LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g98 9/8 ts. 26-27
  • Maatla a Phasalatso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Maatla a Phasalatso
  • Tsogang!—1998
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dilo Tse Modirisi a di Dumelang
  • Maatla a Gone mo go Wena
  • Go Kgokgoediwa mo Bontsintsing Jwa Diphasalatso
    Tsogang!—1998
  • Bokgoni Jwa go Tlhotlheletsa
    Tsogang!—1998
  • Karolo 6—Ditlhobaelo ka tsa Itsholelo Di Tla Fela Leng?
    Tsogang!—1992
  • A o Ka Ikanya Metswedi ya Dikgang?
    Tsogang!—2013
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1998
g98 9/8 ts. 26-27

Maatla a Phasalatso

BOGOLOGOLO tala, dipapatso tsa thelebishene di ne di simolola ka mafoko a a reng, “Jaanong mafoko a sekaenyana go tswa go baetleetsi ba rona.” Baetleetsi bano ke ditlamo tse di duelelang gore dilo tsa bone di phasaladiwe. Le fa “mafoko a sekaenyana go tswa go baetleetsi ba rona” jaanong a fetogile go nna a mantsintsi, baetleetsi ba sa ntse ba thusa metswedi ya dikgang le ya boitlosobodutu—thelebishene, dimakasine, makwalodikgang le radio ka madi. Ka gone baetleetsi ba leka go laola se se tshwanetseng go tlhaga mo metsweding ya tshedimosetso le se se sa tshwanelang go tlhaga.

Go tshwantsha fela: Ka 1993 setlamo sengwe se se dirang koloi ya manobonobo ya kwa Jeremane se ne sa kwalela dimakasine di le 30 se di bolelela gore dipapatso tse di bontshang koloi ya sone di tshwanetse go tlhaga “fela mo ditsebeng tse di tshwanetseng.” Lekwalo leno le ne la tlhalosa gore dimakasine tse di nang le dipapatso tsa bone ga di a tshwanela go tlhagisa sepe se se ka buang koloi ya bone, dilo tse di dirilweng kwa Jeremane kana Jeremane ka boyone maswe. Gone mme ga go gakgamatse gore setlamo seno, se se duelang diranta di le dimilione di le 74,6 go phasalatsa mo makasineng, se lebelele gore phasalatso ya sone e tlhagisiwe “mo ditsebeng tse di tshwanetseng.”

Gape ga go gakgamatse fa dimakasine tse di phasalatsang mesese e mesha ya lenyalo di sa amogele diphasalatso tse di buang ka mesese ya lenyalo e e kileng ya dirisiwa kana fa makwalodikgang a a bontshang lenaane la babueledi ba matlo le ditsha a sa go bolelele gore o ka reka ntlo jang o se na babueledi bano. Ka mo go tshwanang, ga go a tshwanela go re gakgamatsa fa metswedi ya tshedimosetso e e phasalatsang disekerete kana dilothari e sa kgale go goga kana go betšha.

Dilo Tse Modirisi a di Dumelang

Ka jalo, se phasalatso e se dirang ga se go rekisa dilo fela. E tlhotlheletsa tsela e modirisi a tshelang ka yone, e leng mokgwa wa lefatshe lotlhe wa go rata dikhumo.

A go na le phoso nngwe ka gone? Go ya ka gore o botsa mang. Baphasalatsi ba bolela gore batho ba rata go reka le go nna le dithoto; go phasalatsa go a ba thusa. Go feta moo, ba bolela gore go phasalatsa go dira gore ditiro di nne gone, go etleetsa metshameko le botaki ka madi, go thusa go dira gore metswedi ya tshedimosetso e nne e le gone mme e itlhokomela ka madi, go kgothaletsa kgaisano, go tokafatsa dilo tse di dirwang, go dira gore ditlhwatlhwa tsa dilo di nne kwa tlase e bile go dira gore batho ba kgone go tlhopha ka botlhale dilo tse ba di rekang.

Ba bangwe ba bolela gore go phasalatsa go dira gore batho ba nne ba sa iketla e bile ba sa kgotsofalele dilo tse ba nang le tsone, go dira gore ba nne ba eleditse dilo tse di sa feleng. Mmatlisisi mongwe e bong Alan Durning o kwala jaana: “Diphasalatso, fela jaaka motlha o re leng mo go one, di a fetofetoga, di buelela go tshelela monate fela, di tletse ka batho le megopolo e e rileng e di buelelang gore e etsiwe, e bile di batla go tsamaisana le feshene; di tlotlomatsa batho ba ba rileng, di buelela gore tsela fela e motho a ka kgotsofalang ka yone ke gore a dirise sotlhe se a nang le sone, e bile di dira gore re dumele gore kgatelopele ya tsa boranyane ke yone e e tla re leretseng masego.”

Maatla a Gone mo go Wena

A dipapatso di ka kgona go fetola botho jwa rona le dikeletso tsa rona? Gongwe. Le fa go ntse jalo, gore a tlhotlheletso eo e kgolo kana e nnye go ikaegile ka dilo tse dingwe.

Fa re kaelwa ke melaometheo le mekgwa e mentle ya Baebele, re tla lemoga gore ga go na sepe se se phoso ka go nna le dilo tse di bonalang. Mo godimo ga moo, Modimo o ne a segofatsa Aberahame, Jobe, Solomone le ba bangwe ka dikhumo tse dintsintsi.

Mo letlhakoreng le lengwe, fa re dirisa melaometheo ya Dikwalo, re tla tila go sa kgotsofale ga ba ba senkang kgotsofalo le boitumelo ka go batla dikhumo ba sa fetse. Molaetsa wa Baebele ga se “Reka go fitlha o diga.” Go na le moo, e re bolelela gore:

Ikanye Modimo. “Naya ba ba humileng mo tsamaisong ya jaanong ya dilo ditaelo tsa gore ba se ka ba itseela kwa godimo, le gore ba aege tsholofelo ya bone, e seng mo dikhumong tse di se nang tlhomamo, fa e se mo Modimong, o o re nayang dilo tsotlhe ka tsela e e humileng gore re ijese monate.”—1 Timotheo 6:17.

Kgotsofala. “Ga re a tlisa sepe mo lefatsheng, mme le gone re ka se ka ra tswa re tshotse sepe. Jalo, e re ka re na le ditlamedi mmogo le diaparo le boitshubelo, re tla kgotsofala ka dilo tseno.”—1 Timotheo 6:7, 8.

Nna bori. “Ka tsela e e tshwanang ke eletsa gore basadi ba ikgabise ka diaparo tse di rulagantsweng sentle, ka boingotlo le go itekanela sentle ga mogopolo, e seng ka ditsela tsa go loga moriri loetse le ka gouta kgotsa diperela kgotsa kapari ya tlhotlhwa e e kwa godimo thata, fa e se ka tsela e e tshwanelang basadi ba ba ipolelang ba na le poifo ya bomodimo mo Modimong, e leng, ka ditiro tse di molemo.”—1 Timotheo 2:9, 10.

Itse gore botlhale jwa bomodimo bo gaisa dikhumo. “Go tlhogonolo motho yo o bonang botlhale, le motho yo o bapalang tlhaloganyo. Gonne tlhwatlhwa ya yone e gaisa tlhwatlhwa ya selefera, le papadi ya lone e gaisa papadi ya gouta e e itshekileng. O tlhokega bogolo go diperela; mme mo dilong tsotlhe tse o ka di eletsang ga go na sepe se se ka tshwantshiwang nae. Boleele jwa malatsi bo mo seatleng sa gagwe se se siameng; mo seatleng sa gagwe sa molema go dikhumo le tlotlo. Ditsela tsa gagwe ke ditsela tsa monate, le ditselana tsa gagwe tsotlhe ke kagiso. O setlhare sa botshelo mo go ba ba mo tshwarang; go tlhogonolo mongwe le mongwe yo o mo itshadisetsang.”—Diane 3:13-18.

Itlwaetse go aba. “Go na le boitumelo jo bogolo mo go abeng go na le jo bo leng gone mo go amogeleng.”—Ditiro 20:35.

Mongwe a ka nna a bolela gore metseletsele eno ya ditlhogo ka boyone ke phasalatso, e e “rotloetsang” kgopolo ya gore mekgwa e mentle ya semoya ga ya tshwanelwa go kgaphelwa thoko ka ntlha ya dikhumo. Kwantle ga pelaelo o tla dumalana le seo.

[Lebokoso mo go tsebe 27]

Go Phasalatsa Bogosi Jwa Modimo

Nngwe ya ditsela tse di molemolemo tse o ka fitlhelelang batho ka tsone ka molaetsa o o tlhotlheletsang ke efe? Buka ya Advertising: Principles and Practice e bolela jaana: “Fa dilo di ne di tsamaya sentle motlhagisi mongwe le mongwe o ne a tshwanetse a kgona go bua le modirisi mongwe le mongwe ba lebane difatlhego a mmolelela ka dilo tse a di dirang kana ka dilo tse a di direlwang ka madi.” Bakeresete ba boammaaruri ba ile ba ithaopela go bolela Bogosi jwa Modimo phatlalatsa ka tsela eno ka dingwaga di ka nna 2000. (Mathaio 24:14; Ditiro 20:20) Ke ka ntlha yang fa dikgwebo tse dintsi di sa dirise mokgwa ono go fitlhelela batho? Buka eno e tlhalosa jaana: “O tlhoka madi a mantsi thata. Batho ba ba rekisang fa ba etela batho go ka tlhoka didolara di le 150 [R745] loeto longwe le longwe.” Bakeresete bone ba “phasalatsa” Bogosi jwa Modimo ka go ithaopa. Ke karolo ya kobamelo ya bone.

[Ditshwantsho mo go tsebe 26]

Molaetsa wa Baebele ga se “Reka go fitlha o diga”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela