LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 3/12 ts. 4-7
  • Ke Eng fa Kgalefo e le Ntsi Thata Jaana?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Eng fa Kgalefo e le Ntsi Thata Jaana?
  • Tsogang!—2012
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Sekao sa Batsadi
  • Ditoropo Tse di Tletseng Batho
  • Bothata Jwa Ikonomi
  • Tlhaolele le Tshiamololo
  • Dithulaganyo Tsa Boitlosobodutu
  • Tlhotlheletso ya Meya e e Boikepo
  • Gana Kgatelelo
  • Baebele ya Reng ka go Galefa?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Kgalefo Ke Eng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • A go Gakala go Phoso ka Dinako Tsotlhe?
    Tsogang!—1994
  • Bothata Jwa go Galefa
    Tsogang!—2012
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2012
g 3/12 ts. 4-7

Ke Eng fa Kgalefo e le Ntsi Thata Jaana?

DILO tse di dirang gore batho ba galefe di dintsi. Tota le e leng baitsesaense ba dumela gore kgalefo ga e tlhaloganngwe sentle. Le fa go ntse jalo, dingaka tsotlhe tsa tlhaloganyo di dumalana gore rotlhe re tsibogela dilo dingwe tse di dirang gore re galefe.

Selo se se dirang gore motho a galefe e ka nna sengwe se se mo betisang pelo kgotsa se se mo tenang. Gantsi dilo tseno di bakwa ke tshiamololo. Di ka direga fa re ikutlwa re talelwa, jaaka go tlhapadiwa kgotsa go nyadiwa. Re ka galefa fa re bona e kete mongwe ga a tlotle taolo ya rona kgotsa gore o re senya leina.

Gone ke boammaaruri gore motho mongwe le mogwe o galefisiwa ke dilo tse di farologaneng. Di farologana go ya ka dingwaga le bong tota le e leng setso. Mo godimo ga moo, tsela e batho ba tsibogelang dilo tseno ka yone e a farologana. Batho bangwe ba galefa ka sewelo mme ba lebala ka bonako ka gone, fa ba bangwe bone ba kgopisega motlhofo e bile ba ka fetsa malatsi, dibeke, dikgwedi kgotsa go feta ba ntse ba galefile.

Re dikologilwe ke dilo di le dintsi tse di ka dirang gore re galefe. Mo godimo ga moo, tsela e re tsibogelang dilo tseno ka yone e ka tswa e oketsega. Ka ntlha yang? Lebaka le lengwe ke boikutlo jwa go sa akanyetse ba bangwe le jwa bopelotshetlha jo bo renang gompieno. Baebele e tlhalosa jaana: “Mo metlheng ya bofelo . . . batho ba tla nna baithati, barati ba madi, baipegi, ba ba mabela, . . . ba ba tlhogoethata, ba ba gogomosiwang ke boikgogomoso.” (2 Timotheo 3:1-5) A seo ga se tlhalose ka nepo boikutlo jo batho ba le bantsi ba nang le jone gompieno?

Ee, fa dilo di sa dirwe ka tsela e batho ba ba pelotshetlha ba batlang ka yone, gantsi ba a galefa. Gape go na le mabaka a mangwe a mantsi a go bo go galefa e le bothata jo bo golang. Ela tlhoko mangwe a one.

Sekao sa Batsadi

Batsadi ba motho ba na le tlhotlheletso e kgolo mo tseleng e botho jwa gagwe bo nnang ka yone mo dingwageng tsa gagwe tsa bongwana le tsa bosha. Moithutatlhaloganyo mongwe e bong Harry L. Mills o tlhalosa jaana: “Go tloga batho ba sa le babotlana thata, ba ithuta go bontsha kgalefo ka go etsa bogale jwa batho ba ba ba dikologileng.”

Fa ngwana a godisediwa mo lefelong le le sa siamang—lefelo le mo go lone batho ba phatlogang ka bogale tota le ka ntlha ya dilo tse di sa reng sepe—totatota ngwana yoo o thapisediwa go tsibogela mathata a botshelo ka go galefa. O ka tshwantsha maemo a ngwana yoo le sejalo se se ntseng se nosediwa ka metsi a a kgotletsweng. Sejalo se ka gola, mme se ka se gole sentle e bile gongwe se ka senyegela ruri. Ka tsela e e tshwanang, kgalefo e tshwana le metsi a a kgotletsweng mme bana ba ba golang mo lefelong le batho ba galefang thata mo go lone gantsi ba nna le mathata a go galefa fa ba nna bagolo.

Ditoropo Tse di Tletseng Batho

Ka ngwaga wa 1800, mo e ka nnang diperesente di le 3 tsa baagi ba lefatshe ba ne ba nna kwa ditoropong. Ka 2008, palo eo e ne ya oketsega go nna diperesente di le 50 mme ka 2050 go lebeletswe gore e fitlhe go diperesente di le 70. Fa batho ba le bantsi ba ntse ba itshukunyetsa mo ditoropong tse di tletseng, selekanyo sa kgalefo le go betwa ke pelo se ka nna sa oketsega. Fa re umaka sekai se le sengwe, Mexico City ke nngwe ya ditoropo tse dikgolo go gaisa le e e tletseng batho go gaisa mo lefatsheng. Go leta nako e telele mo pharakanong ke selo se segolo se se bakang tlhobaelo. E re ka Mexico City e na le batho ba ba ka nnang dimilione di le 18 le dikoloi di ka nna dimilione di le thataro, mmegadikgang mongwe o bega gore toropo eno “e ka nna motsemoshate o batho ba one ba gateletsweng thata mo maikutlong go gaisa mo lefatsheng. Pharakano ya teng e kwa godimo thata mme seo se dira gore batho ba phatloge ka bogale.”

Ditoropo tse di tletseng batho di na le dilo tse dingwe gape tse di bakang gore batho ba gatelelwe mo maikutlong, tse di akaretsang go kgotlelwa ga moya le modumo o montsi, go tlhokega ga matlo, dikgotlhang tsa ditso le selekanyo se se kwa godimo sa bokebekwa. Fa dilo tse di dirang gore batho ba gatelelwe mo maikutlong di ntse di oketsega, batho ba betwa ke pelo, ba a galefa le go fela pelo ka bonako.

Bothata Jwa Ikonomi

Go wa ga ikonomi ya lefatshe go ile ga dira gore batho mo lefatsheng lotlhe ba gatelelwe mo maikutlong le go tlhobaela. Pego ya 2010 e e kopanetsweng ke International Monetary Fund le United Nations International Labor Organization (ILO) e bolela jaana: “Go fopholediwa gore batho ba ba fetang dimilione di le 210 go ralala lefatshe ga ba bereke.” Ka maswabi, bontsi jwa batho ba ba ileng ba lebogiwa mo tirong ga ba a boloka madi a a lekaneng kgotsa ga ba bone thuso e e newang batho ba ba sa berekeng.

Mme le ba ba berekang ba a tlhobaela. Go ya ka ILO, go gatelelwa mo maikutlong go go amanang le tiro ke “bothata jwa lefatshe lotlhe.” Lorne Curtis, yo e leng mogakolodi wa dikhampani kwa Ontario, Canada, a re: “Batho ba tshaba go latlhegelwa ke ditiro tsa bone mme ba itlhaganelela go akanya ka dilo tse di maswe thata tse di ka diregang” mme o oketsa ka go re, ka ntlha ya seo, “ga ba a tlhomamisega mme gantsi ba ngangisana le mookamedi wa bone kgotsa le bathapiwa ba bangwe.”

Tlhaolele le Tshiamololo

Akanya gore o ne o ka ikutlwa jang fa o ne o ka tsenela kgaisano ya go taboga mme o bo o lemoga gore ke wena fela yo o tshwanetseng go taboga o golegilwe ka dikeetane mo maotong. Batho ba le dimilione ba ikutlwa ka tsela e e tshwanang fa ba lebana le go tlhaolwa ka lotso le mefuta e mengwe ya tlhaolele. Batho ba a galefa fa ba lebana le dilo tse di ba kgoreletsang go bona ditiro, thuto, matlo le dilo tse dingwe tsa botlhokwa.

Mefuta e mengwe ya tshiamololo le yone e ka kgoba motho marapo le go dira gore a utlwe botlhoko thata. Ka maswabi, bontsi jwa rona re kile ra direlwa tshiamololo ka nako nngwe. Dingwaga tse di fetang dikete di le tharo tse di fetileng, Kgosi Solomone yo o botlhale o ne a bolela jaana: “Bona! dikeledi tsa ba ba gatelelwang, mme ba ne ba se na mogomotsi.” (Moreri 4:1) Fa tshiamololo e le ntsi mme kgomotso e bonwa sewelo, kgalefo e ka tlala motlhofo mo pelong ya motho.

Dithulaganyo Tsa Boitlosobodutu

Go ile ga dirwa dipatlisiso tse di fetang sekete go bona gore thubakanyo e e bonwang mo thelebisheneng le mo metsweding e mengwe ya tshedimosetso e ama bana go le kana kang. James P. Steyer, yo e leng mosimolodi wa Common Sense Media, a re: “Kokomana e gangwe le gape e lebelelang thubakanyo e e setlhogo e e bontshiwang jaaka e ntse, e gola e rata dikgoka le go feta, ga e tlhole e tshoga fa e bona bosetlhogo e bile ga e tlhole e le kutlwelobotlhoko.”

Gone ke boammaaruri gore basha ba le bantsi ba gangwe le gape ba bonang thubakanyo mo thelebisheneng ga ba gole e le dikebekwa tse di setlhogo. Le fa go ntse jalo, dithulaganyo tsa boitlosobodutu gantsi di bontsha kgalefo ya dikgoka e le tsela e e amogelesegang ya go lepalepana le mathata e bile di bontsha kokomana e ntšha ya batho ba ba sa tshosiweng ke thubakanyo.

Tlhotlheletso ya Meya e e Boikepo

Baebele e senola gore go na le moya o o sa bonaleng o o tlhotlheletsang bontsi jwa kgalefo e e kotsi e re e bonang mo lefatsheng gompieno. Jang? Kwa tshimologong ya go nna teng ga batho, sebopiwa sa moya sa setsuolodi se ne sa nna kgatlhanong le Modimo Mothatayotlhe. Sebopiwa seno sa moya se se boikepo se bidiwa Satane, leina le ka Sehebera le kayang “Moganetsi” kgotsa “Mmaba.” (Genesise 3:1-13) Moragonyana, Satane o ne a tlhotlheletsa baengele ba bangwe gore ba kopanele le ene mo botsuoloding jono.

Baengele bao ba ba seng kutlo, ba ba itsiweng e le madimona kgotsa meya e e boikepo, ba latlhetswe mo lefatsheng. (Tshenolo 12:9, 10, 12) Mo godimo ga moo, ba na le “bogale jo bogolo,” e re ka ba itse gore ba saletswe ke lobaka lo lokhutshwane fela lwa nako. Ka jalo, le fa re sa kgone go bona meya eo e e boikepo, re utlwa diphelelo tsa ditiro tsa yone. Jang?

Satane le masomosomo a gagwe a madimona ba dirisa go sa itekanelang ga rona ka go re raela gore re nne le seabe mo ditirong tsa “bobaba, kgogakgogano, lefufa, go phatloga ka bogale, manganga, dikgaogano, . . . mediro ya ditlhapelo, le dilo tse di tshwanang le tseno.”—Bagalatia 5:19-21.

Gana Kgatelelo

Eleruri, fa re akanya ka mathata, dikgatelelo le ditlhobaelo tseno tsotlhe, re tlhaloganya gore ke ka ntlha yang fa batho ba galefa fa ba ntse ba leka go diragatsa maikarabelo a bone a letsatsi le letsatsi.

Kgatelelo ya go galefa le go ntsha kgalefo e o ntseng o e bolokile e ka go fekeetsa! Setlhogo se se latelang se tla re thusa go bona kafa re ka laolang kgalefo ka teng.

[Lebokoso mo go tsebe 5]

O KA TSWA O NA LE MATHATA A A MASISI FA E LE GORE . . . 

▶ O galefisiwa ke go nna o letile mo moleng kwa lebenkeleng.

▶ Gangwe le gape o ngangisana le badiri ka wena.

▶ Ka dinako tse dingwe o tlhorega boroko ka gonne o akanya o galefile ka sengwe se se go tenneng motshegare.

▶ Go thata gore o itshwarele batho ba ba go kgopisitseng.

▶ O palelwa ke go laola maikutlo a gago gangwe le gape.

▶ Gantsi fa o sena go galefa o ikutlwa o swabile kgotsa o ikwatlhaya.a

[Ntlha e e kwa tlase]

a E theilwe mo tshedimosetsong e e tswang go MentalHelp.net.

[Lebokoso mo go tsebe 6]

DIPALOPALO TSA GO GALEFA

Mental Health Foundation ya kwa Lontone, kwa Engelane, e ne ya gatisa pego e e nang le setlhogo se se reng Boiling Point—Problem Anger and What We Can Do About It. Dilo tsa konokono tse di fitlhetsweng mo pegong eno di akaretsa dipalopalo tse di latelang:

Diperesente di le 84 di ikutlwa di gateletswe mo maikutlong kwa tirong go gaisa dingwaga tse tlhano tse di fetileng.

Diperesente di le 65 tsa batho ba ba berekang mo diofising ba ile ba galefa ka bobone kgotsa ba bona ba bangwe ba galefa kwa ofising.

Diperesente di le 45 tsa babereki ba a galefa kwa tirong.

Diperesente tse di ka nnang 60 tsa batho ba ba sa tleng tirong ga ba tle tirong ka gonne ba na le kgatelelo ya maikutlo.

Diperesente di le 33 tsa Baboritane ga ba buisane le baagelani ba bone.

Diperesente di le 64 di dumela thata kgotsa di dumela fela gore batho ka kakaretso ba galefa le go feta.

Diperesente di le 32 di bolela gore di na le tsala e e gaufi kgotsa mongwe mo lelapeng yo o nang le bothata jwa go laola kgalefo [ya gagwe].

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

Go phatloga ga gago ka bogale go ka ama bana ba gago jang?

[Setshwantsho mo go tsebe 6]

A dithulaganyo tsa boitlosobodutu di tlhotlheletsa tsela e o lebang kgalefo le dikgoka ka yone?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela