ga go bona kgwedi. Basadi ba ba sa tlholeng ba bona kgwedi le bone ba tshwanetse go itlhatlhoba kgwedi le kgwedi mo letsatsing le le tshwanang.

Matshwao A O Ka A Elang Tlhoko Kgwedi le Kgwedi mo Letsatsing le le Tshwanang

• Kuruga ya bogolo bongwe le bongwe (e nnye kana e kgolo) kana go thatafala felo gongwe mo lebeleng.

• Fa letlalo la mabele le sosobana, le nna le dikhutinyana, kana le nna le dipatsonyana.

• Fa thoba ya lebele e gonyela kana e leba kwa thoko.

• Fa thoba e nna le disonyana, kana e tloboga kana e tswenatswena.

• Fa dikgeleswa tsa magwafa di gola.

• Diphetogo mo matshwaong a o tsetsweng ka one kana mo mabading a gago a mo mabeleng.

• Fa mabele a sa lekalekane jaaka gale.

Fa O Itlhatlhoba ka Bowena

Tsholetsa letsogo la gago la molema o ntse o eme ka dinao. Tobetsa mabele a gago ka karolo e e sephaphata ya menwana ya gago ya seatla sa moja o simolola pele ka ntlha e e ka kwa ntle ya lebele, o ntse o e dikolosa go sekae go le potologa le go ela kwa dithobeng tsa lone. Tlhatlhoba le karolo e e fa gare ga legwafa le lebele.

Robala fa fatshe, o bo o tsenya mosamo ka fa tlase ga legetla la molema, o bo o baya letsogo la molema mo godimo ga tlhogo kana kafa morago ga yone. Dikolosa letsogo la gago fela jaaka go kailwe fa godimo. Dira jalo le ka fa letlhakoreng la moja.

Gama thoba go sekae go bona fa go se kitla go tswa sepe. Dira jalo le ka lebele la moja.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela