A William Whiston—Ke Moikeodi Kana Ke Mokanoki Yo O Ka Ikanngwang?
AO NE o ka baya tiro e o itshedisang ka yone mo kotsing ka ntlha ya dilo tse o di dumelang? William Whiston o ne a dira jalo.
Go ne ga buiwa thata ka ene mo bodumeding kwa tshimologong ya lekgolo la bo 18 la dingwaga fa a ne a ganetsana le Church of England ka dithuto tsa Bibela. Go ne ga felela ka gore a lejwe jaaka moikeodi. Tsela e a neng a e tlhopha e ne ya dira gore a kgalwe mme gape e ne ya dira gore a tlotliwe.
William Whiston e ne e le mang? E bile o ne a kgona go fitlhelela eng?
Mokanoki wa Bibela
William Whiston o ne a tsene sekolo le Sir Isaac Newton kwa Yunibesithing ya Cambridge. Fa o ne o ka bala thanolo ya Seesemane ya mekwalo ya raditiragalo wa lekgolo la ntlha la dingwaga wa Mojuda e bong Flavius Josephus, o tla bo o bala thanolo ya ga Whiston ya 1736. Le mororo go na le dithanolo tse dingwe, tsela e a bayang dilo ka yone jaaka mokanoki mmogo le dikakgelo le ditlhamo tsa gagwe ga di gaisiwe ke dipe e bile di santse di gatisiwa. Bontsi bo leba buka eno jaaka sengwe se se kwa godimo thata se Whiston a neng a kgona go se dira.
Lefa go ntse jalo, sengwe se se sa tshwanelang go tlodisiwa matlho ke Primitive New Testament, thanolo ya ga Whiston ya Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika. E ne ya gatisiwa ka 1745 a setse a na le dingwaga di le 78. Whiston o ne a ranola Diefangele tse nne le Ditihō tsa Baaposetoloi go tswa go Codex Bezae, makwalo a ga Paulo go tswa go Clermont Codex, le karolo e e setseng ya Tshenolō go tswa mo Mekwalong ya Alexandria. O ne a tlogela karolo e e belaetsang ya 1 Yohane 5:7. Whiston o ne a tlhopha mekwalo e meraro eno ya bogologolo ya Segerika jaaka e e neng e le yone e e gaisang ka nako eo.
Go bonala go rata Bibela e le gone go neng ga rotloetsa Whiston mo go se a neng a se dira. Mo motlheng wa gagwe go ne go tletse bodumedi jwa tlholego, thuto ya gore mabaka a le nosi a lekane, go dira gore motho a dumele mo Modimong. Go ya ka buka ya William Whiston—Honest Newtonian, o ne a nonofile a dumela “kgopolo ya bogologolo ya gore Bibela ke yone fela motswedi o o senang diphoso wa hisitori ya bogologolo.” Lereo “Newtonian” fano le raya Isaac Newton, yo o itsegeng thata ka Principia ya gagwe, e mo go yone a neng a tlhalosa melao ya maatlakgogedi a lobopo. Tsela e Newton a neng a akanya ka yone e ne ya ama William Whiston fela thata. Jang?
Botho Jo Bo Sa Tshwaneng
William Whiston o ne a tsholwa ka 1667, e le morwa wa moruti wa Church of England. Fa a sena go tlhomiwa jaaka moperesiti ka 1693, o ne a boela kwa Yunibesithing ya Cambridge go ya go ithuta mathemathiki le go thusa Newton. Ba ne ba nna ditsala tse di atamalaneng tota. Fa Newton a ne a tlogela tiro ya gagwe jaaka Lucasian Professor of Mathematics dingwaga tse tharo morago ga foo, o ne a tlhomamisa gore Whiston o tlhomiwa mo maemong a gagwe. Whiston o ne a tswelela ka tiro ya gagwe a ruta thutodinaledi le mathematiki, mme tlhotlheletso ya ga Newton e ne ya mo dira gore a kgatlhegele tatelano ya ditiragalo tsa Bibela le dithuto tsa yone.
Newton o ne a rata bodumedi. O ne a kwala thata ka boperofeti jwa Daniele le Tshenolō gonne o ne a dumela thata mo Mileniamong o o bolelwang ke Bibela. Lefa go ntse jalo, ga go na buka epe ya tseno e e neng ya gatisiwa fa a santse a tshela. O ne a sa dumelane le thuto ya Tharonngwe. Mme fa go ne go tla mo go gatiseng bosupi jo a neng a na najo kgatlhanong le Tharonngwe, “Newton o ne a ikgogela kwa morago a boifa gore dikgopolo tsa gagwe kgatlhanong le Tharonngwe di ka tla tsa itsiwe,” go akgela jalo The New Encyclopædia Britannica. F. E. Manuel o bolela jaana mo go Isaac Newton, Historian: “Setlhopha sa ga Newton se ne se fitlha dikgopolo tsa sone kana sa ithiba gore se se ka sa nna tlhaga thata. . . . Fa Newton a ne a iphitlha Whiston o ne a goa kwa mebarakeng.” Ka jalo banna ba babedi bano ba ne ba na le botho jo bo sa tshwaneng.
Go Kgaphelwa kwa Thoko
Ka July 1708, Whiston o ne a kwalela mobishopomogolo wa Canterbury le wa York, a kgothaletsa gore thuto e e phoso ya Church of England ya Tharonngwe e e kwadilweng mo Tumelomotheong ya ga Athanasius e fetolwe. Jaaka go itsiwe o ne a gakololwa gore a itlhokomele. Lefa go ntse jalo Whiston ga a ka a lesa. “Ke ithutile dintlha tseno ka botlalo,” o ne a bolela jalo, “e bile ke tlhatswegile pelo tota gore kereke ya bokeresete e na le lobaka lo loleele e tsieditswe mme ebile e seng go le gonnye; mme ka tshegofatso ya Modimo, fa nka kgona, ke tla dira gore e se ka ya tlhola e tsiediwa.”
Newton o ne a boifela maemo a gagwe mo setšhabeng le mo thutegong. Kafa letlhakoreng le lengwe, Whiston ene o ne a sa boife. Fa a sena go kwala dilo tse a di dumelang kgatlhanong le Tharonngwe, o ne a kwala pampitshana e e neng e bua ka dikgopolo tsa gagwe. Mme ka August 1708, Yunibesithi ya Cambridge e ne ya gana go naya Whiston laesense ya go gatisa tshedimosetso eno, gonne go ne go twe ga e dumalane le dithuto tse di tlhomilweng tsa kereke.
Ka 1710 Whiston o ne a latofadiwa ka gore o ruta dithuto tse di kgatlhanong le dilo tse di dumelwang mo Church of England. O ne a bonwa molato, mme a tseelwa boporofesa a bo a kobiwa kwa Cambridge. Lefa go ntse jalo, le mororo a ne a ntse a sekisiwa ka molao, ka dingwaga tse dingwe tse tlhano, Whiston ga a ise a ko a latofadiwe ka gore ke moikeodi.
Le mororo dikgopolo tsa gagwe kgatlhanong le Tharonngwe di ne di tshwana fela le tsa ga Whiston, Newton ga a ka a buelela tsala ya gagwe e bile ene ka boene o ne a mo kgaphela kwa thoko. Tshedimosetso ya ga Newton ya Bibela e e neng e senola Tharonngwe e ne kgabagare ya gatisiwa ka 1754—dingwaga di le 27 a setse a sule. Mme seo se ne se ka se tlhole se thusa Whiston gonne o ne a swa dingwaga di le pedi pele ga foo.
Go akanngwa gape gore Newton ke ene a neng a dira gore Whiston a kojwe mo Royal Society. Mme lefa go ntse jalo, Whiston o ne a se ka a kgobega marapo. O ne a fudugela le lelapa la gagwe kwa Lontone, koo a neng a tlhoma Society for Promoting Primitive Christianity. O ne a dirisa maatla a gagwe otlhe mo go kwaleng, mme tiro e e botlhokwa e a neng a setse a e dirile go fitlha ka nako eo e ne e le go kwala dibolumo tse nne tsa Primitive Christianity Revived.
O Ne A Ganediwa go Fitlha kwa Bokhutlong
Jaaka rasaense, Whiston o ne a direla batsamaisadikepe ka ditsela tse di farologaneng gore ba kgone go bona lonkitšhutu fa ba le mo lewatleng. Le mororo dikgopolo tsa gagwe di ile tsa se ka tsa dirisiwa go sa ineele ga gagwe kgabagare go ile ga felela ka gore go dirwe dikoronomitara tsa batsamaisadikepe. Le mororo bontsi jwa dikgopolo tsa ga Whiston kaga boperofeti jwa Bibela di ne di le phoso jaaka tsa bao ba neng ba tshela mo metlheng ya gagwe o ne a leka go batla boammaaruri ka ditsela tsotlhe. Dipampitshana tsa gagwe tse di neng di bua ka tsela ya dikhomete le dikgopolo tsa gagwe ka Morwalela wa motlha wa ga Noa ke dingwe tsa tse dintsi tse a neng a di kwala a buelela boammaaruri jwa saense le jwa Bibela. Lefa go ntse jalo, se se gaisang mekwalo yotlhe ya gagwe, ke fa a ne a senola gore dikwalo ga di rute thuto ya Tharonngwe.
Fela jaaka a ne a tlhola a dira, Whiston o ne a tlogela Church of England ka 1747. O ne a dira jalo, ka mmatota le ka tsela ya tshwantshetso, fa a ne a ema a tswa mo kerekeng fa moruti a ne a bala Tumelomotheo ya ga Athanasius. A Religious Encyclopædia e bolela jaana ka Whiston: “Motho o tshwanetse go kgatlhiwa ke go bua ga gagwe a tlhamaletse le ka boammaaruri, tsela e e tlhomameng e a neng a tshela ka yone, le tsela e e tlhamaletseng e a neng a itshwara ka yone.”
William Whiston o ne a tsaya gore boammaaruri ga bo a tshwanela go tswakanngwa le sepe, le gore dilo tse motho a tlhatswegileng pelo ka tsone di ne di le tlhwatlhwakgolo thata go feta tse di amogelwang di opelwa magofi le go galalediwa ke batho. Le mororo a ne a tsosa dikgang, Whiston e ne e le mokanoki yo o ka ikanngwang yoo a neng a buelela Bibela jaaka Lefoko la Modimo a sena poifo.—2 Timotheo 3:16, 17.
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 26]
Copyright British Museum