LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 8/14 ts. 7
  • Ditiragalo Tsa Lefatshe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ditiragalo Tsa Lefatshe
  • Tsogang!—2014
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Lefatshe
  • Boritane
  • Russia
  • Afrika
  • United States
  • Moya
    Tsogang!—2023
  • Go Fokotsega ga Meamuso ya Lefatshe
    Tsogang!—2005
  • Motho o Tshwere Lefatshe ka Tsela Efe?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Kgotlelo—E Bakwa Ke Mang?
    Tsogang!—1990
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2014
g 8/14 ts. 7

DITIRAGALO TSA LEFATSHE

Lefatshe

Lesea

“Ngwaga le ngwaga, mo e ka nnang dimilione di le 3 tsa masea a a tlhokafala kgwedi fela morago ga gore a tsholwe, a le mantsi a one a bolawa ke dilo tse di ka bong di ile tsa thibelwa. Palo e e fetang nngwetharong ya masea ano a tlhokafala ka lone letsatsi le a tshotsweng ka lone.”—Mokgatlho wa Save the Children International.

Boritane

Monna o tshela diesel mo koloing

Go ya ka Lefapha la Boitekanelo la kwa Engelane, ka 2011, mo dikgaolong di le 15 tsa kwa London, palo ya batho ba ba ileng ba swa ka ntlha ya kgotlelo ya moya e ne ya oketsega. Se se gakgamatsang ke gore, go ne go twe diesel ga e kotsi go le kalo mo go bakeng kgotlelo ya moya ka gonne ga e fele ka bonako e bile ga e ntshe selekanyo se se segolo sa khabonetaeokosaete. Le fa go ntse jalo, diperesente di le 91 tsa kgotlelo ya moya mo lefelong leo di bakwa ke dipalangwa tse di dirisang diesel.

Russia

Go ya ka patlisiso e e ileng ya dirwa ka 2013 ke setheo sa kwa Russia sa Public Opinion Foundation, diperesente di ka nna 52 tsa Ba-Russia ba ba ipitsang Bakeresete ba Orthodox ba ne ba re ga ba ise ba ko ba bale le e leng karolonyana nngwe ya Baebele, mme diperesente di le 28 di re di rapela ka sewelo.

Afrika

Molemi wa Moafrika

Go ya ka pego ya World Bank, tlhakatlhakano e e leng teng malebana le gore naga e e lemiwang ke ya ga mang e ile ya kgoreletsa temothuo le go oketsa khumanego. Lefatshe ka bophara halofo ya mmu o o ka dirisediwang go lengwa—mo e ka nnang diheketara di le dimilione di le 202—e kwa Afrika, kwa go tweng go dirisitswe fela diperesente di le 25 tsa naga eo go dira temothuo.

United States

Tablet ya ileketeroniki le dibuka

Dikolo le diyunibesithi dingwe di emisetsa dibuka tse di ithutiwang ka didirisiwa tsa ileketeroniki tsa di-tablet, tse di tsentsweng didirisiwa tse di tlhokegang tsa go bala, di-software le dilo tse dingwe. Le fa go ntse jalo, ga go ise go tlhomamisiwe gore a tota di thusa go fokotsa ditshenyegelo.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela