Go sa Ikanyege go Gongwe le Gongwe!
Dannya o berekela khampani nngwe e kgolo ya kgwebo kwa Hong Kong. Fa a ne a ile kwa feketering nngwe e e neng e tla ba rekisetsa dilwana, o ne a tshwenyegile ka gore a feketeri eo e tla kgona go fitlhelela melao e e tlhokegang gore e direle khampani ya bone dilwana tseo. Moragonyana, fa ba ne ba ja dijo tsa maitseboa, manejara wa feketeri o ne a naya Danny enfelopo. Mo teng ga yone, Danny o ne a fitlhela madi a pipamolomo a a ka lekanang le diketekete tsa diranta—a a lekanang le madi otlhe a a a amogelang ka ngwaga.
● Batho ba le bantsi ba ile ba diragalelwa ke se se tshwanang le se se diragaletseng Danny. Go ralala lefatshe palo ya batho ba ba sa ikanyegeng le go anama ga gone go a gakgamatsa. Ka sekai, ditlankana tsa kgotlatshekelo di bontsha gore mo dingwageng tse di fa gare ga 2001 le 2007, khampani nngwe e kgolo ya madirelo kwa Jeremane e ne ya dirisa diranta di le 9 940 000 000 go duelela dipipamolomo gore ba newe dikonteraka.
Le fa dikgang tsa bosheng tsa matlhabisaditlhong a dikhampani tse di itsegeng di ile tsa dira gore go dirwe diphetogo dingwe tse dikgolo, go lebega maemo ka kakaretso a nnela maswe go ya pele. Patlisiso e e dirilweng ke Transparency International ka 2010 e fitlhetse gore “selekanyo sa tlolomolao se oketsegile mo dingwageng di le tharo tse di fetileng” mo lefatsheng lotlhe.
Ke eng fa go na le go sa ikanyege go go kana kana? A go a kgonega go ikanyega? Fa e le gore go ntse jalo, go ka kgonega jang? A Baebele e ka re thusa?
[Ntlha e e kwa tlase]
a Maina mangwe mo motseletseleng ono wa ditlhogo a fetotswe.