LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 9/14 ts. 3
  • Ditiragalo Tsa Lefatshe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ditiragalo Tsa Lefatshe
  • Tsogang!—2014
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Lefatshe
  • Boritane
  • China
  • Yuropa
  • Go Sotlwa ga Basadi—Bothata Jwa Lefatshe Lotlhe
    Tsogang!—2008
  • A Mme Ke Sone Tota?
    Tsogang!—1992
  • Fa Tirisodikgoka E Diragala mo Lelapeng
    Tsogang!—1993
  • Modimo o Ikutlwa Jang ka Thubakanyo?
    Tsogang!—2002
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2014
g 9/14 ts. 3

DITIRAGALO TSA LEFATSHE

Lefatshe

Mosadi yo o sotlakakilweng ke molekane yo o dikgoka

Go ya ka Mokgatlho wa Lefatshe Lotlhe wa Boitekanelo [World Health Organization] (WHO) go dirisa dikgoka kgatlhanong le basadi e setse e le “bothata jo bogolo mo lefatsheng lotlhe.” Go ya ka WHO, “diperesente di ka nna 35 tsa basadi botlhe di tla sotliwa ke balekane ba bone kgotsa ke motho mongwe yo e seng molekane wa bone.” “Go sotliwa ke molekane ke sengwe se se tlwaelegileng . . . , se se amang diperesente di le 30 tsa basadi lefatshe ka bophara.”

Boritane

Kereke

Fa go ne go botsolodiwa batho ba le 64 303, diperesente di le 79 tsa bone ba ne ba akanya gore “bodumedi ke jone bo bakang kutlobotlhoko le dintwa mo lefatsheng gompieno.” Mo godimo ga moo, fa go ne go balwa batho kwa Engelane le Wales ka 2011 go ne ga fitlhelwa gore ke diperesente di le 59 fela tsa baagi ba ba neng ba ipitsa Bakeresete go tloga go diperesente di le 72 ka 2001. Ka yone nako eo, diperesente tsa batho ba ba neng ba bolela gore ga ba na kamano epe le bodumedi di ne tsa tlhatloga go tswa go 15 go ya go 25.

China

Batsadi b aba godileng Ba-China

Go ya ka metswedi ya tshedimosetso, molao o o tokafaditsweng bosheng jaana o bolela gore bana ba ba godileng ga ba a tshwanela fela go etela batsadi ba bone ba ba tsofetseng ka metlha mme gape ba tshwanetse go ba tlhokomela ka “dilo tse ba di tlhokang mo maikutlong.” Molao ono ga o “tlhalose kotlhao epe” e bana ba tla e newang fa ba sa dire jalo.

Yuropa

Didirisiwa tse e seng tsa mmaatota

Gone jaanong digongwana tsa dikebekwa di dira didirisiwa tse e seng tsa mmatota tsa letsatsi le letsatsi tse di jaaka ditlolo tse di ntlafatsang, sesepa le e leng dijo. Go ya ka poresidente wa khampani e e gakololang batho ka pabalesego ya dijo, “mo e ka nnang sedirisiwa sengwe le sengwe se se nang le boleng se ka kgona go dirwa se e seng sa mmatota.” Moitse mongwe o fopholetsa gore diperesente di ka nna 10 tsa dijo tse di rekwang mo dinageng tse di tlhabologang, di dirilwe ka didirisiwa tse e seng tsa mmatota.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela