LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 7/12 ts. 13-15
  • Go Thusa Bana Ba ba Hutsafetseng

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Thusa Bana Ba ba Hutsafetseng
  • Tsogang!—2012
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kafa Tumelo ya Me e Nthusitseng Ka Teng go Lebana le Masetlapelo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Tatlhegelo e go Lebegang O ka Se Itshokele
    Tsogang!—2011
  • “Le fa E le Leng Fela fa lo Rapela, lo re, ‘Rara’”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • Thusa Ngwana wa Gago go Itshokela Kutlobotlhoko
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2012
g 7/12 ts. 13-15

Go Thusa Bana Ba ba Hutsafetseng

Ruri ga go motlhofo go itsise motho yo o godileng ka loso lwa mongwe yo a mo ratang. Mme akanya fela gore go ka nna jang fa o tshwanelwa ke go bolelela ngwana.

MO BANENG ba le bantsi, go tlhokafalelwa ke mongwe mo lelapeng kgotsa tsala e ka nna selo se se tlhakanyang tlhogo—tota le e leng go tshosa. Go thusa ngwana mo nakong eno ya khutsafalo e ka nna kgwetlho, segolobogolo fa e le gore batsadi le bone ba hutsafetse. Aitsane, le bone ba tlhoka go gomodiwa.

Batsadi bangwe ba leka go nolofatsa kgang ka go bolelela ngwana gore moswi o ba tlogetse kgotsa o ile. Mme mafoko a a ntseng jalo ga a boammaaruri e bile a a tsietsa. Ka jalo, o ka bua le ngwana jang ka loso?

Renato le Isabelle, ba e leng Basupi ba ga Jehofa, ba ne ba lebana le kgwetlho e e ntseng jalo. Fa morwadiabone wa dingwaga di le tharo le halofo e bong Nicolle a ne a tlhokafala, ba ne ba tshwanelwa ke go thusa morwaabone e bong Felipe, yo ka nako eo a neng a na le dingwaga di le tlhano, go amogela kgang ya gore Nicolle o tlhokafetse.

Tsogang!: Lo ne lwa tlhalosetsa Felipe jang ka loso lwa ga Nicolle?

Isabelle: Re ne ra leka go mmolelela boammaaruri le gore re se ka ra mo fitlhela sepe. Re ne ra mo kgothaletsa gore a botse dipotso mme ka metlha re ne re leka go di araba ka tsela e ngwana wa dingwaga tsa gagwe a neng a ka tlhaloganya ka yone. Nicolle o ne a bolailwe ke bolwetse jo bo bakilweng ke bakateria, ka jalo re ne ra mmolelela gore mogare mongwe o ne o tsene mo mmeleng wa gagwe mme dingaka tsa se ka tsa kgona go o bolaya.

Tsogang!: A lo ne lwa bolelela Felipe se lo se dumelang malebana le loso?

Renato: Re ne re itse gore go bua le Felipe ka dilo tse re di dumelang tse di theilweng mo Baebeleng malebana le loso go ne go tla mo gomotsa. Baebele ga e potapote—e ruta gore baswi ga ba itse sepe. (Moreri 9:5) Re ne re akanya gore fa re tlotla ka kgang eno le Felipe, seno se ne se tla fedisa dipoifo dipe tse a ka tswang a na le tsone—jaaka go boifa go sala a le nosi bosigo.

Isabelle: Gape Baebele e ruta gore batho ba ba tlhokafetseng ba tla tsosediwa mo lefatsheng la paradaise. Ke se re se dumelang mme re ne re akanya gore se tla thusa le Felipe. Ka jalo, re ne ra tlotla le ene ka se Baebele e se rutang. Re ne ra tlotla ka pego ya Baebele ya fa Jesu a ne a tsosa morwadia Jairo wa dingwaga di le 12. Go tswa foo re ne ra tlhalosetsa Felipe gore Nicolle le ene o tla tsosiwa. Ke se Baebele e se rutang.—Mareko 5:22-24, 35-42; Johane 5:28, 29.

Tsogang!: A lo akanya gore Felipe o ne a kgona go tlhaloganya tshedimosetso eo yotlhe?

Renato: Ee, re dumela gore o ne a e tlhaloganya. Bana ba kgona go itshokela loso botoka fa ba tlhaloseditswe sentle ka tsela e e motlhofo, e e tlhaloganyesegang e bile ba boleletswe boammaaruri. Ga go na lebaka la go ba fitlhela sepe ka loso. Loso ke selo sa mmatota. Ka maswabi, ke selo se se re diragalelang rotlhe. Ka jalo, batsadi ba tshwanetse go ruta bana ba bone kafa ba ka itshokelang loso ka teng, fela jaaka re ile ra dira moragonyana ka morwaarona yo mmotlana e bong Vinicius.a

Tsogang!: A lo ile lwa tsamaya le Felipe kwa phitlhong?

Renato: Morago ga go sekaseka melemo le mathata a gone, re ne ra swetsa ka gore re se ka ra tsamaya le ene. Bana ba dingwaga tsa gagwe ba amega maikutlo ka bonako. Gone ke boammaaruri gore batsadi bangwe ba ka swetsa ka gore ba tsamaye le ngwana wa bone, mme ngwana mongwe le mongwe o lebana le seemo ka tsela e e farologaneng le ya yo mongwe. Fa e le gore lo tsamaya le ngwana go ya phitlhong, go ka nna molemo go mmolelela se tota se tlileng go direga.

Tsogang!: Loso lwa ga Nicolle e tshwanetse ya bo e ne e le nako e e lo ngomolang pelo. A lo ne lo tshwenyegile ka gore morwa wa lona a se ka a lo bona lo lela?

Isabelle: Ga re ise re tsamaye re leke go fitlhela Felipe kafa re ikutlwang ka teng. Fa e le gore Jesu ka boene o ne “a tsholola dikeledi” fa a ne a swetswe ke mongwe yo a mo ratang, ke ka ntlha yang fa rona re sa tshwanela go dira jalo? (Johane 11:35, 36) Mme ke ka ntlha yang fa Felipe a ne a sa tshwanela go re bona re lela? E re ka re ne re sa fitlhe kafa re hutsafetseng ka teng, seo se ne sa bontsha Felipe sentle gore go lela ga go phoso. Ke tsela fela ya go bontsha kafa o ikutlwang ka teng. Re ne re batla gore Felipe a bone gore le ene a ka bontsha maikutlo a gagwe, go na le go a fitlha.

Renato: Fa go nna le masetlapelo mo lapeng, gantsi bana ba simolola go ikutlwa ba sa sireletsega. Ka jalo, fa rona batsadi re bontsha kafa re ikutlwang ka teng, bana le bone ba tla phuthologa go ntsha maikutlo a bone. Fa re sena go reetsa ka kelotlhoko gore ba tshwenngwa ke eng, re ka kgona go ba kgothatsa le go fokotsa poifo ya bone.

Tsogang!: A go na le ba bangwe ba ba neng ba lo thusa?

Renato: Ee, maloko a phuthego ya rona a ne a re ema nokeng fela thata. Ba ne ba re etela, ba re leletsa mogala, ba re romelela dikarata, mme seo sotlhe se ne sa bontsha Felipe kafa ba re ratang le go amega ka rona ka teng.

Isabelle: Ba lelapa la rona le bone ba ne ba re thusa fela thata. Fa Nicolle a sena go tlhokafala, rre o ne a swetsa ka gore a tle moso mongwe le mongwe gore a tle go ja sefitlholo le rona. E ne e le tsela ya go re bontsha gore o re ema nokeng ka lorato. Mme Felipe o ne a thusiwa ke gore rraagwemogolo o ne a le teng.

Renato: Kgothatso ya semoya e re neng re e bona kwa dipokanong tsa Bokeresete e ne ya re thusa fela thata. Re ne ra leka ka natla gore re se ka ra foswa ke dipokano dipe, le fa ka dinako tse dingwe dikeledi di ne di itshologela fela. Aitsane, go nna gone kwa dipokanong tsa Bokeresete go ne go re gopotsa Nicolle fela thata. Mme re ne re itse gore re tshwanetse go tia, segolobogolo ka ntlha ya ga Felipe.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bona setlhogo se se reng “Thusa Ngwana wa Gago go Itshokela Kutlobotlhoko” se se mo tsebe 18-20 mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya July 1, 2008, le boroutšhara jwa Fa Mongwe Yo O Mo Ratang A Tlhokafala, tse di gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 14]

Dibuka tse di fa tlase fano di gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa, mme di ka gomotsa batho ba ba tlhokafaletsweng ke mongwe yo ba mo ratang.

YA BAGOLO:

Totatota Baebele e Ruta Eng?

Kgaolo 6: Baswi ba Kae?

Kgaolo 7: Tsholofelo ya Mmatota ka Batho Ba o Ba Ratang ba ba Suleng

YA BANA BA BANNYE:

Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Bibela

Polelo 92: Jesu o Tsosa Baswi

YA BANA BA BA ISENG BA TSENE MO DINGWAGENG TSA BOLESOME:

Ithute mo Morutising yo Mogolo

Kgaolo 34: Go Tla Direga Eng fa re Swa?

Kgaolo 35: Re ka Tsoga mo Losong!

Kgaolo 36: Ke Bomang ba ba Tlileng go Tsosiwa? Ba Tlile go Nna Kae?

YA BANA BA BA SIMOLOLANG DINGWAGA TSA BOSHA:

Dipotso Tse Basha ba di Botsang—Dikarabo Tse di Nang le Tharabololo, Bolumo ya 1

Kgaolo 16: A go Tlwaelegile go Utlwa Botlhoko Jaana?

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 15]

KAFA O KA THUSANG KA GONE

● Dira gore ngwana wa gago a botse dipotso. Dira gore go nne motlhofo gore ngwana wa gago a tlotle ka loso le gore le kaya eng.

● Tila go dirisa mafoko a a sa utlwaleng sentle, a a thata go tlhaloganngwa—ka sekai, go re motho yo o tlhokafetseng “o re tlogetse” kgotsa “o ile.”

● Tlhalosa loso ka tsela e e motlhofo le e e tlhamalatseng. Bangwe ba ka re fela mmele wa motho yo re mo ratang “o ne wa emisa go bereka” mme “wa se tlhole o kgona go baakanngwa.”

● Bolelela ngwana gore go tla diragala eng kwa phitlhong; mo tlhalosetse gore motho yo o tlhokafetseng a ka se kgone go bona kgotsa go utlwa se se diragalang.

● O se ka wa fitlha kafa o ikutlwang ka teng. Ka tsela eno ngwana wa gago o tla bona gore go hutsafala ke selo sa tlholego.

● Gakologelwa gore ga go na tsela e go ka tweng ke e e “siameng” ya go hutsafala. Ngwana mongwe le mongwe—le maemo mangwe le mangwe—ga a tshwane.

[Motswedi wa Setshwantsho]

E tserwe mo go: www.kidshealth.org

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Go tswa kafa molemeng go ya kafa mojeng: Felipe, Renato, Isabelle le Vinicius

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela