LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g96 4/8 ts. 28-30
  • Bareki Itiseng! Dilo Tsa Maitirelo di ka Bolaya

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Bareki Itiseng! Dilo Tsa Maitirelo di ka Bolaya
  • Tsogang!—1996
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dilo Tse di ka Bolayang Tsa Maitirelo
  • A Mme Ke Sone Tota?
    Tsogang!—1992
  • Dilo Tsa Maitirelo—Bothata Jwa Lefatshe Lotlhe
    Tsogang!—1996
  • Dikarata Tsa Sekoloto le Ditšheke Tsa Dituelo—A ke Tsa Mmatota Kgotsa Tsa Maitirelo?
    Tsogang!—1996
  • Go Tlile Jang Gore go Nne le Sefofane?
    Tsogang!—1999
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—1996
g96 4/8 ts. 28-30

Bareki Itiseng! Dilo Tsa Maitirelo di ka Bolaya

BATHO ba ba sa thapisiwang, ba ba sa belaeleng sepe ba ka tsiediwa. Tshupanako e e lebegang e le ya madi a a kwa godimo e motho yo o rekisetsang mo seterateng a e go rekisetsang ka madi a a kwa tlasetlase—a ke ya mmatota kgotsa ke ya boferefere? A o tla e reka? Jase e ntle ya boboa jwa maemo a a kwa godimo e motho a e go rekisetsang a le mo koloing mo seterateng—a go bolelela gore ke ya bobowa jo bo turang thata. A e tla go kgatlha thata mmogo le tlhwatlhwa ya yone mo e leng gore o tla palelwa ke gore o dirise temogo? Palamonwana ya teemane mo monwaneng wa mosadi yo o itirang e kete o sa tswa go tlhalwa—jaanong ga a na madi le legae, a emetse terena mo seteisheneng sa diterena tse di tsamayang ka fa tlase ga lefatshe sa New York—o ka nna wa e reka ka madi a a kwa tlase. A o ne o ka akanya gore ka mo e sa tureng ka teng, o ka se e tlogele? Ka lebaka la gore dipotso tseno di bodiwa mo setlhogong seno se se buang ka go tsietsa le ka ntlha ya maemo a go buiwang ka one, o ka nna wa araba ka gore “LEGOKA!”

A re fetoleng mafelo le maemo re tle re bone gore o tla araba jang. Go tweng ka kgetsana ya leina le le tumileng e e rekisiwang kwa marekisetsong a a ditlhwatlhwa di kwa tlase ka tlhwatlhwa e e kwa tlase? Bojalwa jwa leina le le itsegeng jwa wisiki jo bo rekisiwang mo marekisetsong a bojalwa a a mo khoneng? Ruri ga go ka ke ga nna le bothata fano. Gape akanya ka filimi ya leina le le rileng e e rekisiwang mo khemising kgotsa mo marekisetsong a dikhamera. Tla re re jaanong o rekisediwa tshupanako e e jang diketekete tsa diranta, e seng ke motho yo o rekisetsang mo seterateng, mme ke marekisetso a a tlotlegang. Tlhwatlhwa ya sone e fokoditswe fela thata. Fa e le gore o ne o kgatlhegela go reka tshupanako e e turang jalo, a o ne o tla e reka? Go tswa foo go na le ditlhako tsa maina tse di rekisiwang ka madi a a kwa tlase kwa lebentleleng lengwe le o le bontshitsweng ke ditsala. A o tlhomamisa gore ga se dilo fela tse di sa tureng tse e seng tsa mmatota?

Mo go tsa botaki, kwa ditshupong tsa ditshwantsho tse di takilweng go na le dithekiso tsa fantisi tsa batho ba ba ikgobokanyetsang dilo tse di takilweng tse di turang. Moitse mongwe o ne a tlhagisa jaana: “O itlhokomele. Batho ba e leng baitse ba tsa botaki ba ba nang le maitemogelo a dingwaga tse dintsi ba a tsiediwa. Le bagwebi. Le batsamaisi ba dimusiamo.” A o na le kitso e ntsi mo e leng gore o botlhale fela jaaka batho ba ba dirang dilo tsa maitirelo? O itise! Dilo tseo tsotlhe tse di tshwantshitsweng di ka nna tsa bo e le tsa maitirelo. Gantsi ke tsone. Gakologelwa gore, fa selo se sa tlwaelega e bile e le sa boleng jo bo kwa godimo, motho mongwe felo gongwe o tla leka go itirela sengwe se se tshwanang le sone.

Go itirela dithoto tsa maitirelo tsa theko ke kgwebo ya dimilione di le dikete tse 725 tsa diranta go ralala lefatshe e bile go “oketsega go gaisa bontsi jwa diintasetiri tse bo jang mo go tsone,” go ne ga kwala jalo makasine wa Forbes. Dikarolo tsa boferefere tsa dikoloi di jela badiri ba dikoloi ba Amerika didolara di le dimilione di le dikete tse 12 (dimilione di le dikete tse 43 tsa diranta) ka ngwaga go ralala lefatshe. Makasine oo o ne wa bolela jaana: “Intasetiri ya dikoloi ya kwa United States e bolela gore e ne e ka hira batho ba bangwe ba le 210 000 fa e ne e ka kgona go emisa kgwebo ya batho ba ba rekisang dikarolo tsa dikoloi tsa maitirelo.” Go begwa gore mo e ka nnang halofo ya difeketiri tse di dirang dilo tsa maitirelo di ka kwa ntle ga United States—gongwe le gongwe fela.

Dilo Tse di ka Bolayang Tsa Maitirelo

Mefuta e mengwe ya dilo tsa maitirelo e kotsi fela thata. Meburu, diboutu le dikurufu di dira diperesente tse 87 tsa didolara di le dimilione di le dikete tse 6 (dimilione di le dikete tse 22 tsa diranta) tsa marekisetso a United States. Lefa go ntse jalo, go tla go fitlha gompieno, bosupi bo bontsha gore diperesente tse 62 tsa dikurufu tseno tsotlhe di na le maina a a itiretsweng fela kgotsa letshwao la gore ke tsa boleng jo bo rileng. Pego ya 1990 ya General Accounting Office (GAO) e ne ya fitlhela gore “diteishene tsa nuklea” tse 72 tsa Amerika di ne di tsentse dikurufu tsa boleng jo e seng jone, tse dingwe di tsentswe mo dilong tse di tshwanetseng gore di tswale sedirisiwa se se laolang maatla a nuklea fa go ka nna le kotsi ya nuklea. Bothata bo nnela maswe kwa pele, go bolela GAO. . . .Ga go itsiwe gore bothata jwa didirisiwa [tsa maemo a a kwa tlase] bo bogolo go le kana kang, bo batla madi a le kana kang mo bathong ba ba duelang lekgetho, kgotsa gore di kotsi go le kana kang fa di dirisiwa,” go ne ga bega jalo Forbes.

Diboutu tsa ditshipi, tse di sa nonofelang go dirisediwa tiro e di dirisiwang mo go yone, di ile tsa tlisiwa mo United States ke bagwebi ba ba sa tshwenyegeng ka dilo. American Way e bolela jaana: “Di ka dira gore dikago tsa diofisi, seteishene sa motlakase, marogo le didirisiwa tsa masole di se ka tsa bolokesega go dirisiwa.”

Dikapesa tsa maitirelo tsa maboriki e ne e le tsone tse di neng di ikarabelela mo kotsing ya bese e e neng ya menoga mme ya bolaya batho ba le 15 kwa Canada dingwaga di sekae tse di fetileng. Go begwa gore go ile ga fitlhelwa ditshipi tsa maitirelo mo dilong tse go sa solofelweng gore di ka fitlhelwa mo go tsone tse di tshwanang le dihelikopotara tsa masole le sesutlhalefaufau sa United States. “Fa o bua ka tshupanako ya maitirelo ya Cartier kgotsa ya Rolex, moreki yo o tlwaelegileng fela ga a tshwenyege thata, “mme fa botsogo jwa gago le pabalesego di le mo kotsing, o a tshwenyega,” go ne ga bolela jalo mmatlisisi yo o tumileng wa dilo tsa maitirelo.

Lenaane la dilo tse di kotsi tsa maitirelo le akaretsa didirisiwa tse di dirang gore pelo e iteye tse di neng tsa rekisediwa dikokelo tse 266 tsa United States; dipilisi tsa thibelapelegi tse e seng tsone tse di neng tsa simolola go rekisiwa kwa Amerika ka 1984; le dilo tse di bolayang dithuthuntshwane tse di dirilweng ka tšhoko tse di neng tsa bolaya dijalo tsa kwa Kenya tsa kofi ka 1979. Go na le melemo ya khemisi ya maitirelo e e ka tsenyang matshelo a batho ba ba e dirisang mo kotsing. Dipalo tsa batho ba ba swang ka ntlha ya melemo ya maitirelo mo lefatsheng lotlhe e tsitsibanya mmele.

Go na le sengwe se se tshwenyang thata ka didirisiwa tse dipotlana tsa motlakase tsa mo gae. American Way e ne ya bega jaana: “Dingwe tsa didirisiwa tseno di na le maina a e seng one a badiri ba tsone le sesupo sa tetla ya gore Underwriters Laboratory e ba letleletse go dira dilo tseo.” Moenjeniri mongwe wa pabalelo o ne a bolela jaana: “Mme dilo tseno ga di dirwe ka maemo a a tshwanang gore e nne tse di bolokesegileng go di dirisa, ka jalo di felela di thuntse, di fisa matlo mme didirisiwa tseno ka botsone di nne kotsi.”

Kwa United States le kwa Yuropa, ditlhopha tsa badiri ba difofane le tsone di boleletswe ka tsela e e tshwanang. Ka sekai, kwa Jeremane, dikhampani tsa difofane di ile tsa bona dienjene tsa maitirelo le dikarolo dingwe tsa maboriki mo ditokong tsa bone. Go dirwa dipatlisiso “kwa Yuropa, Canada le United Kingdom kwa go ileng ga bolelwa gore dikarolo tse di sa letlelelwang (dikurufu tsa ase e e dikolosang lefetlho la kwa morago) e ile ya nna tsone tse di bakileng kotsi ya go phatlakana ga helikopotara e e bolaileng batho,” go ne ga bolela jalo badiredibagolo ba tsa mesepele. Flight Safety Digest e ne ya bega jaana: “Badiri ba ile ba tshwara ditshipi tse dintsi tsa dienjene tsa maitirelo, ditshipi tsa maboriki, diboutu tsa maemo a a kwa tlase le dikurufu, ditanka tsa lookwane tse di nang le diphoso, ditshipi tse di laolang motsamao wa sefofane tse di phoso, didirisiwa tse di thusang batsamaisi ba sefofane go se laola tse di sa tlhatlhobiwang, tse di botlhokwa thata gore sefofane se tsamaye ka pabalesego.”

Ka 1989 sefofane se se neng se hirisitswe se ya kwa Jeremane se tswa kwa Norway se ne sa fologela kwa tlase ka bofefo go tswa kwa bogodimong jwa dimetara di le 6600. Karolo ya mogatla e ne ya kgaoga e dira gore sefofane se taboge thata mo e leng gore diphuka tsa sone tse tharo di ne tsa robega. Batho botlhe ba ba 55 ba ba neng ba pagame sefofane seo ba ne ba swa. Morago ga tlhotlhomiso e e tsereng dingwaga tse tharo, baitse ba tsa difofane ba Norway ba ne ba lemoga gore go phatlakana moo go ne go bakilwe ke diboutu tse di neng di sa siama, tse di bidiwang dikurufu tse di tswalang, tse di neng di momaganya karolo ya mogatla le mmele wa sefofane. Ba ba tlhatlhobang gore a sefofane se nonofile ba ne ba lemoga gore diboutu di ne di dirilwe ka tshipi e e sa nonofang go ka emelana le diphefo tse di maatla fa sefofane se fofa. Diboutu tse di neng di sa siama tseo e ne e le tsa maitirelo—lefoko le le tlwaetsweng thata ke ditlhopha tsa baitse ba pabalesego ya difofane gongwe le gongwe, ka gore go dira dilo tsa maitirelo ke bothata jo bo golang jo bo tsenyang matshelo a bakgweetsi ba difofane le bapagami mo kotsing.

Motlhatlhobimogolo wa Lephata la Tsa Mesepele kwa United States o ne a bolela jaana fa thelebishene ya setšhaba e ne e mmotsolotsa: “Dikhampani tsotlhe tsa difofane di filwe dikarolo tsa maitirelo. Tsotlhe di na le tsone. Tsotlhe di na le mathata.” O ne a oketsa ka go re intasetiri e dumalana gore, “mo mabolokelong a bone ba na le didirisiwa tse ba sa kgoneng go di dirisa tse di fopholediwang mo dimilioneng di le dikete tse pedi kgotsa tse tharo tsa didolara [diranta di le dimilione di le dikete tse 7 go ya go tse 11].”

Mo potsolotsong yone eo, modirimmogo wa pabalesego ya difofane yo o gakolotseng FBI ka ditiro tsa boferefere tse di akaretsang dikarolo tsa maitirelo, o ne a tlhagisa gore dikarolo tsa maitirelo di kotsi tota. O ne a re: “Ke akanya gore re ka solofela go bona masetlapelo a sefofane nako nngwe mo isagweng e e gaufi.”

Letsatsi la katlholo le gaufi thata mo go botlhe ba bopelotshetlha jwa bone bo ba letlang gore ba beye dikeletso tsa bone tsa bogagapa kwa pele ga matshelo a batho ba bangwe. Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng le tlhalosa gore batho ba ba pelotshetlha ga ba kitla ba rua Bogosi jwa Modimo.—1 Bakorinthe 6:9-10.

[Ditshwantsho mo go tsebe 29]

Diaparo, dibenya, ditshwantsho tse di pentilweng, melemo ya khemisi, dikarolo tsa difofane—sengwe le sengwe fela se se nang le boleng jo bo kwa godimo ke mmidi o o silwang ke tshilo ya batho ba ba dirang dilo tsa maitirelo

[Setshwantsho mo go tsebe 30]

Dikarolo tsa maitirelo tsa dienjene, diboutu tse di sa siamang, didirisiwa tse di laolang sefofane, dikarolo tsa khomputara le dikarolo tse dingwe tsa maitirelo di bakile dikotsi tse di bolaileng batho

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela