LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 7/12 ts. 4-8
  • Go Tshwanetse ga Fetoga Eng?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Tshwanetse ga Fetoga Eng?
  • Tsogang!—2012
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Bothata Jwa Lefatshe Lotlhe
  • Tumalano ya Setšhaba
  • Bagolegwa ba Khumanego
    Tsogang!—1998
  • Wena O ne O Tla Fetola Eng?
    Tsogang!—2012
  • Leroborobo mo Lekgolong la Bo20 la Dingwaga
    Tsogang!—1997
  • Se o Ka se Dirang Gore o Itekanele
    Tsogang!—1995
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2012
g 7/12 ts. 4-8

Go Tshwanetse ga Fetoga Eng?

“Puso e ka se rarabolole mathata a rona; ke yone e bakang mathata a rona.” —Ronald W. Reagan, mo puong ya gagwe fa a ne a tlhomiwa go nna moporesidente wa bo40 wa United States.

GO SETSE go fetile dingwaga di feta 30 fa e sa le Ronald Reagan a bua mafoko ao. Ka nako eo, United States e ne e lebane le kgwetlho e kgolo—e Reagan a neng a e bitsa “bothata jo bo seng kana ka sepe jwa ikonomi.” O ne a tlhalosa jaana: “Re lebane le go tlhatloga ga ditlhwatlhwa go go tsereng lobaka lo loleele thata e bile e le go go maswe go feta gope go go kileng ga direga mo hisitoring ya setšhaba sa rona. Go fetile masomesome a dingwaga re koelanya dikoloto tse dintsi, gore re dire dilo tse re ka di itumelelang gone jaanong mme e le tse di tla nnang le ditlamorago tse di botlhoko mo isagweng ya rona le ya bana ba rona. Fa re ka tswelela ka tsela eno, ruri re tlile go bona phetogo e kgolo e e bakang dikgaruru tse dintsi mo setšhabeng, mo setsong, mo dipolotiking le mo ikonoming.”

Le fa tsela e Reagan a neng a leba dilo ka yone e ne e ka lebega e se na tsholofelo, o ne a na le tsholofelo ka selekanyo se se rileng. O ne a re: “Go tsere masomesome a dingwaga gore re nne le mathata a re lebaneng le one a ikonomi. A ka se tseye malatsi, dibeke kgotsa dikgwedi gore a fele, mme gone a tla fela.”—Mokwalo o o sekameng ke wa rona.

Seemo se lebega jang gompieno? Pego ya 2009 ya Department of Housing and Urban Development ya kwa United States e ne ya re: “Batho ba le bantsi ba ntse ba . . . kgorelediwa ke go dirisiwa thata ga dilo tsa motheo tse di jaaka ditsela, metsi le motlakase, go tlhaela ga matlo le dithulaganyo tsa kalafi tse di siilweng ke nako. Tota e bile, [kemedi ya lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng ya] UN-HABITAT e lebeletse gore mo dingwageng di le 30 tse di tlang, motho a le mongwe mo go ba le bararo o tla bo a tshela a se na tsholofelo ya go tokafatsa maemo a a tshelang mo go one—a se na thulaganyo ya go tlosa leswe le go thibela malwetse e bile a se na metsi a a phepa, a lebane le dilo tse di gaufi le go direga tse di bakwang ke go fetoga ga tlelaemete, mme seo se tla anamisa malwetse gongwe se anamise le malwetse a leroborobo.”

Bothata Jwa Lefatshe Lotlhe

Go sa kgathalesege gore o nna kae, akanya ka dipotso tse di latelang:

● A o ikutlwa o eme sentle mo go tsa madi go feta dingwaga tse di lesome tse di fetileng?

● A o akanya gore wena le lelapa la gago lo bona tlhokomelo e e siameng le e e lekaneng ya kalafi?

● A o bona lefelo le o nnang mo go lone le le phepa go feta pele e bile tikologo e tokafetse?

● Fa o leba isagwe, a o akanya gore dilo di tla tokafala mo dingwageng di le 10, 20 kgotsa 30 tse di tlang?

Tumalano ya Setšhaba

Dipuso di le dintsi di na le se se bidiwang tumalano ya setšhaba—tumalano e e kwadilweng kgotsa e e sa bolelwang ka tlhamalalo ya babusi le baagi e e tlhalosang ditshwanelo le maikarabelo a matlhakore ano oomabedi. Ka sekai, ka kakaretso, go lebeletswe gore baagi ba ikobele melao ya naga, ba duele makgetho ba bo ba thuse go dira gore tikologo e nne e e babalesegileng. Gantsi babusi bone ba solofetsa dilo tse di jaaka tlhokomelo e e lekaneng ya tsa kalafi, go tshwara batho ka tekatekano le ikonomi e e tlhomameng.

Dipuso di dirile jang mo dintlheng tseno tse tharo? Sekaseka bosupi mo ditsebeng tse tharo tse di latelang.

Tlhokomelo e e Lekaneng ya Tsa Kalafi

Se batho ba ka ratang go bona se direga: Kalafi e batho ba ka kgonang go e duelela e bile e bereka.

Se tota se diregang:

● Pego ya World Bank e e kaga thulaganyo ya go tlosa leswe le go thibela malwetse le e e kaga boitekanelo ya re “letsatsi le letsatsi bana ba le 6 000 ba bolawa ke malwetse a a bakwang ke go tlhoka thulaganyo e e siameng ya go tlosa leswe le go thibela malwetse, go sa nne phepa le go dirisa metsi a a sa siamelang go nowa. Bolwetse jwa letshololo bo le nosi fela bo bolaya ngwana a le mongwe metsotswana mengwe le mengwe e le 20.”

● Patlisiso e kgolo e e dirilweng ka 2008 ke Mokgatlho wa Lefatshe Lotlhe wa Boitekanelo (WHO) malebana le tsela e tlhokomelo ya tsa kalafi e dirwang ka yone kwa “dinageng tse di humileng le tse di humanegileng” e ne ya bontsha gore “ga e a lekalekana fela thata” le gore “ga e dire se batho ba ntseng ba se tlhoka le go feta, e leng thuso ya kalafi e e fitlhelelang ditlhoko tsa batho, e e tekatekano, e e sa jeng madi a mantsi e bile e bereka.”

Dingwaga di le pedi moragonyana, mokgatlho wa WHO o ne wa fitlhela gore “dipuso mo lefatsheng lotlhe ga di kgone go duelela tlhokomelo ya tsa kalafi. Fa batho ba ntse ba gola, fa ba le bantsi ba ntse ba tsenwa ke malwetse a a sa foleng le fa go ntse go nna le mefuta e mesha le e e jang madi a mantsi ya kalafi, ditlhwatlhwa tsa kalafi le tsone di ya kwa godimo.”

● Go nnile le phetogo nngwe e e kotsi mo go tsa tlhokomelo ya kalafi: Diokobatsi tse go tweng ke makgonatsotlhe di ka nna tsa se tlhole di bereka. Malwetse a a bakwang ke megare a a kileng a bo a bolaya batho ba le dimilionemilione bogologolo, a a jaaka lepero le thiibi, a ne a kgona go laolwa ka dibolayabaketeria tse di neng tsa simolola go dirisiwa ka bo1940. Mme jaanong, go ya ka pego ya WHO ya World Health Day 2011, “megare e le mentsi e e bakang malwetse e e sa kgoneng go laolwa ke dibolayabaketeria e simolola go nna gone le go anama ka bofefo. Melemo e le mentsi ya botlhokwa e palelwa ke go alafa malwetse. Melemo e e bolayang megare e simolola go tlhaela.”

Se se tshwanetseng go fetoga: Re batla go bona go diragadiwa ga boporofeti jwa Baebele jo bo bolelelang pele nako e ka yone go tla bong go se “na monni ope yo o reng: ‘Ke a bobola.’”—Isaia 33:24.

Tshiamiso le Tekatekano

Se batho ba ka ratang go bona se direga: Go fedisiwa ga tlhaolele kgatlhanong le batho ba ditlhopha tse di tseelwang kwa tlase le go sotliwa ga basadi; go lekalekanngwa ga batho ba ba humileng thata le ba ba humanegileng thata.

Se tota se diregang:

● Pego e e neng ya dirwa ke Leadership Conference on Civil Rights Education Fund e bolela jaana: “Tirisodikgoka e e dirwang mo bathong, mo mafelong a kobamelo le mo ditheong tsa setšhaba ka ntlha ya go tlhaola batho ka lotso, ka bodumedi, ka gore motho o kgatlhegela batho ba bong bofe kgotsa ka gore ke wa setšhaba sefe e sa ntse e dirwa ka selekanyo se se kwa godimo thata e bile e sa ntse e le bothata jo bogolo mo Amerika.”

● Pego ya lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng e e neng ya newa babegadikgang e e neng e theilwe mo pegong ya Progress of the World’s Women: In Pursuit of Justice ya re: “Basadi ba le dimilionemilione mo lefatsheng lotlhe ba tswelela ba direlwa tshiamololo le tirisodikgoka e bile ba tseelwa kwa tlase kwa magaeng a bone, kwa tirong le mo setšhabeng.” Ka sekai, kwa Afghanistan, diperesente di ka nna 85 tsa basadi ba koo ga ba bone thuso ya kalafi fa ba belega. Kwa Yemen ga go na melao e e thibelang tirisodikgoka ya mo lapeng. Ka kakaretso kwa Democratic Republic of the Congo basadi ba feta sekete ba a betelelwa letsatsi le letsatsi.

● Ka October 2011, Motsamaisimogolo wa lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng e bong Ban Ki-moon o ne a re: “Lefatshe la rona le tletse dilo tse dintsi tse di sa tsamaisaneng gotlhelele. Go tlhagisiwa dijo tse dintsi mme batho ba le bilione ba bolawa ke tlala. Batho ba se kae ba tshela botshelo jwa manobonobo mme ba bangwe ba le bantsi ba tshelela mo khumanegong. Go na le kgatelopele e kgolo mo go tsa kalafi mme bommè ba swa letsatsi le letsatsi ba belega . . . Go dirisiwa madi a mantsintsi go reka dibetsa tse di bolayang batho go na le go ba sireletsa.”

Se se tshwanetseng go fetoga: Re batla go bona batho ba ditlhopha tse di tseelwang kwa tlase le basadi ba tshwarwa ka tekatekano mme go fedisiwe batho ba ba ‘tsayang tshiamiso ka thata mo go ba ba bogisiwang.’—Isaia 10:1, 2.

Ikonomi e e Tlhomameng

Se batho ba ka ratang go bona se direga: Batho botlhe ba nne le ditiro; batho ba eme sentle mo go tsa madi.

Se tota se diregang:

● Worldwatch Institute e bega gore “go na le batho ba ba oketsegileng ba ba ka kgonang go bereka gore ba godise ikonomi ya lefatshe mme go ka tswa go se na ditiro tse di ba lekaneng. International Labor Organization (ILO) e fopholetsa gore ka ntlha ya kwelotlase ya bosheng jaana ya ikonomi, palo ya batho ba ba se nang ditiro e ne ya fitlha go dimilione di le 205 ka 2010.”

● Pego ya dikgang tsa BBC e bolela jaana: “International Labour Organization (ILO) e tlhagisitse gore ikonomi ya lefatshe lotlhe e lebane le nako e nngwe gape le e e masisi go feta pele ya go latlhegelwa ke ditiro ga batho e e ka felelang ka dikhuduego mo setšhabeng. Go fokotsega ga kgolo ya ikonomi ga bosheng jaana go kaya gore go tla tlhamiwa halofo fela ya ditiro tse di tlhokegang. . . . Mokgatlho [ILO] ono gape o lemogile gore batho ga ba a kgotsofala e bile ba galefile ka ntlha ya go tlhoka ditiro le ka gonne go lebega bangwe ba sa tsenye letsogo mo maitekong a go rarabolola bothata jwa ikonomi. O ile wa re go ka direga gore dinaga di le dintsi di lebane le dikhuduego, segolobogolo dinaga tse di mo EU le tse di mo kgaolong ya Arabia.”

● Buka ya The Narcissism Epidemic e e gatisitsweng ka 2009 ya re kwa United States, “bontsi jwa batho ba kolota madi a a fetang $11 000 [R86 000] mo dikarateng tsa bone tsa sekoloto, madi a a fetang a ba neng ba a kolota ka 1990 go menagane gararo.” Bakwadi ba buka eno ba gatelela gore batho ba le bantsi ba tsena mo dikolotong gore fela ba lebege ba humile. Buka eno ya re: “Baamerika ba bona batho ba na le dikoloi le diaparo tsa manobonobo ba bo ba akanya gore ba humile. Boammaaruri ke gore gantsi go botoka go akanya gore ba mo dikolotong.”

Se se tshwanetseng go fetoga: Batho botlhe ba tshwanetse go nna le ditiro e bile ba tshwanetse go dirisa madi ka tsela e e siameng. Baebele ya re ‘madi ke tshireletso’ mme gape e tlhagisa gore “lorato lwa madi ke modi wa mefuta yotlhe ya dilo tse di utlwisang botlhoko.”—Moreri 7:12; 1 Timotheo 6:10.

Go ya ka tshedimosetso e e mo go tsebe 4 go ya go tsebe 8, go ka lebega go se na lebaka la go solofela gore dilo di tla tokafala mo isagweng. Mme gone go na le tsholofelo. Lefatshe la rona le tla fetoga le nne botoka—mme e se ka ntlha ya maiteko a dipuso tsa batho.

[Lebokoso/Kerafa mo go tsebe 5]

Basha ba re ba ne ba ka fetola eng mo lefatsheng? Go ya ka Web site ya 4children.org, patlisiso e e neng ya dirwa kwa Boritane mo baneng ba ka nna 2 000 ba dingwaga tse di fa gare ga 4 le 14 e ne ya bontsha gore ba ne ba ka dira dilo tse di latelang:

[Kerafa]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

100%

GO FEDISA TLALA

GO FEDISA DINTWA GO FEDISA

KHUMANEGO

75%

GO DIRA GORE BATHO

GO THIBELA GO BA TSHWARWE KA TEKATEKANO

GO GOTELA GA

MOYA O O MO LOAPING

50%

25%

0%

[Lebokoso/Kerafa mo go tsebe 5]

Jeremane e senotse dilo tse basha ba ka nna 500 ba ba fa gare ga dingwaga di le 14 le 18 ba amegileng thata ka tsone.

Dingwe tsa dilo tse basha ba neng ba tsaya di se botlhokwa go le kalo e ne e le borukutlhi le go oketsega ga batho. Tota le mathata a ikonomi a ne a le kwa tlase mo lenaaneng la bone la dilo tsa botlhokwa. Go ya ka tlhaloso ya Bertelsmann Foundation, seo se ka tswa se bakwa ke gore basha ba ba nnileng le seabe mo patlisisong eno ga ba ise ba amiwe ke mathata ao ka tlhamalalo.

[Kerafa]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

100%

75% KHUMANEGO

GO FETOGA GA TLELAEMETE

GO TLHOKA DIJO LE LE GO SENNGWA GA

METSI A A NOWANG TIKOLOGO

50% MALWETSE A LEROBOROBO MO LEFATSHENG

OTLHE LE MALWETSE A MANGWE

25%

0%

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela