LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • wp19 no. 2 ts. 3
  • Fa Botshelo bo Setse bo go Utlwaletse

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Fa Botshelo bo Setse bo go Utlwaletse
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2019
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Fa o Imetswe ke Mathata a Botshelo
    Bukana ya Pokano ya Botshelo le Bodiredi Jwa Rona 2023
  • Fa o Tlhokafaletswe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2019
  • Fa o Wetswe ke Masetlapelo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2019
  • Fa o Welwa ke Masetlapelo
    Tsogang!—2014
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2019
wp19 no. 2 ts. 3
Mosetsana a lela a le kwa tirong

Fa Botshelo bo Setse bo go Utlwaletse

GO MONATE fa dilo di tsamaya sentle mo botshelong mme go na le dilo tse di ka dirang gore o ipotse gore tota o sa ntse o tshelelang.

Ka sekai, Sallya o ile a senyegelwa ke dilo tsa gagwe fa go ne go na le setsuatsue kwa United States. Sally a re: “Ke ne ke utlwile botlhoko mo e neng e kete nkare lefatshe phatloga ke tsene.”

Selo se sengwe se se ka dirang gore go nne thata go itshoka, ke fa o tlhokafaletswe. Janice wa kwa Australia a re: “Fa ke sena go tlhokafalelwa ke bana ba basimane ba babedi, ke ne ke phatlogile pelo, ke tlaletswe e bile ke sa itse gore ke direng. Ke ne ka bolelela Modimo gore ga ke tlhole ke kgona go itshokela botlhoko jono, ga ke tlhole ke batla go tshela e bile a ntlogele ke swe!”

Daniel le ene o ne a utlwa botlhoko thata fa a utlwa gore mosadi wa gagwe o ne a ratana le monna yo mongwe. Daniel a re: “Fa mosadi wa me a mpolelela gore o ntse a ratana le monna yo mongwe, e ne e kete motho o ntlhabile ka sengwe mo pelong. Nako le nako fa ke akanya ka kgang eno, ke ne ke utlwa botlhoko jo le nna ke neng ke sa bo tlhaloganye.”

Makasine ono o tla go thusa go bona gore ke eng fa o tshwanetse go tswelela o itshokile le:

  • Fa o wetswe ke masetlapelo

  • Fa o tlhokafaletswe

  • Fa mokapelo wa gago a ratana

  • Fa o lwala thata

  • Fa o utlwaletswe ke botshelo

A re tlotle ka selo sa ntlha se se ka dirang gore go nne thata go itshoka: fa o wetswe ke masetlapelo.

a Go na le maina mangwe a a fetotsweng mo makasineng ono.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela