LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 9/14 ts. 14-15
  • Spain e Leleka Ba-Morisco

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Spain e Leleka Ba-Morisco
  • Tsogang!—2014
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • BA PATELEDIWA GO SOKOLOGA
  • “GA SE BAKERESETE BA BA MOLEMO E BILE GA SE BABUSIWA BA BA MOLEMO”
  • Lenaane la Diteng
    Tsogang!—2014
  • Kereke ya Katoliki ya Kwa Spain—Maatla le Tshiamelo ya Yone
    Tsogang!—1990
  • Kereke ya Katoliki ya Kwa Spain—E Dirisa Maatla ka Tsela E E Setlhogo
    Tsogang!—1990
  • Go Dira Gore Lefoko la Modimo le Itsiwe mo Metlheng ya Bogare Kwa Spain
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2014
g 9/14 ts. 14-15
Ba-Morisco ba lelekwa kwa Spain

TSA MALOBA

Spain E Leleka Ba-morisco

Ga twe mo e ka nnang sengwe le sengwe se Ba-Spain ba se dirileng mo kgannyeng eno e e utlwisang botlhoko se ne se tlhotlhelediwa ke kereke. Go botlhokwa go bala kgang eno.

PUSO ya kwa Spain e ne e batla Naga ya Bokeresete e e nang le molao o le mongwe fela. Ba-Morisco ba ne ba tsewa e le baheitane mme ka ntlha ya seo go nna gone ga bone e ne e le boleo jo bogolo mo pele ga Modimo. Morago ga dingwaga di le dintsi, go ne ga dirwa tshwetso. Tharabololo e ne ya nna eng? Ba tshwanetse go lelekwa!a

BA PATELEDIWA GO SOKOLOGA

Ka makgolokgolo a dingwaga, Ba-Moor ba ba kwa Spain—setlhopha se sennye sa Bamoseleme se se bidiwang Ba-Mudéjar—ba ne ba tshela ka kagiso mo mafelong a a neng a laolwa ke Bakatoliki. Ka lobakanyana, mo mafelong mangwe ba ne ba letlelelwa semolao go tswelela ba dirisa melao le dingwao tsa bone le go dira dilo tse bodumedi jwa bone bo tlhokang gore ba di dire.

Mme ka 1492, kgosi Ferdinand II le kgosigadi Isabella ba e neng e le Bakatoliki ba ne ba gapa Granada, karolo ya bofelo ya Iberia e e neng e sa ntse e laolwa ke Bamoseleme. Ba-Moor ba ne ba solofediwa gore fa ba ka ineela ba tla nna le ditshwanelo tsa baagi tse di tshwanang le tsa Ba-Mudéjar. Le fa go ntse jalo, go ise go ye kae, baeteledipele ba Bakatoliki ba ne ba oketsa pogiso le kgatelelo ya bone mo setlhopheng se sennye sa Bamoseleme ba ba neng ba le kafa tlase ga taolo ya bone gore ba sokologe. Ba-Moor ba ne ba bontsha gore ba kgatlhanong le seo ka gonne se ne se senya tumalano e e kileng ya dirwa mme ka 1499 ba ne ba tsuologa. Masole a puso a ne a fedisa dikhuduego mme morago ga foo Bamoseleme mo mafelong a a farologaneng ba ne ba patelediwa gore ba sokologe kgotsa ba fuduge. Ba-Spain ba ne ba bitsa batho ba ba sokologileng ba ba setseng kwa Spain ba re ke Ba-Morisco.

“GA SE BAKERESETE BA BA MOLEMO E BILE GA SE BABUSIWA BA BA MOLEMO”

Ka 1526, Boiselamo bo ne jwa thibelwa go ralala Spain mme fa Ba-Morisco ba le bantsi ba le mo sephiring ba ne ba tswelela ba dira dilo tse di batlegang mo bodumeding jwa bone. Bontsi jwa bone bo ne jwa tswelela ka setso sa bone.

Kwa tshimologong, go ne go sa dirwe sepe le fa Ba-Morisco ba ne ba itira e kete ke Bakatoliki. Gone mme, ba ne ba dira ditiro tse di botlhokwa e le batho ba ba itseng tiro ya diatla, badiri ba tiro e e boima e bile ba duela lekgetho. Le fa go ntse jalo, kgang ya go bo Ba-Morisco ba ne ba sa batle go nna karolo ya setšhaba e ne e dira gore ba se ka ba ratiwa mme ba ne ba tlhaolwa ke puso le batho fela. Letlhoo leo le ile la tlhotlhelediwa ke dipelaelo tse dintsi tse kereke e neng e na le tsone malebana le gore a tota ba sokologile.

Go ise go ye kae, Spain e ne e sa tlhole e kgona go itshokela seo mme ya simolola go ba pateletsa go dira dilo. Ka 1567, tshwetso ya ga Kgosi Philip II ya go iletsa puo, moaparo, dingwao le setso sa Ba-Morisco e ne ya itsisiwe phatlalatsa. Seno se ne sa boa sa baka botsuolodi le tshololo ya madi.

Go fopholediwa gore mo e ka nnang Ba-Morisco ba le 300 000 ba ne ba patelediwa go tshaba kwa Spain ka ntlha ya go bogisiwa

Go ya ka baitsehisitori, babusi ba kwa Spain, ba ne ba dumela gore “Ba-Morisco ga se Bakeresete ba ba molemo e bile ga se babusiwa ba ba molemo.” Ka ntlha ya seo, ba ne ba latofadiwa ka gore ba loga maano le baba ba Spain—Magodu a lewatle a Ba-Berber, Bafora, Baporotesetanta le Ba-Turkey—go dira gore naga ya bone e tlhaselwe ke batswakwa. Letlhoo le go boifa gore kgabagare Ba-Morisco ba tla tsietsa puso le ne la dira gore Philip III a dire tshwetso ya go ba leleka ka 1609.b Mo dingwageng tse di latelang, batho ba go neng go belaelwa gore ke Ba-Morisco ba ne ba bogisiwa. Ka go dirisa ditsela tseo tse di setlhogo, Spain e ile ya nna naga ya Katoliki.

a Ka Se-Spain Lefoko Moriscos le kaya “Ba-Moor ba Bannye.” Baitsehisitori ba dirisa lefoko leo ka tsela e e sa sotleng go kaya Bamoselema ba ba sokologetseng mo Bokatoliking mme ba ya go nna kwa Setlhaketlhakeng sa Iberia morago ga go phutlhama ga puso ya bofelo ya Bomoseleme ka 1492.

b Gape baitsehisitori ba akanya gore mongwe wa babusi ba Spain o ne a solegelwa molemo thata ke go gapa thuo ya Ba-Morisco.

DINTLHA KA BOKHUTSHWANE

  • Mo masimologong a lekgolo la borobedi la dingwaga C.E., Bamoseleme ba kwa Afrika Bokone le Baaraba ba ne ba gapa karolo e kgolo ya Setlhaketlhake sa Iberia, dinaga tse gone jaanong e leng Spain le Portugal.

  • Masole a Bakatoliki a ne a simolola go boa a gapa dinaga tseo ka bonya ka bonya mme ba wetsa thopo ya bone ka 1492, fa ba ne ba gapa naga ya bofelo ya Ba-Morisco gaufi le Granada.

  • Ka 1492 Kgosi Ferdinand le Kgosigadi Isabella ba ne ba leleka Mojuda mongwe le mongwe yo o neng a gana go sokologela mo Bokatoliking. Ka bo1500, Bamoseleme ba ba neng ba sokologile, mmogo le bana ba bone, ba ne ba bogisiwa le go fudusediwa kwa mafelong a mangwe. Go tloga ka 1609 go ya go 1614, Ba-Morisco—“Bakeresete ba Basha” ba e neng e le Bamoseleme—ba ne ba lelekwa.

  • Go fopholediwa gore mo e ka nnang Ba-Morisco ba le 300 000 ba ne ba patelediwa go tshaba kwa Spain ka ntlha ya go bogisiwa. Go bonala go ile ga swa batho ba ba ka nnang 10 000 ka go bo ba ne ba gana go tsamaya fa ba lelekwa.

Bokatoliki “Jo bo Sa Tswakanngwang” go Ralala Naga Yotlhe!

Juan de Ribera, bishopomogolo wa Valencia, a leleka Ba-Morisco

Juan de Ribera, bishopomogolo wa Valencia, o ne a ema nokeng go lelekiwa ga Ba-Morisco

Ga go pelaelo gore Spain e ile ya nna le mathata a madi ka ntlha ya go latlhegelwa ke badiri ba yone ba Ba-Morisco. Le fa go ntse jalo, batho ba naga eo ba ne ba itumela thata morago ga khudugo eno e kgolo. Dibuka tsa hisitori di bolela gore mo bathong ba le bantsi ba kwa Spain, Ba-Morisco “ba ne ba sa bolo go ba kgopisa e bile e le matlhabisa ditlhong mo setšhabeng” ka ntlha ya bodumedi jwa bone. Gone jaanong sekgopi seo se tlositswe. Baeteledipele, baagi le kereke e ile ya itumela thata go bo kgabagare go na le Bokatoliki “jo bo sa tswakanngwang” go ralala naga.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela