LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 8/14 ts. 12-13
  • William Whiston

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • William Whiston
  • Tsogang!—2014
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • DILO TSE WHISTON A NENG A DI DUMELA
  • ‘MORUTEGI YO O ITSEGENG O FETOGA MOTHO YO O SA AMOGELWENG’
  • A William Whiston—Ke Moikeodi Kana Ke Mokanoki Yo O Ka Ikanngwang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • A O A Gakologelwa?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Lenaane la Diteng
    Tsogang!—2014
  • A Tota e Kwadilwe ke Josephus?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2014
g 8/14 ts. 12-13
William Whiston

TSA MALOBA

William Whiston

William Whiston e ne e le moitsesaense, mankge wa dipalo, moruti, mokwadi wa ditiro di le dintsi, e bile e le modirimmogo le Moesemane yo o bidiwang Sir Isaac Newton, yo e neng e le mankge wa fisikisi le dipalo. Mo ngwageng wa 1702, Whiston o ne a tlhatlhama Newton go nna porofesa ya Dipalo kwa Yunibesithing ya Cambridge, kwa Engelane [Lucasian Professor]. Tiro eno ya boporofesa e ne e newa batho ba ba botlhale fa go tliwa mo dithutong tsa saense le thekenoloji.

WHISTON o itsewe gape ke baithuti ba Baebele ka ntlha ya tiro ya gagwe ya go ranolela mekwalo ya lekgolo la ntlha la dingwaga ya mokwalahisitori wa Mojuda e bong Flavius Josephus, mo Seesemaneng. Buka ya The Works of Josephus e ne e naya tshedimosetso e ntsi ka hisitori ya Bajuda le botshelo jwa Bakeresete ba bogologolo.

DILO TSE WHISTON A NENG A DI DUMELA

Whiston o ne a dirisa botlhale jwa gagwe go ithuta dithuto di le dintsi, segolobogolo tsa saense le tsa bodumedi. O ne a dumela gore dipego tsa Baebele tse di buang ka popo di nepile, le gore tsela e dilo tsa tlhago di dirilweng ka yone, bontle le thulaganyo ya tlhago, di supa gore Modimo yo o di dirileng ke Motlhami wa Dipolane yo mogolo.

Mo godimo ga moo, Whiston o ne a dumela gore dikereke tse di ipitsang tsa Bokeresete di ne tsa kgaogana go nna ditumelo di le dintsi ka gonne baruti ba ne ba sa tlhole ba ruta dithuto tsa Baebele, go na le moo, ba ne ba kgatlhegela thata dithuto tse e seng tsa Baebele le dingwao tsa makgotla a dikereke, le tsa Borara ba Kereke.

E re ka Whiston a ne a tsaya Baebele e le buka e e rutang boammaaruri ka Modimo, o ne a sa dumele thuto ya go otlhaiwa ka bosakhutleng mo molelong wa dihele. O ne a leba thuto eno e sa utlwale, e le setlhogo, e bile e tlhapatsa Modimo. Le fa go ntse jalo, kgang e e neng ya baka kgotlhang e kgolo magareng ga Whiston le baeteledipele ba dikereke, e ne e le go bo a ne a gana go amogela thuto ya Tharonngwe, e e tlhalosang Modimo e le batho ba bararo ba ba lekanang—Rara, Morwa le Moya o o Boitshepo. Mme ba ne ba dumela gore ga se medimo e meraro go na le moo, ke modimo a le mongwe.

‘MORUTEGI YO O ITSEGENG O FETOGA MOTHO YO O SA AMOGELWENG’

Morago ga go dira dipatlisiso, Whiston o ne a lemoga gore Bakeresete ba bogologolo ba ne ba sa rute thuto ya Tharonngwe, go na le moo thuto eno e ne ya tsena mo Bokereseteng ka dithuto tsa filosofi tsa baheitane.a Ditsala tsa ga Whiston di ne tsa mo tlhagisa ka dikotsi tsa go phasalatsa dilo tseno tse a di fitlheletseng mme o ne a sa kgone go itlhokomolosa se a neng a se lemogile gore boemo jwa ga Jesu jwa gore ke Morwa Modimo le gore o ne a bopilwe bo ne bo sa tlhalosiwe sentle.

Yunibesithi ya Cambridge e ne e leleka ope fela yo o rutang dithuto tse di kgatlhanong le tsa Kereke ya Anglican, seo se neng se raya gore Whiston o ne a ka latlhegelwa ke tiro ya gagwe. Le fa go ntse jalo, ga a ka a nna a didimetse fela—go tshwana le Newton, yo le ene a neng a dumela gore Tharonngwe ke thuto ya maaka mme a sa ka a tlhalosa maikutlo a gagwe. Whiston o ne a re: “Ga go sepe sa lefatshe leno . . . se se tla ntswalang molomo.”

E re ka Whiston a ne a gana go fetola dilo tse a di dumelang, o ne a nna ‘morutegi yo o itsegeng yo o neng a fetoga motho yo o sa amogelweng’

Ka 1710, Whiston o ne a lelekwa kwa Cambridge. “Morutegi yono yo o itsegeng o ne a fetoga motho yo o sa amogelweng,” fela ka gonne a ne a gana go fetola dilo tse a di dumelang. Go ntse go le jalo, ga a ka a boifa. Tota e bile, fa a ntse a latofadiwa jalo ka bokgelogi, o ne a kwala motseletsele wa ditlhamo tse di bidiwang Primitive Christianity Revived—lefoko “primitive” fano le kaya Bokeresete jwa ntlhantlha, jo bo neng bo latelwa ke balatedi ba ga Jesu ba bogologolo. Moragonyana Whiston o ne a simolola Mokgatlho o o Rotloetsang Bokeresete Jwa Ntlhantlha, o o neng o kopanela kwa legaeng la gagwe kwa London.

Le fa Whiston a ile a latlhegelwa ke maemo a gagwe a boporofesa e bile a ne a na le mathata a tsa madi ka nakwana, o ne a tswelela go kwala le go ruta mo mafelong a go rekisiwang kofi mo go one kwa London. Ka 1737, o ne a golola thanolo ya gagwe ya mekwalo ya ga Josephus e le gore a thuse batho go lemoga gore botshelo bo ne bo ntse jang ka nako ya fa Bokeresete bo simologa. E sa ntse e gatisiwa le go fitlha gompieno.

Go ya ka mokwadi James E. Force, batho ba le bantsi gompieno ba leba Whiston e le “motho wa mekgwa e e sa tlwaelegang” ka gonne a ile a tsaya kgato e e sa rategeng mme gone e bontsha bopelokgale. Le fa go ntse jalo, ba bangwe bone ba mo tsaya e le mokanoki wa Baebele, motho yo o tlhoafaletseng go bona dithuto tsa boammaaruri ka bodumedi le monna yo o ikemiseditseng go tshelela se a se dumelang.

a Baebele e tlhalosa sentle se Modimo a leng sone. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, ya mo atereseng ya jw.org/tn. Leba setlhogo se se reng DITHUTO TSA BAEBELE > DIKARABO TSA DIPOTSO TSA BAEBELE.

DINTLHA KA BOKHUTSHWANE

  • William Whiston (1667-1752) e ne e le mongwe wa batho ba ba neng ba itsane le Sir Isaac Newton. Whiston le Newton ba ne ba dumalana ka ditumelo di le dintsi tsa bodumedi.

  • Ka lobakanyana, Newton o ne a tshegetsa Whiston mo tirong ya gagwe. Le fa go ntse jalo, moragonyana Newton o ne a mo kgaphela kwa thoko.

  • Whiston o ne a latofadiwa ka bokgelogi, mme ga a ka a bonwa molato.

  • “Nngwe ya dinonofo tse di kgatlhang tsa ga Whiston ke go ikanyega ga gagwe ka pelo yotlhe.”—English Versions of the Bible.

Motlhalefi yo o Neng A se Ka a Sala Mmudubudu Morago

Thanolo ya ga William Whiston ya mekwalo ya ga Flavius Josephus

“Fa e le gore balekane ba ga Whiston ba ne ba tsaya gore o tlhagafetse ka tsela e e feteletseng mo a neng a latlhegelwa ke tiro ya gagwe ka ntlha ya bothokgami, Whiston ene o ne a bona balekane ba gagwe ba ikemiseditse go tlogela bothokgami jwa bone e le fela gore ba tlhatlosiwe mo maemong a bone.”—William Whiston —Honest Newtonian.

“Whiston o ne a dirisa bokgoni jwa gagwe jwa saense go batlisisa, go tlhatlhanya le go tlhalosa dilo tse a di fitlheletseng fa go tliwa mo dikgannyeng tsa bodumedi. Go bala thata le go akanyetsa se a se balang, go ne ga dira gore a nne kgatlhanong le dithuto tsa Tharonngwe, mme ga dira gore a nne le tumelo mo Bokereseteng jwa Bogologolo.”—Robert Bruen, PhD.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela