LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 4/14 ts. 3
  • Ditiragalo Tsa Lefatshe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ditiragalo Tsa Lefatshe
  • Tsogang!—2014
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • United States
  • Lefatshe
  • Midway Island
  • Afrika Borwa
  • “Sefofi Se se Di Gaisang Tsotlhe mo Lefatsheng”
    Tsogang!—2010
  • Go Fofa ga Nonyane ya Wandering Albatross e sa Dirise Maatla Thata
    Tsogang!—2013
  • Bana Ba mo Dipharagobeng
    Tsogang!—1992
  • Go Nona go go Feteletseng ga Bana—Go ka Dirwang ka Gone?
    Tsogang!—2009
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2014
g 4/14 ts. 3

DITIRAGALO TSA LEFATSHE

United States

Diroboto tse di tsamaisanang mo mmileng wa toropo

Toropo ya Los Angeles, California, e dirile gore diroboto tsotlhe tsa yone tse di ka nnang 4 500 tse di anameng sekgala sa disekwerekilometara di le 1 215 di tsamaisane. Go ya ka The New York Times, Los Angeles ke “toropo ya ntlha e kgolo mo lefatsheng go dira jalo.”

Lefatshe

Patlisiso ya mo lefatsheng lotlhe e e ka ga botsogo e senotse gore go nnile le koketsego ya diperesente di le 82 tsa batho ba bakima mo go feteletseng fa gare ga 1990 le 2010. Boima jo bo feteletseng jwa mmele bo baka dintsho tse di fetang tse di bakwang ke phepelotlase go menagane gararo—le fa go sa nne le dijo tse di lekaneng e sa ntse e le bothata kwa dinageng tse dintsi. Mme gone go ya kafa dilo di leng ka gone, Majid Ezzati mongwe wa babatlisisi ba ba eteletseng patlisiso eno pele, a re “dingwaga di le 20 tse di fetileng batho ba ne ba se na dijo tse di lekaneng mme gompieno re lwadiwa ke go nna le dijo tse dintsi thata le go ja dijo tse di se nang dikotla—tota le mo dinageng tse di tlhabologang.”

Midway Island

Nonyane ya Laysan albatross

Nonyane ya Laysan albatross, e go begwang gore ke yone “nonyane e e tsofetseng go di gaisa tsotlhe tse di itseweng tsa kwa nageng,” e thubile tsuanyane e nngwe gape mo godimo ga tse dintsi tse e setseng e di thubile. Nonyane eno e na le dingwaga tse kae? E ne ya tshwaiwa la ntlha ka 1956 fa e ne e na le dingwaga di ka nna tlhano, mo go kayang gore gone jaanong e na le dingwaga di feta 60. Mo botshelong jotlhe jwa yone, nonyane eno ya albatross e ka tswa e fofile dikilometara tse di fa gare ga dimilione tse tharo le tse nnè—sekgala se se lekanang le maeto a le manè go ya go a le marataro go tswa mo lefatsheng go ya ngweding le go boa.

Afrika Borwa

Mosadi wa Afrika Borwa a itshasa setlolo se se sweufatsang letlalo mo sefatlhegong

Patlisiso nngwe e bontsha gore nngwetharong ya basadi ba mo Afrika Borwa ba dirisa melora le ditlolo tse di sweufatsang letlalo gore ba nne basweu. Ditlolo tse di ntseng jalo tse di sweufatsang letlalo di kotsi mme di thibetswe kwa dinageng di le mmalwa. Dingwe tsa dikotsi tsa tsone ke mefuta e e farologaneng ya kankere, go senyega diphilo, go tshwenyega thata mo maikutlong, go tlhobaela, go swatoga le go tswa mabadi.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela