Wena O ne O Tla Fetola Eng?
Ke selo sefe se se go tshwenyang thata mo lefatsheng la rona?
TLALA
KHUMANEGO
MALWETSE
BOKEBEKWA
TSHIAMOLOLO
NTWA
KGOTLELO
TLHAOLELE
Ke sefe sa dilo tse di latelang se o ka ratang thata go se bona se direga?
KAGISO GARENG GA DITŠHABA
KALAFI E E BOTOKA LE E BATHO BA KA KGONANG GO E DUELELA
GO FELA GA TLHAOLELE
DIJO TSE DI LEKANENG LE METSI A A NOWANG A A LEKANENG
MAFELO A BONNO A A BABALESEGILENG
TIKOLOGO E E PHEPA
BATHO BOTLHE BA DIRELWE TSHIAMISO
A diphetogo tse o eletsang go di bona mo lefatsheng di tla tsamaya di direga? Batho bangwe ba ka re puso ke yone e e ka lereng diphetogo tseno. A babusi ba lefatshe ba ka fetola lefatshe la rona gore le nne botoka? Ditiragalo di senola eng?