LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 6/13 ts. 8-10
  • Ke ka Ntlha Yang fa re Reka?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke ka Ntlha Yang fa re Reka?
  • Tsogang!—2013
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Bokgoni Jwa go Tlhotlheletsa
    Tsogang!—1998
  • Lebaka La go Bo ke sa Tshwanela go Dumela Sengwe le Sengwe Se se Mo Metsweding ya Tshedimosetso?—Karolo 1: Tsa Basetsana
    Basha ba Botsa Jaana
  • Kafa o ka Laolang ka Gone Tsela e o Dirisang Madi ka Yone
    Tsogang!—2013
  • Lebaka La go Bo ke sa Tshwanela go Dumela Sengwe le Sengwe Se se Mo Metsweding ya Tshedimosetso?—Karolo 2: Tsa Basimane
    Basha ba Botsa Jaana
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2013
g 6/13 ts. 8-10

SETLHOGO SA KA FA NTLE: A RE REKA THATA?

Ke ka Ntlha Yang fa re Reka?

Mo patlisisong ya lefatshe lotlhe e e gatisitsweng ka 2012, halofo ya batho ba ba neng ba botsolodiwa ba ne ba dumela gore ba ile ba reka dilo tse tota ba neng ba sa di tlhoke. Peditharong ya bone ba akanya gore batho ba reka thata. Seo se ka tswa se le boammaaruri. Bareki ba le bantsi ba hupeditswe ke dikoloto. Babatlisisi ba re go reka thata ga go dire gore re kgotsofale mme go dira gore re ngomoge pelo le go feta re bo re hutsafale! Mme ke ka ntlha yang fa re reka thata jaana?

RONA bareki re faraferwe ke dipapatso tse dintsi. Boikaelelo jwa babapatsi ke bofe? Ke go dira gore re akanye gore re tlhoka dilo tse tota re sa di tlhokeng. Babapatsi ba itse gore gantsi bareki ba laolwa thata ke maikutlo. Ka jalo, dipapatso le mafelo a borekisetso a rulagantswe ka tsela e e ngokang bareki.

Buka ya Why People Buy Things They Don’t Need (Lebaka La go Bo Batho ba Reka Dilo Tse Ba sa Di Tlhokeng) ya re: “Fa motho a rulaganyetsa go reka sengwe se sesha, gantsi o nnela go ipona ka leitlho la mogopolo a se senka, a se bona a bo a se reka.” Baitse bangwe ba akanya gore fa bareki ba ntse ba reka, ba ka itumela thata mo ba feleletsang ba tseega maikutlo. Moitse wa dipapatso e bong Jim Pooler a re: “Fa morekisi a lemoga tsela eno e moreki a ikutlwang ka yone le gore ga a kgone go laola maikutlo a gagwe, a ka dirisa tshono eo go mo rekisetsa dilwana.”

O ka itshireletsa jang gore o se ka wa tsiediwa ke matlhajana a babapatsi? Tlogela go tseega maikutlo mme o bapise se barekisi ba se solofetsang le se tota se leng boammaaruri.

TSHOLOFETSO: “Tokafatsa Botshelo Jwa Gago”

Ke ga tlholego gore re batle botshelo jo bo botoka. Babapatsi ba nnela go re bolelela gore re ka nna le dilo tsotlhe tse re di eletsang—botsogo jo bo botoka, pabalesego, go sa gatelelwe mo maikutlong le go nna le kamano e e gaufi le ba bangwe—fa fela re reka dilo tse di tshwanetseng.

BOAMMAARURI:

Fa dithoto tse re nang le tsone di oketsega, tota boleng jwa botshelo jwa rona bo ka fokotsega. Re tlhoka nako le madi a a oketsegileng go tlhokomela dithoto tse di oketsegileng. Batho ba ngomoga pelo thata ka ntlha ya dikoloto tse dintsi e bile ga ba nne le nako e e lekaneng go nna le ba lelapa le ditsala.

Molaomotheo: “Le e leng fa motho a na le letlotlo botshelo jwa gagwe ga bo nne gone ka ntlha ya dilo tse a di ruileng.”—Luke 12:15.

TSHOLOFETSO: “Tlhagelela”

Ga se batho ba bantsi ba ba ka dumelang gore fa ba reka ba a bo ba batla go kgatlha batho ba bangwe. Le fa go ntse jalo, Jim Pooler a re: “Fa batho ba reka, selo se tota se ba tlhotlheletsang go reka ke go gaisana le ditsala, baagelani, badirimmogo le ba losika.” Ka lebaka leo, gantsi dipapatso di bontsha batho ba ba atlegileng, ba ba humileng ba itumelela go dirisa dilwana tse di rekisiwang. Dipapatso tseno di naya bareki molaetsa ono: “Le wena o ka tshwana le batho bano!”

BOAMMAARURI:

Fa re leka go itshwantsha le ba bangwe ka boikaelelo jwa gore re ipone re le botlhokwa, re tla nna re sa kgotsofala. Fa re fitlhelela sengwe se re neng re eletsa go nna le sone, ka bonako fela re batla se sengwe gape.

Molaomotheo: “Morati wa selefera ga a kitla a kgotsofadiwa ke selefera.”—Moreri 5:10.

TSHOLOFETSO: “Itirele Leina Ka se O Nang le Sone”

Buka ya Shiny Objects ya re: “Tsela e e tlwaelegileng e re bontshang batho se re leng sone ka yone (kgotsa se re batlang go nna sone) ke ka go dirisa dilwana tse di rileng le go dira mponeng ka tsone.” Babapatsi ba itse seno mme ba leka go amanya dilwana tsa maina a a rileng—segolobogolo tse di tsewang e le tsa maemo a a kwa godimo—le go tshela ka tsela e e rileng.

O itsaya o le motho yo o ntseng jang mme o batla gore batho ba bangwe ba go tseye o ntse jang? O le motho yo o tsamaisanang le feshene? O le motho yo o ikatisang mmele? Go sa kgathalesege gore o batla go tsewa o le motho yo o ntseng jang, babapatsi ba solofetsa gore fela fa o reka dilo tsa leina le le rileng, o tla nna se o batlang go nna sone.

BOAMMAARURI:

Ga go sepe se re se rekang se se ka fetolang se re leng sone kgotsa sa dira gore re nne le dinonofo tse di rategang tse di jaaka boikanyegi.

Molaomotheo: “A mokgabo wa lona e se ka ya nna wa . . . go rwala mekgabiso ya gouta kgotsa wa go apara diaparo tsa kafa ntle, mme a e nne motho wa sephiri wa pelo.”—1 Petere 3:3, 4.

Go Leba Dithoto ka Tsela e e Tshwanetseng

Dilo tse di solofediwang ke babapatsi ga se ka metlha di leng boammaaruri. Le fa go ntse jalo, go na le sengwe se se ka re kaelang sentle gore re tshele botshelo jo bo tekatekano le jo bo itumetseng. Melaometheo yotlhe e e mo setlhogong seno e fitlhelwa mo Lefokong la Modimo, Baebele. Baebele ga e kgale go nna le dithoto mme e ruta gore motho a ka itumela le go feta fa mokgwa wa gagwe wa botshelo ‘e se wa go rata madi.’—Bahebera 13:5.

Mekgwa ya Gompieno ya go Bapatsa

Mo godimo ga go dirisa thelebishene, dikgatiso le dipapatso tsa Internet, babapatsi ba metlha ya gompieno ba kwa dinageng dingwe ba dirisa mekgwa e e raraaneng le go feta, e e ntseng e ata.

Dilwana tse di rekisiwang le maina a di itseweng ka one a bontshiwa ka tsela e e bofitlha mo mananeong a thelebishene, mo difiliming le mo metshamekong ya dibidio.

Batho ba ba hirilweng ke babapatsi ba dirisa dilwana tse di rekisiwang ba bo ba bolelela ba bangwe ka tsone ka matlhagatlhaga mo metlotlong ya letsatsi le letsatsi mme go sa lebege gore ba duelelwa go dira jalo.

Batho ba ba direlang babapatsi ba kgothalediwa go bua ka dilwana tse di rekisiwang fa ba tlotla le ditsala tsa bone le fa ba le mo mafelong a Internet a go ikgolaganya le ba bangwe. Badiri bano ba ka newa di-sample tsa dilwana tseno kgotsa ba duelwa ka ditsela tse dingwe e le go ba rotloetsa gore ba tswelele ka se ba se dirang.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela