LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 4/11 ts. 3
  • Tatlhegelo e go Lebegang O ka Se Itshokele

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Tatlhegelo e go Lebegang O ka Se Itshokele
  • Tsogang!—2011
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Thusa Bana Ba ba Hutsafetseng
    Tsogang!—2012
  • Fa Botshelo bo Setse bo go Utlwaletse
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2019
  • Go Tweng fa Nnake Kgotsa Nkgonne a Ipolaile?
    Tsogang!—2008
  • “Ke Bolokile Tumelo”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2011
g 4/11 ts. 3

Tatlhegelo e go Lebegang O ka Se Itshokele

Nicolle e ne e le mosetsana yo o mmotlana yo o itekanetseng. Mme maitseboa mangwe o ne a lela ka gore o opiwa ke tlhogo mme batsadi ba gagwe ba ne ba mo isa kwa bookelong. Mo maitseboeng a a latelang, fa a ne a sa ntse a le ka fa tlase ga tlhokomelo ya dingaka, Nicolle o ne a tlhaselwa ke pelo. Fa a ne a tlhatlhobiwa, go ne ga lemogiwa gore o ne a tshwaeditswe ke mogare o o sa tlwaelegang o o neng wa anamela kwa makgwafong, kwa diphilong le kwa pelong ya gagwe. Mo diureng di le 48, Nicolle o ne a tlhokafala. O ne a na le dingwaga di le tharo fela.

GO TLHOKAFALELWA ke motho yo o mo ratang e ka nna selo se se utlwisang botlhoko thata mo dilong tse motho a ka lebanang le tsone. Ka dinako dingwe, go ka lebega e kete o ka se kgone go go itshokela. Isabelle, mmaagwe mosetsana yono a re: “Ke tlhologelelwa Nicolle fela thata. Ke tlhologelelwa go tlamparelwa ke ene, monko wa gagwe le lorato lwa gagwe. Ke tlhologelelwa kafa a neng a tle a nneye lelomo ka teng letsatsi le letsatsi. Ke nna ke akanya ka Nicolle ka dinako tsotlhe.”

A le wena o swetswe ke motho yo o mo ratang—e ka tswa e le ngwana, molekane wa lenyalo, mogoloo kgotsa monnao, motsadi kgotsa tsala e o e ratang? Fa e le gore go ntse jalo, o ka itshokela jang kutlobotlhoko ya gago?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela