Bokgoni Jwa go Tlhotlheletsa
MAIKAELELO a papatso ke eng? Borrakgwebo ba bolela gore diphasalatso tsa bone ke tirelosetšhaba ka gonne di re neela tshedimosetso ka dilo tse ba di dirang. Mokgatlho wa Phasalatso wa Boditšhabatšhaba o bolela jaana: “Modirisi o tlhoka gore selo se phasaladiwe gore a tle a itse sentle ka sone. Gore a tlhophe ka botlhale o tlhoka go sedimosediwa sentle. Phasalatso—fa e dirisiwa ka kakaretso fela—ke sedirisiwa se se botlhokwa se se fetisetsang tshedimosetso eo go tswa kwa Badiring go ya kwa Badirising.”
Gone rotlhe re a itse gore phasalatso e e ntseng jalo e dira se se fetang fela go re sedimosetsa—tiro ya yone e kgolo ke go rekisa. Ga e lebe dilo fela jaaka fa di ntse e bile ga e itlhaole. Diphasalatso tse di dirilweng sentle di gapa tlhaloganyo ya modirisi ka botswerere mme di mo tlhotlheletsa gore a reke selo se se phasaladitsweng.
Mo godimo ga moo, diphasalatso ga di rekise selo se di se phasalatsang fela; di rekisa le leina. Fa o le modiri yo o itsegeng wa sesepa sengwe, ga o na go dirisa dimilione di le dintsi tsa diranta o phasalatsa go kgothaletsa batho gore ba reke sesepa sengwe le sengwe fela. O batla gore ba reke sesepa sa gago. O batla diphasalatso tse di tla tlhomamisetsang batho ka tsela nngwe gore sesepa se se dirilweng ke wena ke sone se se molemo go feta tse dingwe tsotlhe.
Batho ba Tota di Lebisitsweng mo go Bone
E le gore phasalatso e atlege, gantsi e dirwa ka kelotlhoko gore e bue le batho ba ba rileng, e ka tswa e le bana, bommalapa, batho ba kgwebo kana setlhopha le fa e le sefe. Molaetsa wa phasalatso o dirwa gore o ikuele mo dilong tse batho bao ba amegileng thata ka tsone. Mme phasalatso eno e bontshiwa kana go tshamekiwa mo selong se se tla kgonang go ba fitlhelela ka tsela e e molemolemo.
Pele ga go dirwa phasalatso nngwe, go tsewa matsapa tota go batlisisiwa ka setlhopha sa batho ba go ka diregang gore ba reke selo seno se se phasaladiwang ba ba ba se dirise. Baphasalatsi ba tlhoka go itse gore batho bano ke bomang, gore ba akanya jang le gore ba itshwara jang, ke eng se ba se eletsang le se ba akanyang thata ka sone. Mankge mongwe wa tsa phasalatso o ne a kwala jaana: “Re dira gotlhe go re ka go kgonang gore re itse batho ba tota re ba kwalelang. Gore ke bomang, ba nna kae, ke eng se ba se rekang. Le gore ke ka ntlha yang ba reka selo seno. Go itse dilo tseno tsotlhe go re tlhomelela go kwala melaetsa e e tlhatswang pelo fa re rekisa. Batho ba re batlang diphasalatso tseno di ya kwa go bone ba tla arabela fa go dirisiwa mafoko a a tlhatswang pelo; ga ba na go arabela fa go dirisiwa mafoko a go ikgantsha, a boithati, kana a a buelwang fela mo phefong.”
Dikarolo Tse di Tlhotlheletsang
Fa go dirwa phasalatso, go botlhokwa thata gore o tlhophe mafoko ka kelotlhoko. Ke selo se se tlwaelegileng go fora batho kana go ba baka go feta kafa go tshwanetseng. Go bolelwa ka dijo tsa sefitlholo tsa dithoro go twe “di monatenate” mme setlamo sengwe se se dirang makwalokarata a a dirisiwang go romela madume se bolela gore batho ba reka dikarata tsa sone fa ba “batla go romela madume a a gaisang otlhe.” Le fa gone go se motlhofo ka metlha go lemoga fa selo e le go fora kana e le go tsietsa ga ka boomo, baphasalatsi ba tshwanetse go nna kelotlhoko gore ba se ka ba bolela dilo tse mabaka a tla di supang gore ga se boammaaruri. Dipuso dingwe di na le melao e e iletsang go sa ikanyege gono, mme beng ba dikgwebo ba bonako go isa ba ba gaisanang le bone kwa tshekong, fa ba lemoga gore diphasalatso tsa bone tse di tsietsang di a ba tshosetsa.
Fa sedirwa sengwe se batlile se tshwana le se sengwe, baphasalatsi ba sone ga ba kgone go bua go le gontsi, ka jalo gantsi molaetsa wa teng ga o na sepe se se kalokalo go se bua. Ba le bantsi ba dira gore dilo tse ba di dirang di nne le moano mongwe o o tla kgatlhang batho thata. Ka sekai: “Se ke wa okaoka, reka fela” (fa ba buelela mofuta mongwe wa ditlhako tsa go taboga), “Sefitlholo sa bagaka” (fa ba buelela dijo tsa sefitlholo tsa dithoro), “Ke madi a gago, batla dilo tsa boleng jo bo kwa godimo” (fa ba buelela mofuta mongwe wa koloi) le “O mo diatleng tse di siameng” (fa ba buelela setlamo sengwe sa inshorense).
Dipapatso tse di bonwang mo makasineng kana mo thelebisheneng, di bua go le gontsi thata go feta seo tota di se buang ka sedirwa se di se buelelang. Tsela e sedirwa sengwe se buelelwang ka teng e ka ntsha mogopolo o o jaaka gore, ‘Fa o reka tshupanako eno, batho ba tla go tlotla’ kana ‘Bokate eno e tla dira gore o ratwe ke batho ba bong bo sele’ kana ‘Koloi eno e tla dira gore baagelani ba gago ba go galele.’ Mo go nngwe ya diphasalatso tse di itsegeng thata le tse di atlegileng, setlamo sengwe sa disekerete se ne sa amanya disekerete tsa sone le makhaoboe. Makhaoboe gantsi a bontshiwa e le batho ba ba nonofileng, dirintlha, ba ba supang fela ka monwana. Molaetsa o o sa buiwang foo ke gore: Goga sekerete sa rona mme o tla tshwana le diganka tseno tse di ratwang.
Mo godimo ga mafoko a a dirisitsweng ka botlhale le ditshwantsho, mmino o botlhokwa thata mo dipapatsong tsa radio le tsa thelebishene. O tsenya maikutlo, o dira gore papatso e utlwale e kgatlha, o thusa go dira gore o nne o ntse o e gakologelwa e bile o dira gore modirisi a rate sedirwa seno.
Makasine wa World Watch o bolela jaana: “Diphasalatso tse di dirilweng ka bokgeleke jo bogolo thata di bontsha botswerere jo bogolo thata—di kopanya ditshwantsho tse dintlentle, lobelo lo lo tlhotlheletsang, le puo e e gapang maikutlo gore di fitlhelele dipoifo tsa rona tse di kwa tengteng le dilo tse re di ratang. Dipapatso tsa thelebishene tse di tshamekiwang maitseboa kwa dinageng tse di humileng di bua go le gontsi thata mo motsotsong o le mongwe go feta kafa go neng go dirwa ka teng pele.”
Di Ikuela mo Mogopolong le mo Maikutlong
Diphasalatso di dirwa ka kelotlhoko gore di ikuele mo dilong tse di rileng tse batho ba ba tla utlwang phasalatso eo ba di eletsang le tse ba di ratang. Gongwe phasalatso e tla dirisa lebaka la go bo o tlhoka go ijesa monate, la go bo o eletsa go babalesega, kana la go bo o eletsa go amogelwa ke ba bangwe. Gongwe phasalatso e ka tlhamalala fela ya dirisa go eletsa ga gago go kgatlha ba bangwe, go nna phepa kana go tlhomologa jaaka yo o sa tshwaneng le ba bangwe. Diphasalatso dingwe di buelela didirwa tsa tsone ka go ikuela mo dilong tse re di boifang. Ka sekai, setlamo sengwe se se dirang dilo tse di tlhatswang legano se ne sa tlhagisa jaana ka mathata a go nkga legano: “Le e leng tsala ya gago e lo ntshanang seinong le yone ga e na go go bolelela” le “O tla nna moetsana fela, e seng monyadwi.”
Ka dinako dingwe go motlhofo go leba papatso mme o bone kwa e yang gone. Diphasalatso dingwe di lebisitswe thata mo karolong e e utlwang, e e akanyang ya megopolo ya rona. Di ka go neela tshedimosetso e e tlhamaletseng ka sedirwa sengwe. Ka sekai o ka bona papatso e e go itsiseng gore jaanong tlhapi e rekisiwa ka tlhwatlhwa e e kwa tlase thata. Tsela e nngwe e ka nna ka go go bontsha mabaka ka tsela e e tlhatswang pelo. Mofuta ono wa phasalatso o ka nna wa bo o bontsha gore tlhapi eno e e tlhwatlhwatlase ga e ne e go bolokela madi fela mme gape e monate thata e bile e otla wena le ba lelapa la gago.
Diphasalatso tse dingwe tsone di diretswe gore di ame thata maikutlo a rona. Ka sekai, dipapatso tsa maikutlo di ikuela mo mothong ka go tsenya setshwantsho sengwe se sentle fa ba bua ka sedirwa seo. Badiri ba dilo tsa letlalo, sekerete le ba bojalwa ba dirisa thata mokgwa ono. Dipapatso tse dingwe tsone di dirisa mokgwa wa go boaboeletsa. Mokgwa ono o o gatelelang o dirwa ka tsholofelo ya gore fa batho ba utlwa papatso eno gantsintsi, ba tla e dumela mme ba reke sedirwa seo, le e leng le fa ba ila phasalatso eo ka boyone! Ke gone ka moo gantsi re bonang dipapatso di buelela sedirwa se le sengwe gangwe le gape. Gantsi ditlamo tsa diokobatsi tse di sa tlhokeng lekwalo la ngaka di dirisa mokgwa ono.
Diphasalatso tse di laelang le tsone di ikuela mo maikutlong a rona. Dipapatso tseno di re bolelela ka tlhamalalo gore re dire sengwe: “Nwa seno!” “Reka jaanong!” Go dumelwa gore diphasalatso tse di laelang di dira thata mo didirisiweng tse batho ba setseng ba di itse e bile ba di rata. Go na le diphasalatso tse dingwe tse dintsintsi tse di welang mo setlhopheng se sengwe. Tseno ke diphasalatso tse di go kgothaletsang go etsa motho mongwe, kana tse di go bontshang kafa selo sengwe se leng molemo ka teng. Diphasalatso tseno di go bontsha batho bangwe ba ba itsegeng kana ba ba kgatlhang ba dirisa kana ba buelela selo sengwe se mophasalatsi a batlang gore re se reke. Mokgwa ono o dirwa ka kgopolo ya gore re batla go tshwana le batho bano ba re ba kgatlhegelang. Sekai sa mofuta ono wa phasalatso ke sa lekhaoboe le le gogang sekerete.
Diphasalatso Tse di Gapang Tlhokomelo
A o kile wa lemoga gore o ka tlwaela monkgo mongwe o o nnetseng ruri kana leratla mo o sa tlholeng o di utlwa? Go direga se se tshwanang le ka phasalatso.
Makasine wa Business Week o bolela gore Moamerika a le mongwe o bona dipapatso di ka nna 3000 letsatsi le letsatsi. Batho ba di tsibogela jang? Ba a di tima, gongwe ka tsela ya mmatota kana mo mogopolong. Se ba le bantsi ba ka se dirang ke go se ele dipapatso tseno tlhoko go le kalo.
Diphasalatso di tshwanetse tsa gapa tlhokomelo e le gore babogedi ba se ka ba di itlhokomolosa. Dipapatso tsa thelebishene di bontsha ditshwantsho tse dintle thata. Di leka go itumedisa, e nne tse di kgatlhang, tse di tshegisang, tse di tletseng malepa kana di ame maikutlo. Di bontsha batho ba ba itsegeng le batho ba ditshwantshometlae ba ba ratiwang thata. Di le dintsi di dirisa maikutlo go gapa tlhokomelo ya rona, gongwe ka go dirisa dikatse, dintšanyana kana masea.
Fa fela mophasalatsi a setse a gapile tlhokomelo ya rona, o tshwanetse a dira gore re nne re ntse re kgatlhegela se a se buang gore re itse ka sedirwa se a se bapatsang. Diphasalatso tse di dirilweng sentle ga di itumedise fela; di leka go re tlhotlheletsa gore re reke.
Ka bokhutshwane, ke kafa go phasalatsa go dirang ka teng. Jaanong re tla bona kafa go nang le maatla ka teng.
[Mafoko a a mo go tsebe 24]
Moamerika a le mongwe o bona dipapatso di ka nna 3000 letsatsi le letsatsi
[Lebokoso mo go tsebe 23]
Dilo Tse di di Didimatsang, Tse di di Fetisang, le Tse di Kgarakgatshang
Remote control ya thelebishene ke sebetsa se se kgatlhanong le diphasalatso. Ba le bantsi ba didimatsa phasalatso ka go tobetsa konopo e e timang modumo wa yone. Ba bangwe ba dirisa ditheipi tsa bidio go rekota dithulaganyo dingwe mme fa ba di tshameka gape ba bo ba fetisa diphasalatso ka bonako ka go tobetsa konopo ya fast-forward. Ba bangwe bone ba a kgarakgatshega, ka mantswe a mangwe ba tswa mo seteisheneng se sengwe ba ya kwa go se sengwe gore ba se ka ba bona dipapatso. Bakgarakgatshegi ba ba ditswerere ba itse sentle gore papatso e tsaya nako e e kanakang, mme ba tla boela kwa thulaganyong e ba e lebeletseng fa dipapatso tseo di fela.
Baphasalatsi ba leka go dira gore motho a se ka a tima dipapatso tsa bone ka go dira dipapatso tse di kgonang go tshwarelela motho—tse di gapang kgatlhego ya mmogedi ka bonako fela mme di mmoloke a ntse a kgatlhega jalo. Serai sa go dira diphasalatso tse di kgatlhang thata ke gore batho ba ka nna ba gopola phasalatso ka boyone mme ba se gopole selo se se phasaladiwang.
[Lebokoso mo go tsebe 24]
Diphasalatso Tse di sa Bonweng
Mo bofelong jwa bo1950, James Vicary o ne a bolela gore o dirile patlisiso nngwe kwa go bogelwang dibaesekopo gone kwa New Jersey, kwa U.S.A., e mo go yone go neng go tlhagisiwa mafoko “Nwa Coca-Cola” le “Ja Dithuthuntshwane” mo sekirining fa baesekopo e ntse e tsweletse. Melaetsa eno e ne e tlhaga fela mo e ka nnang ka karolonyana fela e nnye ya motsotswana, nako e e khutshwane thata mo motho yo o lebeletseng a ka se kang a akanya ka gope ka yone. Le fa go ntse jalo, go ya ka Vicary di ne tsa dira gore Coca-Cola le dithuthuntshwane di rekwe thata. Seno se ne sa dira gore go dumelwe fa baphasalatsi ba ka dira gore batho ba reke dilo ka go ntsha melaetsa “e e sa bonweng.” Go begwa gore fa Rre Vicary a sena go saena konteraka ya didolara di le dimilione di le 4,5 (diranta di le dimilione di le 22,4) le baphasalatsi ba bagolo ba Amerika, o ne a tsena ka lenga la seloko. Baphasalatsi bano ba ne ba tsieditswe.
Patlisiso e e neng ya latela e ne ya bontsha gore se Vicary a se buang ga se boammaaruri. Mosadi mongwe yo o nnileng le lobaka lo loleele thata mo botsamaising jwa tsa phasalatso o ne a bolela jaana: “Diphasalatso tse di sa bonweng ga di bereke. Fa di ne di bereka, re ka bo re di dirisitse.”
[Ditshwantsho mo go tsebe 25]
Dipapatso di diretswe go gapa tlhokomelo ya rona