Go Akgolwa go a Kgothatsa
1 Maitseboa fa go ya go robalwa, mosetsanyana o ne a lela mme a botsa mmaagwe a re, “A ke ne ke sa itshwara sentle gompieno?” Potso eo e ne ya gakgamatsa mmaagwe thata. Le fa a ne a lemogile kafa mosetsanyana wa gagwe a neng a lekile ka natla ka teng go itshwara sentle letsatsi leo, o ne a sa mo akgola le fa e le ka lefoko le le lengwe fela. Dikeledi tsa mosetsanyana yono di tshwanetse tsa re gopotsa gore rotlhe—bannye le bagolo—re tlhoka go akgolwa. A re kgothatsa ba ba gaufi le rona ka go bontsha gore re anaanela tiro ya bone e e molemo?—Dia. 25:11.
2 Bakeresete ka rona ba dira dilo tse dintsi tse di molemo tse re ka di ba akgolelang. Bagolwane, batlhanka ba bodiredi le babulatsela ba dira ka natla go diragatsa maikarabelo a bone. (1 Tim. 4:10; 5:17) Batsadi ba ba boifang Modimo ba dira bojotlhe jwa bone gore ba godisetse bana ba bone mo ditseleng tsa ga Jehofa. (Baef. 6:4) Basha ba Bakeresete ba tshwere phage ka mangana ba lwa le “moya wa lefatshe.” (1 Bakor. 2:12; Baef. 2:1-3) Ba bangwe ba direla Jehofa ka boikanyegi le fa ba tsofetse, ba lwala kgotsa ba na le diteko tse dingwe. (2 Bakor. 12:7) Batho botlhe ba ba ntseng jalo ba tshwanelwa ke go akgolwa. A re ba akgolela maiteko a bone a mantle?
3 Akgola Motho ka Tlhamalalo: Ke boammaaruri gore rotlhe re a itumela fa sebui se akgola phuthego kwa seraleng. Le fa go ntse jalo, re kgothala le go feta fa re akgolwa ka tlhamalalo. Ka sekai, mo go kgaolo 16 ya lokwalo lo Paulo a neng a lo kwalela Baroma, o ne a akgola bangwe ka tlhamalalo ba ba jaaka Febe, Periseka le Akhwila, Teraefina le Teraefosa, Peresise le ba bangwe. (Bar. 16:1-4, 12) Ruri mafoko a gagwe a tshwanetse a bo a ile a kgothatsa batho bao ba ba ikanyegang fela thata! Go akgola bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona jalo go ba tlhomamisetsa gore re a ba tlhoka gape go dira gore re atamalane le bone. A o kile wa akgola mongwe ka tlhamalalo bosheng jaana?—Baef. 4:29.
4 Akgola Motho go Tswa Pelong: E le gore kakgolo e nne e e kgothatsang tota, e tshwanetse ya tswa pelong. Batho ba kgona go bona gore a re bua go tswa pelong kgotsa re ‘bua puo e e borethe’ fela. (Dia. 28:23) Fa re ntse re ithuta go lemoga se se molemo mo go ba bangwe, pelo ya rona e tla tlhotlheletsega go ba akgola. A re akgoleng ba bangwe ka bopelotshweu mme re ba akgola go tswa pelong, re itse gore ‘lefoko ka nako ya lone e e tshwanetseng le molemo thata!’—Dia. 15:23.