LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g99 5/8 ts. 28-30
  • Euro—Madi a Masha mo Kontinenteng ya Bogologolo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Euro—Madi a Masha mo Kontinenteng ya Bogologolo
  • Tsogang!—1999
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kgopolo Eno e Simolotse Jang?
  • Bangwe ba go Leba go le Molemo . . . 
  • . . . Ba Bangwe ba go Tsaya e le Phutso
  • A go Tla Siamela Dinaga Tsotlhe?
  • “Go Tshameka Morabaraba ga Maemo a a Kwa Godimo”
  • Yuropa e e Dirilweng Seoposengwe—Ke ka Ntlha Yang Fa e Tshwanetse go go Ama?
    Tsogang!—2000
  • A Ruri Yuropa e Tla Nna Seoposengwe?
    Tsogang!—2000
  • EURO 2012—Tiragalo ya Botlhokwa mo Hisitoring
    Tsogang!—2012
  • Dilo Tsa Maitirelo—Bothata Jwa Lefatshe Lotlhe
    Tsogang!—1996
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1999
g99 5/8 ts. 28-30

Euro—Madi a Masha mo Kontinenteng ya Bogologolo

TONA ya matlotlo e e neng e itumetse ya kwa Fora e ne ya loma ledi le lesha la tshipi mme ya re: “Ke lona tota, ga se la metshamekwane. Ke la ntlha le le dirilweng mo Fora le mo Yuropa yotlhe.” Ledi leno la tshipi e ne e le euro ya ntlha e e dirilweng mo madirelong a madi a puso kwa Fora. E ne e le ka Mantaga, May 11, 1998.

Euro ke eng? E tlile go ama jang bommalapa, badiri, bajanala le dikgwebo mo Yuropa yotlhe? A e tlile go ama ikonomi ya lefatshe lotlhe ka tsela nngwe? Pele ga o latlha di-deutsche mark, di-lire kana di-franc tsa gago, o tla dira sentle go itse dikarabo tsa dipotso tseno.

Kgopolo Eno e Simolotse Jang?

Fa Kgolagano ya Maastricht e ne e fetola Lekgotla la Dinaga Tsa Yuropa e le dira Dinaga Tse di Kopaneng Tsa Yuropa, ka November 1, 1993, nngwe ya mekgele ya yone e megolo e ne e le go dira gore dinaga tsotlhe tse di welang mo tlase ga yone di dirise madi a le mangwe fela.a Fa e sa le go tloga mo metlheng ya Roma, Yuropa ga e ise e ko e dirise madi a le mangwe fela. Go ne ga swediwa gore madi ano a masha a tla bidiwa euro. Ga se dinaga tsotlhe tsa Dinaga Tse di Kopaneng Tsa Yuropa tse di nang le seabe mo kgannyeng eno ya gore go dirisiwe madi a le mangwe. Ke dinaga di le 11 fela mo go di le 15 tsa Dinaga Tse di Kopaneng Tsa Yuropa tse jaanong di leng mo seemong sa go dirisa euro. Dinaga tseno ke Austria, Belgium, Finland, Fora, Ireland, Italy, Jeremane, Luxembourg, Netherlands, Portugal le Spain. Greece ga ya kgona go fitlhelela melao e e gagametseng ya ikonomi gore e kgone go nna le seabe. Tse dingwe di le tharo tsone—Boritane, Denmark le Sweden—di tlhophile go beelwa kwa thoko ka sebaka seno.

Euro e tla simololwa go dirisiwa ka iketlo. Go simolola ka January 4 monongwaga, go ne ga simolola ga dirisiwa euro fa go dirwa dikananyo tsa madi le dinaga tse dingwe mo dikgwebong tse di sa diriseng madi ka tlhamalalo. Madi a tshipi a euro le a dipampiri a tla nna a tsenngwa mo tirisong mo lobakeng lwa dikgwedi di le thataro go simolola ka January 1, 2002—mme e tla re morago ga go moo, madi a pele a neng a dirisiwa ke dinaga tse di nang le seabe gongwe a tla bewa kwa dimusiamong le kwa matloleng a kgopotso. Go lekanyediwa gore di-euro di tla emisetsa madi a dipampiri a a ka nnang dimilione di le dikete di le 12 le a tshipi a le dimilione di le dikete di le 70, a palogotlhe ya boima jwa one e leng ditone di le 300 000. Go solofelwa gore fa nako e ntse e tsamaya, dinaga tse di setseng tsa Dinaga Tse di Kopaneng Tsa Yuropa le tsone di tla bo di kgona go tsena mo lekokong leno le le dirisang madi a le mangwe.

Tona ya matlotlo ya kwa Austria e boletse jaana kaga go fetogela kwa go diriseng euro: “Re eme mo masimologong a motlha o mosha fa Yuropa e tla bo e kopana go nna selo se le sengwe fela.” Le fa go ntse jalo, batho ba kwa Yuropa ba na le maikutlo a a sa tshwaneng malebana le euro eno, ba le diperesente di le 47 ba ba nang le maikutlo a gore go dirisa madi a le mangwe fela go tla fetola Yuropa go e dira naga e e nonofileng thata mo ikonoming, le ba le diperesente di le 40 ba ba dumelang gore euro e tlile go koafatsa ikonomi ya Yuropa. Bangwe ba ne ba bo ba bolela gore go dirisa madi a le mangwe fela go ka nna ga tsosa ntwa! Ba ba fa gare bone ke “Ba ba sa batleng go ipofa ka euro” ba ba sa kgoneng go dira tshwetso ya gore ba tlhophe gofe, ba ba bonang mosola wa go nna le madi a le mangwe fela kwa Yuropa mme gone ba ipotsa gore a jaana selo seno se tla atlega.

Bangwe ba go Leba go le Molemo . . . 

Setlhopha se se kwa godimo thata se se laolang sa Dinaga Tse di Kopaneng Tsa Yuropa e bong Komishene ya Dinaga Tsa Yuropa se boletse jaana: “Ka go dira gore go nne le madi a le mangwe, Yuropa e tla bo e neela banni ba yone, bana ba yone le balekane ba yone . . . sesupo se se bonalang sentle sa gore re ya lefelong le le lengwe fela le rotlhe re le itlhophetseng ka go rata: e bong la go aga naga e e theilweng mo kagisong le mo katlegong.”

Batho ba ba buelelang euro eno ba bolela melemo e mentsi e e ka nnang teng fa go dirisiwa madi a le mangwe fela. Ga go na go go ja madi a a oketsegileng go ananya madi a gago ka a dinaga disele. Sekai se gantsi se umakiwang ke sa mojanala yo o dirang ka natla wa kwa Yuropa yo o etelang dinaga tsotlhe di le 14 tsa Dinaga Tse di Kopaneng Tsa Yuropa tse e seng naga ya gaabo. Ka sekai, fa e le gore o simolotse a na le di-deutsche mark di le 1 000 mme a nna a fetola madi a gagwe mo nageng nngwe le nngwe, o tla feleletsa a na le di-mark di le 500 ka ntlha ya go duelela go ananya fela!

Gape dilwana tse di romelwang kwa ntle ga naga le tse di tsenang mo nageng ga di na go tlhola di duedisetswa gore di rekwa ka madi a naga e sele. Ka mo go tshwanang, go dirisa madi a le mangwe fela gotlhe go tla dira gore go se ka ga tlhola go duelwa madi a a sa bonaleng a a bakwang ke go fetofetoga ga boleng jwa madi. Fa boleng jwa madi a naga e e rileng bo fokotsega, dilwana tse di romelwang mo nageng eo di ja madi a mantsi thata. Gantsi seno se baka go tlhatloga ga ditlhwatlhwa. Ka jalo, fa Yuropa e dirisa madi a le mangwe fela yotlhe, mme go se na mathata a go fetofetoga ga dituelo tsa go ananya madi, seno se ka ngoka babeeletsi ba dinaga tse dingwe gore ba tle go beeletsa mono.

Gape baetleetsi ba euro ba bona seno se tlile go fokotsa ditlhwatlhwa tsa dilo mo Yuropa yotlhe. Bareki le dikgwebo jaanong ba setse ba kgona go bapisa ditlhwatlhwa kwa ntle ga mathata, mme fa madi a tshipi le a dipampiri a euro a simolola go dirisiwa ka 2002, go tla nna motlhofo le go feta. Go lebeletswe gore go se tlhole go rekisiwa setlhagisiwa se le sengwe ka ditlhwatlhwa tse di farologaneng mo dikarolong tse di farologaneng tsa Yuropa, e leng selo se se tla solegelang modirisi molemo.

. . . Ba Bangwe ba go Tsaya e le Phutso

Batshwayadiphoso le bone ba ntsha maikutlo a bone. Ba na le maikutlo a gore euro e tlile go bofa ikonomi ya Yuropa, e dire gore e se ka ya kgona go fetofetoga le maemo e bo e e thibele go gola. Ba bonela pele gore go dirisa madi a le mangwe fela go tla oketsa botlhokatiro, go gogele batho gore ba leke go dira dikgwebo tse dikgolo tse di ka nnang tsa se ka tsa atlega mo dimmarakeng tsa madi, mme go bake dikgotlhang tsa dipolotiki. Dikgotlhang tse di ntseng jalo tsa dipolotiki di ne di setse di bonala. Tsaya ka sekai kganetsano e e gareng ga Jeremane le Fora ya gore ke mang yo o tshwanetseng go nna tlhogo ya European Central Bank, yo o tlileng go tlhokomela tsela e euro e dirisiwang ka teng. Go ka nna ga lebelelwa dikganetsano tse dintsi tse di ntseng jalo gonne naga nngwe le nngwe e e leng leloko la Dinaga Tse di Kopaneng Tsa Yuropa e batla go tlhokomela ditlhoko tsa yone ka boyone.

Kwa dinageng dingwe tsa Dinaga Tse di Kopaneng Tsa Yuropa, botlhokatiro bo setse bo gaketse thata gone jaanong. Batho ba bantsi ba bolela gore go leka go fokotsa ditshenyegelo le go tlhatlosa lekgetho go go tlhokegang go fitlhelela ditekanyetso tse di beilweng gore go dirisiwe madi a le mangwe, ke tsone tse di bakang bothata jono. Go ralala Yuropa yotlhe batho ga ba dumalane le melao e e gagametseng ya tsa itsholelo e e akaretsang go thibela go dira ga dithulaganyo tse di dirwang ka bopelotshweu tsa katlaatleloloago, tsa phenshene le tsa boitekanelo. Go gagamatsa melao jalo mo go tsa itsholelo go tlile go tsaya lobaka lo lo kae? A dinaga dingwe di tla raelesega go repisa letsogo go senene fa jaanong go setse go dirisiwa euro? A molao ono o o repileng go senene ga o kitla o tsosa tlhakatlhakano fa jaanong go setse go dirisiwa madi a le mangwe fela mo Yuropa yotlhe?

Ba bangwe ba supa ka moo batho ba bangwe ba ratang madi a naga ya bone thata ka teng. Madi a naga ga se kgang fela ya go nna le one mo kgetsaneng. Gape mo go ba le bantsi ke hisitori ya naga ya bone, letshwao le le tlhomologileng le le tshwanang le folaga. Madi a naga ke letshwao le setšhaba se le dirisang go amogela dilo tsa bone, go bala dilo, go lekanyetsa dilo, go gweba le go ipolokela dilo ka lone. Ka sekai, fa Bajeremane ba tla bo ba bona dipalo di fokotsega ka sephatlo mo diakhaontong tsa bone tsa kwa bankeng fa madi a fetolelwa go euro, dipalo tsa Bantadiana tsone di tla fokotsega ka palo e e arotsweng ga 2 000 fa go tla bo go sa tlhole go dirisiwa lira. Patlisiso nngwe e bontsha gore go fetogela go euro e tlile go nna selo se se “hutsafatsang thata” go Bayuropa ba le bantsi.

A go Tla Siamela Dinaga Tsotlhe?

Bomankge bangwe ba tsa ikonomi kwa Dinageng Tse di Kopaneng Tsa Yuropa le kwa United States ba gatelela gore le fa gone maemo a dipolotiki a ka amogela gore go dirisiwe madi a le mangwe, diikonomi tsa Yuropa di makgaoganyane thata, batho ba tsone ba namile medi mo dinageng tse ba nnang mo go tsone le ditso tsa bone di farologane gotlhelele. Ka jalo, go farologana le banni ba kwa United States, batho ba kwa Yuropa ba ba latlhegelwang ke ditiro tsa bone ba ka se kgone go phutha dilwana tsa bone motlhofo fela ba bo ba tsamaya sekgala se seleele go ya go batla mmereko go sele. Bomankge bangwe ba dumela gore go sa kopane gono go dira gore ditšhaba tse di tlileng go dirisa euro di se ka tsa kgona go itsetsepela ka mo go tlhokegang gore di ka dirisa ikonomi e le nngwe le dinaga tse dingwe mme ka ntlha ya moo tsa se ka tsa kgona go dirisa madi a le mangwe le dinaga tse dingwe.

Batshwayadiphoso ba bolela gore fa go tla bo go dirisiwa madi a le mangwe fela, dipuso tse di farologaneng ga di na di kgona go fetofetoga le maemo fa di lebane le mathata a ikonomi. Ba bolela gore euro e tla dira gore dinaga tse di farologaneng di se ka tsa tlhola di nna le maatla mo ikonoming ya tsone mme maatla otlhe a tla bo a tserwe ke European Central Bank e ntšha, e e kwa Frankfurt, kwa Jeremane. Kgabagare, seno se tla dira gore melao e e laolang go duelwa ga lekgetho le melawana e mengwe ya ikonomi mo kontinenteng yotlhe e gagamale go feta jaaka e ntse gone jaanong. Batshwayadiphoso ba bolela gore maphata a botsamaisi le a botlhomamolao a a kwa Brussels le kwa Strasbourg a tla nna le taolo. Eleruri, Kgolagano ya Maastricht e batla gore go nne le tshwaragano ya sepolotiki e kgabagare e tla bong e tlhokometse melao ya botswakwa le ya tshireletso mmogo le melao ya ikonomi le ya setšhaba. A phetogo eno e tla atlega kwantle ga mathata ape? Go tla bonala fa nako e ntse e ile.

“Go Tshameka Morabaraba ga Maemo a a Kwa Godimo”

Kgabagare, dibanka le disupamakete di setse di simolotse go dirisa euro, di simolola diakhaonto di dirisa euro le go baya ditlhwatlhwa tsa euro fa thoko ga ditlhwatlhwa tsa madi a a tlwaelegileng. Boikaelelo ke gore go se nne le mathata ape fa go fetogelwa kwa go yone ka ngwaga wa 2002. Makasine mongwe o o balwang thata wa kwa Fora o setse o abile di-calculator tse di fetang 200 000 tse di kgonang go fetolela di-franc tsa kwa Fora go di bontsha e le di-euro.

A nako nngwe euro e tla bo e gaisana le dolara ya kwa United States ka maatla? Ba le bantsi ba na le maikutlo a gore fa euro e sena go amogelwa, United States ga e kitla e tlhola e itaola jaaka e itaola mo diikonoming tsa lefatshe. Ba bonela pele gore euro e tla nna madi a a dirisiwang mo dibankeng tsa lefatshe lotlhe fela jaaka dolara. Jill Considine wa New York Clearing House Association a re: “Re tlile go nna le selo se sesha se re gaisanang ka sone.”

Isagwe ya euro e tlile go nna efe? Morulaganyi mongwe wa dikgang wa kwa Jeremane e bong Josef Joffe o bitsa go dirisa madi a le mangwe fela a re ke “go bidikamisa madi ga Yuropa ga maemo a a kwa godimo thata” le “go tshameka morabaraba ga maemo a a kwa godimo.” O oketsa ka gore: “Fa go ka palelwa, go tla bo go sentse bontsi jwa se Yuropa e se fitlheletseng mo dingwageng di le 50 tse di fetileng.” Tona ya matlotlo ya kwa Fora o ne a bua se se mo maikutlong a Bayuropa ba le bantsi fa a ne a bolela jaana: “Go ka solofelwa dilo di le dintsi ga ba ga boifiwa dilo di le dintsi.”

[Ntlha e e kwa tlase]

a Go bona tshedimosetso e e oketsegileng kaga Lekgotla la Dinaga Tsa Yuropa, bona dimakasine tsa Tsogang! tsa February 22, 1979, ditsebe 4-8 le December 22, 1991, ditsebe 20-4 (ka Seesemane).

[Lebokoso mo go tsebe 30]

TSHEDIMOSETSO KA EURO

• Euro e le nngwe e feta dolara e le nngwe ya kwa United States go sekae

• Madi a pampiri a euro a tla nna ka dikarolo di le supa: di-euro di le 5, 10, 20, 50, 100, 200 le 500

• Mo letlhakoreng le lengwe madi a pampiri a euro a tla nna le mmapa wa Yuropa le maborogo a a tlwaelegileng mme mo go le lengwe, go nne le ditshwantsho tsa mafensetere kana tsa dikgoro

• Mafoko “EURO” le “ΕΥΡΩ” a tla tlhagelela oo mabedi mo mading a pampiri, go emela mekwalo ya Seroma le ya Segerika

• Madi a tshipi a euro a tla nna ka dikarolo di le robedi: sente e le 1, disente di le 2, 5, 10, 20 le di le 50 mmogo le euro e le 1 le di le 2

• Madi a tshipi a tla nna le setshwantsho se se tshwanang sa Yuropa mo letlhakoreng le lengwe, mme mo letlhakoreng le lengwe e nne setshwantsho se se farologaneng sa setšhaba mo nageng nngwe le nngwe

[Mmapa mo go tsebe 29]

(For fully formatted text, see publication)

DINAGA TSE DI KOPANENG TSA YUROPA

BORITANE

DENMARK

SWEDEN

GREECE

Dinaga tse di nang le seabe gone jaanong mo go direng gore go dirisiwe madi a le mangwe fela

IRELAND

PORTUGAL

SPAIN

BELGIUM

FORA

NETHERLANDS

JEREMANE

LUXEMBOURG

FINLAND

AUSTRIA

ITALY

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 28]

All currency on pages 28-30: © European Monetary Institute

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela