Go Kgokgoediwa mo Bontsintsing Jwa Diphasalatso
“PAPA, ke eng se ngwedi e tshwanetseng ya bo e se phasalatsa tota?” Potso eno e e sa tlwaelegang, e e neng ya bodiwa ke ngwana mongwe, e ne ya tlhagelela mo lebokong lengwe le le kwadilweng ke Carl Sandburg dingwaga di ka nna 50 tse di fetileng. Mo nakong e e tlang, potso eno e tla bo e sa tlhole e gakgamatsa. Makasine wa New Scientist o bolela gore batsamaisi bangwe ba babedi ba tsa phasalatso kwa Lontone ba tshwaragane le go leka go dira gore ba dirise marang a letsatsi go romela diphasalatso gore di ye go tlhagelela kwa ngweding.
Akanya fela go dirisiwa ngwedi gore e nne lomati lwa phasalatso! Akanya fela go phasaladiwa molaetsa wa kgwebo nngwe mo lefatsheng lotlhe, molaetsa o babogedi ba ka se keng ba o time, ba o kgaoletse, ba o latlhele mo mokolong wa matlakala kana ba dirise remote control go tima modumo wa one. O ka nna wa bo o sa kgatlhwe ke seno, mme mo go ba bangwe, e tla bo e le fa go diragadiwa ditoro tsa bone.
Le fa gone go phasalatsa go ise go fitlhe kwa ngweding, go setse go aname mo lefatsheng lotlhe. Bontsi jwa dimakasine le makwalodikgang a kwa Amerika di dirisa diperesente di le 60 tsa ditsebe tsa tsone go phasalatsa. Kgatiso ya ka Sontaga fela ya The New York Times e ka nna le ditsebe di le 350 tse e di dirisang go phasalatsa fela. Diteishene dingwe tsa radio di dirisa metsotso e le 40 mo ureng nngwe le nngwe go tshameka dipapatso.
Gape go na le thelebishene. Go ya ka phopoletso nngwe, basha ba Amerika ba senya diura di le tharo beke le beke ba lebeletse dipapatso tsa thelebishene. Ka nako ya fa ba fetsa kwa sekolong se segolo, ba tla bo ba bone dipapatso di le 360 000 tsa thelebishene. Dithelebishene di bapatsa mo boemafofaneng, kwa mafelong a go letwang kwa go one mo maokelong le kwa dikolong.
Gone jaanong go dirisiwa metshameko e megolo go phasalatsa dilo dingwe tse dikgolo. Dikoloi tsa mabelo di dirisiwa go nna dipati tsa phasalatso. Baatleletiki bangwe ba bona bontsi jwa madi a bone go tswa mo baphasalatsing. Motshameki mongwe wa maemo a a kwa godimo wa baseketebolo o ne a amogela didolara di le dimilione di le 3,9 (diranta di le dimilione di le 19,4) ka go tshameka baseketebolo. Babapatsi bangwe ba ne ba mo duela madi ao go menagane ga robonngwe gore a buelele dilwana tsa bone.
Ga go na kwa o ka di tshabelang gone. Dipapatso di bewa mo dipoteng, mo dibeseng le mo diloring. Di kgabisa mo teng ga dithekisi le mo ditereneng tse di tsamayang kafa tlase ga lefatshe—le e leng mo dikgorong tsa matlwana a boithomelo a botlhe. Re utlwa diphasalatso ka digodisamantswe mo marekisetsong, mo mabenkeleng, mo dilefiting—le fa re sa ntse re letetse go bua le mongwe mo thelefounong. Kwa dinageng dingwe go romelwa dipapatso tse dintsintsi jaana ka poso mo e leng gore batho ba le bantsi ba ba di amogelang, fa ba tswa kwa lebokosong la poso ba tlhamalalela kwa mokolong wa matlakala go ya go di latlha.
Go ya ka Insider’s Report, e e gatisitsweng ke McCann-Erickson, e leng kemedi ya tsa phasalatso ya lefatshe lotlhe, go lekanngwa gore go dirisitswe madi a a kana ka diranta di le dibilione di le 1,4 go phasalatsa mo lefatsheng ka bophara ka 1990. Fa e sa le ka nako eo, dipalo di ile tsa gola go nna diranta di le dibilione di le 2,1 ka 1997 mme go beetswe kwa thoko diranta di le dibilione di le 2,2 tse di tla dirisiwang ka 1998. Ke madi a mantsi!
Matswela a seno sotlhe ke afe? Mongwe yo o sekasekang dilo o ne a tlhalosa seno jaana: “Go phasalatsa ke nngwe ya dilo tse di nang le tlhotlheletso e e maatla thata mo setšhabeng. . . . Diphasalatso ga di rekise fela dilo tse di di buelelang. Di rekisa leina, mekgwa e batho ba e ratang, mekgele, seo re leng sone le seo re tshwanetseng go nna sone . . . Di fetola boikutlo jwa rona mme boikutlo jwa rona jone bo fetole boitsholo jwa rona.”
E re ka go se na kwa o ka tshabelang phasalatso gone, ke ka ntlha yang o sa sekaseke gore e dira jang le gore e ka go ama jang?