LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 6/12 ts. 28
  • Ditiragalo Tsa Lefatshe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ditiragalo Tsa Lefatshe
  • Tsogang!—2012
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go na Le Mefuta ya Ditshedi e le Kae mo Lefatsheng?
  • Thutamarope ka Sathalaete
  • Thulaganyo e e Raraaneng ya Botshelo
    Tsogang!—2001
  • Mefuta ya Ditshedi E e Mo Kotsing ya go Nyelela—Bogolo Jwa Bothata Jono
    Tsogang!—1996
  • Motho Kgatlhanong le Tlholego
    Tsogang!—2001
  • Lebaka La go Bo Mefuta ya Ditshedi E le Mo Kotsing ya go Nyelela
    Tsogang!—1996
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2012
g 6/12 ts. 28

Ditiragalo Tsa Lefatshe

Banni ba lefatshe ba ne ba feta dibilione di le 7 kwa bofelong jwa 2011, “ba oketsegile go tloga go dibilione di le 6 ka 1999.”—HARVARD SCHOOL OF PUBLIC HEALTH, U.S.A.

“Ka kakaretso, diperesente di le 58,8 tsa batho mo [United Kingdom] ba ne ba re ba akanya gore lelapa la bone le ne le ka solegelwa molemo ke go nna le nako e go sa dirisiweng didirisiwa tsa thekenoloji ka yone, nako e ka yone didirisiwa tsotlhe tsa tlhaeletsano di neng di timilwe . . . Motho a le mongwe mo go ba le bararo o ne a ikutlwa a fekeediwa ke didirisiwa tsa tlhaeletsano tsa thekenoloji mo a neng a sa tlhole a batla go di dirisa.”—UNIVERSITY OF CAMBRIDGE, BORITANE.

“Fa e sa le ka 1976, khonferense ya bobishopo ba Katoliki kwa Amerika e ile ya ntsha lefoko . . . pele ga ngwaga mongwe le mongwe wa ditlhopho tsa boporesidente go thusa Bakatoliki go dirisa tumelo ya bone fa ba tlhopha mo dipolotiking.”—FORDHAM UNIVERSITY, U.S.A.

“Fa go na le palo e e lekaneng ya dikebekwa tse di batlang go tsosa tlhatlharuane mo mebileng, di ka kgona go dira jalo. . . . Go se kgatlhegele go tshela ka melao ya boitshwaro go amile palo e potlana ya basha ba Boritane, e leng karolo e nnye ya setšhaba mme e le kgolo mo e ka tlhaselang naga le go e tlhabisa ditlhong.”—THE ECONOMIST, BORITANE.

Go na Le Mefuta ya Ditshedi e le Kae mo Lefatsheng?

Baitsesaense ba patlisiso ya bone e leng mo lokwalopakeng lwa PLoS Biology ba re: “Re sa ntse re sa tlhomamisega fela thata gore go na le mefuta e le kae ya ditshedi, mme seo se bontsha kafa re tlhaelang ka gone mo kitsong ya rona ya motheo ka dilo tse di tshelang mo lefatsheng.” Le fa ba fopholetsa gore go na le mefuta ya ditshedi e ka nna golo gongwe fa gare ga dimilione di le 7,5 le dimilione di le 10, baitse ba bangwe bone ba fopholetsa gore e ka nna fa gare ga dimilione di 3 le dimilione di le 100. Ga jaanong, go na le mefuta e ka nna dimilione di le 1,2 ya ditshedi e e setseng e itsiwe e bile e teilwe maina mme go dumelwa gore ka selekanyo se go dirwang tiro eno ka yone, go ka tsaya dingwaga di feta 1 000 go dira lenaane la tse di setseng. Babatlisisi ba re: “Kgatelopele eno e e bonya ya go tlhalosa mefuta ya ditshedi e tla dira gore ditshedi tse dingwe di fele pele re ka itse gore di kile tsa nna teng.”

Thutamarope ka Sathalaete

Baithutamarope ba dirisa mokgwa o mosha wa go batla mafelo a a nang le dilo tse di ba kgatlhang. Ba dirisa dithulaganyo tsa khomputara tse di ba thusang go bona marope mo ditshwantshong tse di tserweng ka dikhamera tsa sathalaete tse di dirisang high-resolution le infrared. Ka sekai, go bolelwa gore ditshwantsho tse di tserweng dikilometara di le 700 kwa godimo ga Egepeto di senotse mafelo a dipiramiti di le 17 tse pele go neng go sa itsewe ka tsone, mabitla a bogologolo a le 1 000 le metse e ka nna 3 000 e go neng go sa tlhole go itsewe sepe ka yone. E re ka dikhamera tse di dirisang infrared di kgona go tsaya ditshwantsho kwa teng ga lefatshe, mokgwa ono wa thekenoloji o senola dikago tse go setseng go lebetswe ka tsone tse di kafa tlase ga mmu e bile di sa bonale mo godimo ga lefatshe.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela