EURO 2012—Tiragalo ya Botlhokwa mo Hisitoring
A O RATA go lebelela lobebe lwa kgwele ya dinao—kgotsa le e leng go e tshameka? Fa go le jalo, o tshwanetse wa bo o itse ka metshameko ya UEFA (Union of European Football Associations) EURO 2012, e e rulaganyeditsweng go simolola kwa Warsaw, Poland, ka June 8, e bo e konela ka motshameko wa bofelo o o tla tshwarwang ka July 1, kwa Kiev, Ukraine. EURO 2012 ke eng mme go dirilwe dipaakanyetso dife gore e nne gone? Ke eng se se dirang gore e nne tiragalo ya botlhokwa mo hisitoring?
“Re Dira Hisitori Mmogo”
Dikgaisano tsa kgwele ya dinao tsa kwa Yuropa di ntse di tshwarwa kwa Yuropa nako le nako morago ga dingwaga di le nnè fa e sa le ka 1960. Dingwe tsa dinaga tse di farologaneng tse di kileng tsa tshwara metshameko eno ke Austria, Belgium, Engelane, Fora, Italy, Jeremane, Netherlands, Portugal, Spain, Sweden, Switzerland le Yugoslavia.
Monongwaga, kgaisano eno e tla tshwarelwa kwa Poland mmogo le kwa Ukraine. Kwa Poland, metshameko e tla tshwarelwa kwa ditoropong tsa Gdańsk, Poznan, Warsaw le Wroclaw. Kwa Ukraine, metshameko e tla tshamekelwa kwa Donetsk, Kharkiv, Kiev le L’viv.
Go ya ka UEFA, leno “e tla bo e le lekgetlho la boraro metshameko e tshwarelwa kwa dinageng tse pedi (morago ga Belgium/Netherlands ka 2000 [le] Austria/Switzerland ka 2008).” Le fa go ntse jalo, EURO 2012 e botlhokwa mo hisitoring. Ka tsela efe? Metshameko ya monongwaga ke matswela a tirisanommogo ya dinaga tse pedi tse metshameko e tla tshwarelwang kwa go tsone le tirisanommogo ya barulaganyi ba metshameko eno mme gape e tla bo e le yone ya ntlha go tshwarelwa kwa Bogare le Botlhaba jwa Yuropa. Ka jalo, moano wa semmuso o o tlhophetsweng tiragalo ya monongwaga ke “Creating History Together [Re Dira Hisitori Mmogo].”
Dipaakanyetso
Gone ke boammaaruri gore sengwe sa botlhokwa thata se se tshwanetseng go rulaganngwa fa go baakanyediwa metshameko epe fela ke mafelo a a tshwanetseng le a lekaneng a metshameko. Ka jalo, ditoropo tsa Poznan le Kharkiv tse metshameko e tla tshwarelwang kwa go tsone di tlhabolotse ditadiamo tse di ntseng di le teng, mme ditadiamo tse di kwa ditoropong tse dingwe tse thataro tsone di disha gotlhelele. Ditadiamo tseno tsotlhe di ka tshola batlamotshamekong ba ka nna 358 000.
E re ka go lebeletswe batlamotshamekong ba bantsi jaana, barulaganyi ba kwa ditoropong tse go tla bong go tshamekelwa kwa go tsone ba akanyeditse kwa teng e bile ba tsere matsapa a magolo ka kgang ya go baakanya dilo tse di amanang le pabalesego. Badiredi ba tsa tshireletsego ba le diketekete ba ntse ba thapisediwa tiragalo eno. Go ya ka Science & Scholarship in Poland, thapiso ya bone e ne ya akaretsa “go ikatisetsa mekgwa ya tshireletso mo ditiragalong tse dingwe di ka nna 140 mo go neng go akaretsa . . . go laola boidiidi jwa batho, go dira gore go nne le mafelo a a sireletsegileng le go dirisana le ditlhopha tsa tshireletso tsa dinaga di sele.”
Ke eng fa go tlhokega go tsaya dikgato tse di ntseng jalo? Sa ntlha, balaodi ba lemoga gore metshameko e megolo e ka tlhaselwa ke dirukhutlhi. Gape ba itse gore batlamotshamekong ba ba leratla ba ba sa itshwareng sentle gantsi ba ka ntsha ba bangwe kotsi, fela jaaka go ile ga diragala mo nakong e e fetileng fa go nna le thubakanyo e bile batho ba tswa mo taolong.
Go Leba Dilo ka Tsela e e Siameng
Ka maswabi, babogedi ba le bantsi ba rata metshameko ka tsela e e feteletseng. Molatedi wa setlhopha sengwe a re: “Ga ke itumelele botshelo e bile ga bo nne le bokao fa setlhopha se ke se ratang [sa kgwele ya dinao] se sa tshameke sentle. . . . Ruri ke dumela gore fa [go ne] go ka lebega e kete go tla nna le ntwa ya nuklea, sengwe se ke neng ke tla tshwenyega thata ka sone e ne e tla nna gore a metshameko ya mafelobeke a a latelang e tla amiwa ke seo.”
Go farologana le seno, ela tlhoko tsela e e siameng ya go leba dilo malebana le boitapoloso, e e fitlhelwang mo bukeng ya bogologolo e e nang le mafoko a a botlhale—Baebele. E bontsha gore boitapoloso jo bo siameng bo botlhokwa mo botshelong fa e re go na le “nako ya go tshega . . . le nako ya go tlolaka.” (Moreri 3:1-4) Gape Baebele e kgothaletsa go dira dilo ka tekatekano. (1 Timotheo 3:2, 11) Ka jalo, fa re dira tshwetso ya gore ke eng se se tlang pele mo botshelong jwa rona, go ka nna molemo go latela kgakololo ya Baebele ya gore re “bone pharologano fa gare ga se se botlhokwa le se se seng botlhokwa” re bo re “tlhopha se se botlhokwa.”—Bafilipi 1:10, Easy-to-Read Version.
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 25]
MOTSOKO GA O A LETLELELWA KWA EURO 2012
Ka October 20, 2011, UEFA e ne ya itsise gore e tla “thibela gotlhelele go dirisiwa, go rekisiwa kgotsa go bapadiwa ga motsoko mo ditadiamong tsotlhe tse di tla dirisediwang metshameko ya UEFA EURO 2012.” Ke ka ntlha yang fa motsoko o thibetswe? Michel Platini, poresidente ya UEFA, o ne a re: “Boikaelelo jwa go thibela go dirisiwa ga motsoko kwa EURO 2012 ke go tlotla botsogo jwa batlamotshamekong ba rona le jwa ba bangwe botlhe ba ba nang le seabe mo metshamekong.” Mongwe wa batho ba ba emang nokeng thibelo eno ke Mokomishinara wa Yuropa e bong Androulla Vassiliou, yo o neng a kgothaletsa ditoropo tse go tla tshwarelwang metshameko eno mo go tsone gore di thibele motsoko le mo mafelong a mangwe, a a jaaka diresetšhurente le dipalangwa tsa batho botlhe. Vassiliou a re: “Kgwele ya dinao le metshameko di amana le boitekanelo le go nna matlhagatlhaga mme motsoko one o dira se se farologaneng: tota ga di kopane.”
[Mmapa mo go tsebe 24]
(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)
POLAND
WARSAW
Gdańsk
Poznan
Wroclaw
UKRAINE
KIEV
L’viv
Kharkiv
Donetsk
[Setshwantsho mo go tsebe 24]
Motshameko wa makgaolakgang wa EURO 2008 magareng ga Jeremane le Spain o o neng o tshwaretswe kwa Setadiamong sa Ernst Happel se se kwa Vienna, Austria
[Setshwantsho mo go tsebe 25]
Setadiamo sa Olympic se se kwa Kiev, Ukraine
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 25]
Pages 24 and 25, both photos: Getty Images