LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 9/11 ts. 28
  • Lee

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Lee
  • Tsogang!—2011
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Batho ba Etsa Tsela ya Mmopi ya go Bopa
    Tsogang!—2003
  • Ke Ka Ntlhayang Fa Seno Se Diragala mo Mmeleng wa Me?
    Tsogang!—1990
  • Botshelo Jwa Motho bo Simologa Leng?
    Tsogang!—2009
  • Lenaane la Diteng
    Tsogang!—2011
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2011
g 9/11 ts. 28

A le Ne le Tlhamilwe?

Lee

● Lee la nonyane le ile la bidiwa “sephuthelwana se se gakgamatsang.” Ka ntlha yang?

Ela tlhoko: Le fa e lebega e le thata, kgapetla e e nang le calcium e ntsi ya lee la koko e ka nna le maroba a a fitlhang go 8 000 a o a bonang fela ka maekerosekoupo. Maroba ano a dira gore okesejene e kgone go tsena le gore khabonetaeokosaete e tswe—seno se botlhokwa ka gonne se dira gore kokoana e kgone go hema. Le fa go ntse jalo, kgapetla eno le dintha di le mmalwa di thibela dibaketeria gore di se ka tsa tshwaetsa kokoana e e mo leeng. Albumen—sengwe se se tshwanang le gelatin se se nang le selekanyo se se kwa godimo sa metsi—e dira gore lee le kgone go emelana le kgatelelo.

Babatlisisi ba ka rata go tsaya malebela mo tseleng e lee le dirilweng ka yone e le gore ba kgone go dira dilo tse di ka kgonang go emelana botoka le kgatelelo le go dira sengwe se se ka sireletsang maungo mo dibaketerieng le mo diparasaeteng. Le fa go ntse jalo, Marianne Botta Diener o ne a kwala jaana mo makasineng wa Vivai: “Go tsaya malebela mo dilong tsa tlholego ga go motlhofo.” O bolela gore maiteko a a setseng a dirilwe go fitlha jaanong a senya tikologo.

O akanya eng? A “sephuthelwana se se gakgamatsang” seno, e leng lee, se nnile gone ka bosone fela? Kgotsa a se ne se tlhamilwe?

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

MO TENG GA LEE

Kgapetla

Tlae

Chalaza (e tshwara tlae)

Lotha lo lo ka fa ntle

Lotha lo lo ka fa gare

Germinal disc (mo kokoana e simologang gone)

Albumen e e tshesane

Albumen e e kima

Phatlha e e se nang sepe

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela