Baebele ya Reng . . .
Ke Eng fa o Tshwanetse go Akgola ba Bangwe?
BATHO ba le bantsi ba akanya gore ba bangwe ga ba lemoge maiteko a bone. Ka sekai, gantsi bathapiwa ba ikutlwa ba sa anaanelwe ke bathapi ba bone. Batho ba le bantsi ba ba mo lenyalong ba dumela gore balekane ba bone ga ba ba tseye ba le botlhokwa. Mme bana bangwe ba akanya gore le ka motlha ba ka se ka ba fitlhelela se batsadi ba bone ba se lebeletseng mo go bone. Kwantle ga pelaelo maikutlo ano otlhe a ne a ka se nne teng fa rotlhe re ne re iketleeditse go akgolana gangwe le gape.
Gompieno batho ga ba a tlwaela go akgola ba bangwe go tswa pelong. Seno ga se gakgamatse ka gonne Baebele e ne ya bolelela pele jaana: “Mo metlheng ya bofelo go tla nna le dinako tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone. Gonne batho ba tla nna baithati, . . . ba ba sa lebogeng, ba ba sa ikanyegeng.”—2 Timotheo 3:1, 2.
A mongwe o kile a go akgola go tswa pelong? Fa go le jalo o itse kafa go akgolwa go ka itumedisang le go kgothatsa ka teng. Baebele ya re: “A bo lefoko ka nako ya lone e e tshwanetseng le le molemo jang ne!” (Diane 15:23) Dikwalo Tse di Boitshepo di ka re thusa go dirisana ka bopelonomi.
Batla Dinonofo Tse di Molemo Mo go Ba Bangwe
E re ka Modimo a amega thata ka rona, o lemoga dinonofo le ditiro tsa rona tse di molemo e bile o a di anaanela. Baebele e re tlhomamisetsa jaana: “Matlho [a Modimo] a ya kwa le kwa mo lefatsheng lotlhe gore a bontshe ba pelo ya bone e feletseng mo go ene nonofo ya gagwe.” (2 Ditiragalo 16:9) Fa re bontsha gore re rata Modimo ka go ikobela melao ya gagwe, ruri o tla lemoga seo.
Jehofa Modimo ga a senke diphoso tsa rona. Fa a ka bo a dira jalo, ga go ope wa rona yo o neng a ka ema. (Pesalema 130:3) Mo boemong jwa moo, Jehofa o tshwana le motho yo o berekang mo moepong yo o feferang matlapa ka bopelotelele a batla maje a a tlhwatlhwakgolo. Fa modiri yono a bona leje le le tlhwatlhwakgolo, o a ipela. Leje le ka nna la se ka la lebega le le tlhwatlhwakgolo mme modiri o kgona go bona gore le ka nna le boleng. Ka tsela e e tshwanang, fa Modimo a hukutsa pelo ya rona, o batla dinonofo tse di tlhwatlhwakgolo, e seng diphoso. Fa a di bona, o a itumela. O itse gore fa re tswelela re tokafatsa dinonofo tseo re ka nna batho ba botlhokwa—baobamedi ba ba ikanyegang le ba ba ineetseng ba ga Jehofa.
Re ka ithuta mo sekaong sa Modimo. Fa re leba ba bangwe, re ka nna ra tlhoma mogopolo mo diphosong tsa bone. Mme fa re leba batho jaaka Jehofa a ba leba, re tla batla dinonofo tsa bone tse di molemo. (Pesalema 103:8-11, 17, 18) Fa re di bona, re ka ba akgola. Seo se tla felela ka eng? Ruri se re se buang se tla ba lapolosa e bile ba ka nna ba leka le go feta gore ba dire se se siameng! Mo godimo ga moo, re tla nna le boitumelo jo bo nnang teng ka ntlha ya go aba.—Ditiro 20:35.
Lemoga Ditiro Tse di Molemo
Gantsi Jesu o ne a lemoga ditiro tsa batho tse di molemo a bo a ba akgolela tsone. Nako nngwe fa mosadi mongwe yo o tshogileng yo o lwalang a ne a tshwara seaparo sa gagwe sa kafa ntle gore a fodisiwe, Jesu o ne a mo akgola a re: “Morwadiaka, tumelo ya gago e go fodisitse.”—Mareko 5:34.
Ka lekgetlho le lengwe, fa Jesu a ne a ruta mo tempeleng kwa Jerusalema, o ne a bona bahumi ba le bantsi ba latlhela madi mo matloleng a matlotlo. Go tswa foo o ne a bona motlholagadi yo o humanegileng a latlhela “madinyana a tshipi a mabedi a tlhwatlhwa e nnye fela thata.” Ba bangwe ba ne ba ntshitse madi a mantsi go mo feta. Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a akgola motlholagadi yono phatlalatsa ka ntlha ya bopeloephepa jwa gagwe, a re: “Ke lo bolelela boammaaruri, Motlholagadi yono, le mororo a humanegile, o latlhetse go feta kafa botlhe ba dirileng ka gone. Gonne botlhe bano ba latlhetse dimpho tse di tswang mo go se se setseng sa bone, mme mosadi yono go tswa mo letlhokong la gagwe o latlhetse gotlhe mo a itshedisang ka gone mo a neng a na le gone.”—Luke 21:1-4.
Re ka etsa Jesu jang? Baebele ya re: “O se ka wa gana ka molemo mo go ba o ba tshwanetseng, fa go le mo maatleng a seatla sa gago go o dira.”—Diane 3:27.
Go Akgola go Botlhokwa
Mo lefatsheng la gompieno la batho ba ba sa lebogeng, rotlhe re tlhoka go tsewa re le botlhokwa le go ratiwa. Fa re akgola ba bangwe go tswa pelong, re a ba nonotsha e bile re a ba kgothatsa. Go dira jalo go ba kgothaletsa gore ba tswelele ba dira bojotlhe jwa bone.—Diane 31:28, 29.
Baebele e rotloetsa Bakeresete botlhe jaana: “A re akanyetsaneng gore re tlhotlheletsaneng mo loratong le mo ditirong tse di molemo.” (Bahebera 10:24) Lefatshe le ka bo le le botoka fa mongwe le mongwe a ka bo a bontsha gore o amega ka ba bangwe, a batla dinonofo tsa bone tse di molemo e bile a ba akgolela ditiro tsa bone tse di molemo. Eleruri, go akgola go botlhokwa!
A O KILE WA IPOTSA GORE . . .
● Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go akgolela ba bangwe ditiro tsa bone tse di molemo?—Diane 15:23.
● Fa Jehofa a re tlhatlhoba, o batla eng mo go rona?—2 Ditiragalo 16:9.
● Ke leng mo re tshwanetseng go akgola ba bangwe?—Diane 3:27.
[Setshwantsho mo go tsebe 29]
A o lemoga ditiro tse di molemo tsa ba bangwe o bo o ba akgolela tsone?