Bontsha Batho Gore O a Ba Kgatlhegela—Ka go Ba Akgola
1 Go akgola batho go tswa pelong go a ba kgothatsa, go ba tlhotlheletsa gore ba dire sengwe e bile go a ba itumedisa. Baboledi ba le bantsi ba fitlhetse gore go akgola batho go tswa pelong gantsi go dira gore ba batle go re reetsa fa re le mo bodireding. Re ka akgola batho jang fa re ntse re leka go ba bolelela dikgang tse di molemo?
2 Nna Kelotlhoko: Jesu Keresete yo o galaleditsweng o ne a lemoga ditiro tse di molemo tsa diphuthego tse supa kwa Asia Minor. (Tshen. 2:2, 3, 13, 19; 3:8) Ka tsela e e tshwanang, fa re kgatlhegela batho ba re kopanang le bone mo bodireding seno se tla re tlhotlheletsa gore re batle ditsela tse re ka ba akgolang ka tsone. Ka sekai, o bona jarata e e tlhokometsweng sentle, motsadi yo o bontshang gore o rata bana ba gagwe kgotsa mong wa ntlo a re dumedisa a nyenya, dilo tseno tsotlhe di re naya tshono ya go ba akgola. A o ela tlhoko ditshono tse di ntseng jalo le go di dirisa?
3 Nna Moreetsi yo o Molemo: Fa o rerela ba bangwe, dira gore ba ntshe maikutlo a bone ka go ba botsa dipotso tse di tshwanetseng. Ba bontshe tlotlo ka go reetsa ka kelotlhoko se ba se buang. (Bar. 12:10) Gongwe o ka nna wa kgona go bona sengwe se o ka ba akgolelang sone mme o bo o tsweletsa motlotlo wa lona pele ka dilo tse lo dumalanang ka tsone.
4 Dirisa Temogo: Re tshwanetse go dira eng fa mong wa ntlo a bua sengwe se se sa dumalaneng le thuto ya Baebele? Go na le gore o nnele go ganetsana le mong wa ntlo ka se a se buileng, lebogela gore o tlhalositse tsela e a ikutlwang ka yone, go tswa foo o bo o re “Ke a lemoga gore o ntse o akanya thata ka kgang eno.” (Bakol. 4:6) Le fa motho a ganetsa, re ka nna ra mo akgolela go kgatlhegela kgang e go buiwang ka yone. Tsela e e ntseng jalo e e bonolo e ka nolofatsa motho yo a bonalang a sa amogele dikgang tse di molemo.—Dia. 25:15.
5 Gore batho ba tle ba solegelwe molemo re tshwanetse go ba akgola go tswa pelong. Go dirisa puo e e ntseng jalo e e agang go tlotla Jehofa e bile go ka dira gore ba bangwe ba utlwe molaetsa wa Bogosi.