LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 10/12 ts. 14-31
  • Motlotlo wa Lelapa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Motlotlo wa Lelapa
  • Tsogang!—2012
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • RE KA ITHUTA ENG MO GO . . . Noa?
  • Di Boloke Mme o Ithute ka Tsone
  • Batho le Dinaga
  • Bana Batlang Ditshwantsho Tseno
  • DIKARABO
  • Motlotlo wa Lelapa
    Tsogang!—2012
  • Motlotlo wa Lelapa
    Tsogang!—2012
  • Motlotlo wa Lelapa
    Tsogang!—2012
  • Motlotlo wa Lelapa
    Tsogang!—2012
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2012
g 10/12 ts. 14-31

Motlotlo wa Lelapa

RE KA ITHUTA ENG MO GO . . . Noa?

A O KILE WA IPOTSA GORE GO BOTLHOKWA GO LE KANA KANG GO IKOBELA MODIMO?

• Tsenya ditshwantsho mebala. • Bala ditemana tsa Baebele o bo o di tlhalosa fa o ntse o kwala mafoko a a sa kwalwang a puisano. • Batla dilo tse di fitlhegileng: (1) llere le (2) bobi jwa segokgo.

Ke eng fa go le botlhokwa go bo Noa a ile a ikobela Modimo?

NTLHA E E KA THUSANG: Jeremia 7:23; 2 Petere 2:5.

Ke eng se se tla go thusang go ikobela Modimo?

NTLHA E E KA THUSANG: 1 Ditiragalo 28:9; Isaia 48:17, 18; 1 Johane 5:3.

O ithuta eng mo pegong eno?

O akanyang?

Gore o ikobele Modimo, ke mang gape yo o tshwanetseng go mo ikobela?

NTLHA E E KA THUSANG: Baefeso 6:1-3; Bahebera 13:7, 17.

Di Boloke Mme o Ithute ka Tsone

KARATA YA BAEBELE 22 NEHEMIA

DIPOTSO

  1. A. Nehemia o ne a direla jaaka ․․․․․ wa Kgosi ya Baperesia ․․․․․.

  2. B. Nehemia o ne a dira eng pele a kopa kgosi?

  3. C. O ne a rapela jaana: “A ko o nkgakologelwe, tlhe Modimo wa me, ․․․․․.”

DIKARABO

  1. A. motsholasenwelo, Aretaserese.—Nehemia 1:11; 2:1.

  2. B. O ne a rapela.—Nehemia 2:4.

  3. C. “. . . ka tsela e e molemo.”—Nehemia 13:31.

Batho le Dinaga

Maina a rona ke Taonga, wa dingwaga di le 6, le Mwelwa, wa dingwaga di le 8. Re nna kwa Zambia. Ke Basupi ba ga Jehofa ba le kae ba ba nnang kwa Zambia? A ke ba le 90 000, 152 000 kgotsa 196 000?

Ke khutlo efe e e bontshang gore re nna kae? E thalele mme o bo o torowa khutlo e e bontshang gore wena o nna kae mme o bone gore o gaufi go le kana kang le Zambia.

Bana Batlang Ditshwantsho Tseno

A o ka kgona go bona ditshwantsho tseno mo makasineng ono? Tlhalosa ka mafoko a gago gore go direga eng mo setshwantshong sengwe le sengwe.

Fa o batla go printa dikhopi tse di oketsegileng tsa setlhogo seno sa “Motlotlo wa Lelapa,” ya kwa go www.jw.org

DIKARABO

  1. Llere e mo setshwantsho 3.

  2. Bobi jwa segokgo bo mo setshwantsho 2.

  3. 152 000.

  4. C.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela