LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w94 4/15 ts. 30
  • A O A Gakologelwa?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A O A Gakologelwa?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A William Whiston—Ke Moikeodi Kana Ke Mokanoki Yo O Ka Ikanngwang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • William Whiston
    Tsogang!—2014
  • Maungo—A A Monate le A A Bosula
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
  • A go Tseelwa kwa Legodimong Ke Thuto E E Senotsweng Ke Modimo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
w94 4/15 ts. 30

A O A Gakologelwa?

A o ile wa itumelela go bala ditokololo tsa moragonyana jaana tsa Tora ya Tebelo? Fa go ntse jalo, o tlile go itumelela go gakologelwa dintlha tse di latelang:

▫ Ke ka ntlha yang fa ditlhodi tsa Baiseraele di ne tsa tlhopha go robala kwa ntlong ya ga Rahabe wa seaka?

Ditlhodi tseo tsa Baiseraele di ne di ikobela Molao wa Modimo, ka jalo di ne di sa robala kwa ntlong ya ga Rahabe ka boikaelelo jwa go dira boitsholo jo bo sa siamang. Lebaka la bone e ka tswa e ne e le gore ba ne ba ka se ka ba belaelwa thata fa ba le kwa ntlong ya seaka. Di ne di tla kgona go falola motlhofo fela gonne ntlo ya gagwe e ne e agilwe mo godimo ga dithako tsa motse. Mo godimo ga tsotlhe, Jehofa o ne a ba kaela gore ba ye kwa moleofing yoo pelo ya gagwe e neng e kgatlhilwe ke dipego tsa ditiro tse Modimo a neng a di direla Baiseraele mo a neng a ikwatlhaile e bile a fetotse ditsela tsa gagwe.—12/15, ditsebe 24-5.

▫ Go galefa go ama boitekanelo jwa gago jang?

Dipatlisiso di supa gore go galefa go ntsha dihoromone tse di bakang go ngomoga pelo. Go galefa kgapetsakgapetsa go ka dira gore diasiti tsa mafura tse di kotsi le tse di seng kotsi di se ka tsa lekalekana sentle, go re baya mo kotsing ya go tsenwa ke malwetsi a pelo le ditshika.—12/15, tsebe 32.

▫ Ke dikgakololo dife tse di ka re thusang go oketsa go tsamaisa ga rona dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang!?

Kgothalela Tora ya Tebelo le Tsogang!; boloka puisano e le motlhofo; fetofetoga ka go baakanyetsa dipuisano tse dikhutshwane; itlhomele mokgele.—1/1, ditsebe 24-5.

▫ Ke ka ntlha yang fa Moshe e le sekao se se molemo se re tshwanetseng go se latela mo pusong ya Modimo?

Moshe o ne a kopa Jehofa gore a mo kaele mo dilong tsotlhe. O ne a sa eletse go tlotlomala mme o ne a batla gore Jehofa a galalediwe. O ne a na le tumelo e e nonofileng tota, mme ga a ise a ko a lebale le ka motlha gore Jehofa ke ene Mmusi tota wa morafe wa Iseraele.—1/15, tsebe 11.

▫ Thuto ya bomodimo e fenya ka ditsela dife tse dingwe?

Thuto ya bomodimo e fenya ka go dira gore batho ba ga Jehofa ba tlhaloganye boammaaruri kgato ka kgato. E tlisa batho mo leseding la semoya, mme e bontsha batho ba ba pelonomi kafa ba ka obamelang Modimo ka “mōea le ka boamarure” ka teng. (Yohane 4:24) Gape thuto ya bomodimo e fenya diteko le lefatshe leno le le bosula.—2/1, ditsebe 10-12.

▫ Ke eng se se ka thusang motho yo o gakololang yo mongwe gore a atlege?

Selo se segolo ke go tlotla motho yo mongwe le tshwanelo ya gagwe ya go tshwarwa ka tsela e e nang le seriti. Ke sone se bagakolodi ba Bakeresete ba tshwanetseng go nna botsalano mme ba nonofile, lefa go ntse jalo ba tlotle motho yo o dirileng phoso.—2/1, tsebe 28.

▫ Go tlile jang gore Kereke ya Roma Katoliki e tseye Go Tseelwa Legodimong ga Maria jaaka thuto ya motheo?

Bakeresete ba ba akanyetsang dilo sentle ba ne ba sa akanye sepe kaga Go Tseelwa Legodimong ga Maria mo makgolong a ntlha a dingwaga morago ga loso lwa ga Jesu. Lefa go ntse jalo, Maria o ne a simolola go newa maemo a botlhokwa thata fa kereke e sena go tlhoma thuto ya Tharonngwe semolao. Kgang ya Go Tseelwa Legodimong e ne ya se ka ya amogelwa jaaka thuto go fitlha ka November 1, 1950, fa Mopapa Pius XII a ne a itsise jaana: “Re e tlhalosa e le thuto e e senotsweng ke Modimo.”—Munificentissimus Deus.—2/15, ditsebe, 26-7.

▫ Mo go Yeremia kgaolo 24, diroto tse pedi tsa difeige, tse di monate le tse di bosula di ne di emela eng?

Difeige tse di monate di ne di emela Bajuda ba ntlha ba ba neng ba isiwa botshwarwa kwa Babelona, ba masalela a bone a neng a tla boela kwa Juda. Difeige tse di bosula di ne di emela Kgosi Sedekia le ba ba neng ba na le ene ba ba neng ba tsuologela Kgosi Nebukadenesare le fa gone ba ne ba ikanne ka leina la Modimo. Ka go tshwana, mo motlheng wa segompieno re fitlhela masalela a Iseraele wa semoya, a a ileng a tlhagisa maungo a a siameng mo matshelong a bone, a a farologaneng le baruti ba Labokeresete, ba ba ileng ba tlhagisa maungo a a seng monate.—3/1, ditsebe 14-16.

▫ Ba Letsatsi la Bolesomenne e ne e le bomang, mme ke eng fa ba le botlhokwa mo Bakereseteng ba gompieno?

Morago ga motlha wa baaposetoloi, go ne go na le bangwe ba ba neng ba keteka Sejo sa Morena sa Maitseboa ka Nisane 14 ngwaga le ngwaga, ba latela mokgwa o o neng o dirwa ke baaposetoloi. Ba ne ba itsiwe jaaka “Ba Letsatsi la Bolesomenne.” Seno ke kgang ya botlhokwa gompieno gonne e bontsha gore le morago ga loso lwa baaposetoloi, go ne go na le bangwe ba ba neng ba tshwarelela mo mokgweng o o tshwanetseng wa go gopola loso lwa ga Jesu gangwe ka ngwaga ka Nisane 14.—3/15, ditsebe 4-5.

▫ William Whiston e ne e le mang?

E ne e le mokanoki yo o botlhale wa lekgolo la bo 18 la dingwaga kwa Engelane, tsala e kgolo ya ga Sir Isaac Newton. Whiston o ne a ranola Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika, a ganetsa thuto ya Tharonngwe phatlalatsa, e bile e ne e le motlhatlheledi mo thutong ya tepodinaledi le mathematiki. Mme lefa go ntse jalo, selo se Whiston a gopolwang thata ka sone ke ka go bo a ile a ranolela dikwalo tsa raditiragalo wa Mojuda Flavius Josephus mo Seesemaneng.—3/15, ditsebe 26-8.

▫ Motho o ne a dirwa jang mo setshwanong sa Modimo? (Genesise 1:27)

Motho o dirilwe a na le kgono ya go supa dinonofo tse di tlhomologileng tsa Modimo e leng lorato, tshiamo, botlhale, le maatla—mmogo le dinonofo tse dingwe.—4/1, tsebe 25.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela