A Mme Ke Sone Tota?
SE MOTHO yo mongwe a ka se dirang ka boammaaruri, yo mongwe a ka se dira ka tsietso. Se o se bonang se rekisiwa se ka lebega fela thatathata jaaka se o se batlang, a mme ke sone tota? Ka dinako tse dingwe, go ile ga tsewa dikgato tse di gagametseng go leka go thibela go dira dilo ka tsietso. Modiri mongwe wa mo hoteleng kwa Jeremane o ne a kalediwa mo lekgolong la bo 14 la dingwaga ka ntateng ya go rekisa bojalwa jwa mofine jo e neng e se jone tota jo bo bidiwang Rüdesheimer. Kwa Borithane, mo dingwageng tse 140 pele ga 1832, batho ba ba fetang 300 ba ne ba kalediwa ka ntateng ya go tsietsa. Ka 1597 badiri ba babedi ba gauta ba ne ba kokotelwa ka ditsebe mo legonnyeng la katlholelo ka ntateng ya go bo ba ile ba tshwaya dipoleiti ba re ke tsa gauta tota mme go sa nna jalo.
Mark Jones, yo o neng a bereka mo lephateng la British Museum la dipontsho le go tweng Fake? The Art of Deception a re, “Go tlhagafalela go phutha dilo mo go neng ga diragala go ne ga fa batho ba ba sa ikanyegeng sebaka sa gore ba dire ka tsietso.” Le batho bao tota ba nang le kitso e e tletseng ba ile le bone ba tsiediwa. “Masalela” a motho wa kwa Piltdown a a neng a dirilwe ka tsietso a ile a tsietsa baitseanape ka dingwaga di le dintsi. Mafoko a a kwadilweng mo “dibukeng” ka ga Hitler a bontsha ka papamalo kafa eleng gore batsietsi ba ka kgona go tsietsa le batho bao eleng gore tota ba ka bo ba itse botoka.
Mark Jones a re, “Tsietso e nngwe e e golang thata gompieno ke e e diragalang mo go rekiseng dithoto ka maina a dithoto tse di setseng di itsege.” Ka sekai, go fopholediwa gore go rekisitswe dikhompiutara tse go tweng Apple tse eseng tsone di le 10 000 go ya go 15 000 kgwedi le kgwedi kwa United States ka 1987. Bosheng jaana go ile ga lemogiwa go rekisiwa ga legakwa la Waterford le eseng lone ka tsietso mo go dirileng dimilione tse 90,75 tsa diranta. The Sunday Times ya kwa Borithane e ne ya re, “Ditshwani tsa legakwa leno le le tumileng lefatshe ka bophara di ne di dirwa mo madirelong mangwe kwa motseng mongwe wa magae kwa Fora.”
Batho ba gompieno ba rata dilo tsa manobonobo thata. Vincent Carratu, yo o saleng a lwa ntwa bogologolo kgatlhanong le go rekisiwa ga dilo tse eseng tsone, a re morekisi wa dilo tse eseng tsone, “gompieno, o dira dinkgisa monate tsa Chanel tseo eseng tsone, ka moso a bo a bile a fetogela kwa go rekiseng dikipa tsa metshameko tse eseng tsone tsa Fila, mme e re morago a bo a rekisa direkete tsa thenese tse eseng tsone tsa Dunlop.” Sengwe le sengwe se moreki a se batlang, morekisi wa dilo tse eseng tsa boammaaruri oa se dira. Mme lefa go le jalo, setlhopha sa Anti-Counterfeiting Group sa kwa Borithane se tlhagisa jaana, “gantsintsi . . . tshupanako eo eleng ‘sesolo’ e e rekisiwang ka [R245] totatota e ja [R24,50] fela.”
Dilo Tsa Tsietso Tseo Di Ka Nnang tsa Gapa Matshelo
Anti-Counterfeiting News e bontsha mathata a mangwe gape, bodiphatsa jwa dithoto tsa boleng jo bo kwa tlase: “Dithoto tsa maemo a a kwa tlase di bile di le kotsi ruri di tshosetsa pabalesego ya bareki.” Matshosetsi ano a magolo go le kana kang? Trademark World e fa dikai tseno: “Mo difofaneng di le lesome le bone tseo di phatlakaneng go ile ga fitlhelwa bobotlana dintsho tse pedi mo go tsone di bakilweng ke dikarolo tse eseng tsone tsa difofane.” The National Consumer Council ya kwa Borithane e ile ya senola kafa eleng gore diketekete tsa dipolaka tsa motlakase tsa maemo a a kwa tlase le disentimetara tsa mareki a dikoloi tse eseng tsone tse di nang le dipatelo tsa direkere tsa maemo a a kwa tlase di ile tsa rekisiwa. E ile ya re, “tseno tsotlhe, di ka nna tsa nna diphatsa mo bareking.”
Ba tota ba senang digakolodi gotlhelele ke ba ba rekisang diokobatsi tse eseng tsone. The Anti-Counterfeiting Group ya kwa Borithane e a re, palo e e ka tshwarang “70 lekgolong ya diokobatsi tse di rekisiwang mo dikarolong tsa Aferika ga se tsa boammaaruri.” Ka sekai, molemo wa matlho o o ileng wa fitlhelwa kwa Nigeria, e ne e se molemo tota mme ebile o ne o dirilwe ka metsi a a leswe. O ne o ka nna wa baka bofofu. Ka 1987 World Health Organization e ne ya re, “fa batho ba ka ikanya ‘sebolayamegare’ se se senang sebolayamegare mo go sone, go tlile go baka dintsho mme ka jalo go dira melemo e eseng yone ke go ganyaola batho ka loso.”
Tota le one madi a o a tshwereng e ka nna a bo e se one. Bosheng jaana, mo ngwageng o le mongwe fela, diranta tse di dimilione tse 539 tsa madi a dipampiri a eseng one a ne a lemogiwa lefatshe ka bophara mme a tsewa. The Irish Times e a re, madi a eseng one a dipampiri a $100 a a ileng a dirisiwa kwa Ireland e ne e le a boemo jo bo kwa godimo fela thata mo eleng gore “a le 155 a one a ile a feta mo dibankeng tsotlhe tse dikgolo a sa lemogiwe.”
Jaanong o ka dira eng go itshireletsa kgatlhanong le dithoto tseno tse eseng tsone? Motlhalefedi mongwe wa merero ya bareki a re “tsela e e molemolemo go gaisa ya go itshireletsa kgatlhanong le tsietso eno ke gore moreki a nne le kitso.” O tlatsa ka go re: “Fa tlhotlhwa e lebega ekete ke sesolo thata, gongwe selo seo ke sa tsietso.”
[Setshwantsho mo go tsebe 15]
“Masalela” a Piltdown e ne e le maaka a a neng a tsietsa baitse-anape ka dingwaga di le dintsi