LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g 8/15 ts. 8-9
  • Ruta Bana go Ithiba

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ruta Bana go Ithiba
  • Tsogang!—2015
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • KGWETLHO
  • Melemo ya go Itse go Itshwara
    Tsogang!—2019
  • Go Tlhagolela Loungo Lwa Boikgapo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Nna Boikgapo Gore o Fenye Sekgele!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • Ke ka Ntlha Yang fa Boikgapo bo le Botlhokwa Jaana?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2015
g 8/15 ts. 8-9
Mosetsana o omanya mmaagwe a supile monnawe

GO THUSA LELAPA | GO GODISA BANA

Ruta Bana go Ithiba

KGWETLHO

Ngwana wa gago wa dingwaga di le thataro ga a kgone go ithiba. Fa a bona sengwe se a se ratang, o se batla gone jaanong! Ka dinako dingwe fa a galefa o a lwa. O ipotsa gore, ‘A ke tsela e bana ba itshwarang ka yone? A ke solofele gore o tla tlogela mokgwa ono fa a ntse a gola kgotsa a ke nako ya gore ke mo rute go ithiba?’a

SE O TSHWANETSENG GO SE ITSE

Batho ga ba tseye go ithiba go le botlhokwa. Dr. David Walsh o ne a kwala jaana: “Mo lefatsheng leno le le letlelelang sengwe le sengwe, gantsi bana le bagolo ba utlwa melaetsa ya gore re tshwanetse go dira sengwe le sengwe se re se batlang. Re tle re utlwe batho ba ba nayang batho dikgakololo tsa gore ba ka tokafatsa matshelo a bone jang le bagwebi ba ba pelotshetlha ba ba batlang go ikgapela madi a batho, ba re kgothaletsa go dira se re se batlang.”b

Go botlhokwa go ba ruta go ithiba ba sa le bannye. Babatlisisi ba ile ba naya setlhopha sa bana ba ba nang le dingwaga di le nnè semonamone se le sengwe sa marshmallow ba bo ba ba bolelela gore ba itlhophele gore a ba tla se ja ka yone nako eo kgotsa moragonyana gore ba tle ba newe se sengwe ka gonne ba nnile pelotelele. Moragonyana, fa ba fetsa kwa sekolong se segolwane, bana ba ba neng ba kgona go ithiba go tloga fa ba le dingwaga di le nnè, ba ne ba dirisana sentle le ba bangwe, ba sa tshwenyege thata mo maikutlong e bile ba dira sentle kwa sekolong.

Ditlamorago tsa go sa ba rute go ithiba di ka nna botlhoko. Babatlisisi ba dumela gore tsela e ngwana a tlhaloganyang dilo ka yone e ka fetolwa ke dilo tse di mo diragaletseng. Ngaka Dan Kindlon o tlhalosa seo jaana: “Fa re letlelela bana go dira se ba se batlang, fa re sa ba rute go leta kgotsa go se itetlelele go raelesega, ba ka nna ba feleletsa ba sa kgone go ithiba.”c

SE O KA SE DIRANG

Ba tlhomele sekao. A o kgona go ithiba? A ngwana wa gago o a tle a go bone o galefile fa pharakano e le bonya, o tsenelela batho mo meleng kwa marekisetsong kgotsa o tsena batho ganong fa ba bua? Kindlon a re: “Tsela e e molemo ya go ruta bana ba rona go ithiba ke gore rona ka borona re ithibe.”—Molaomotheo wa Baebele: Baroma 12:9.

Ba bolelele ditlamorago tsa go sa ithibe. Go ikaegile ka gore ngwana wa gago o na le dingwaga di le kae, mo thuse go lemoga gore go molemo go ithiba le gore go na le diphelelo tse di bosula tsa go sa dire jalo. Ka sekai, fa ngwana wa gago a galefisitswe ke go tshwarwa makgwakgwa, mo kgothaletse gore a ipotse jaana: ‘A go ipusolosetsa go tla nthusa kgotsa go tla nkutlwisa botlhoko? A go na le tsela e e molemo e nka rarabololang bothata jono ka yone—gongwe ka go bala go fitlha go lesome gore ke ritibale? A go botoka gore ke itsamaele?’—Molaomotheo wa Baebele: Bagalatia 6:7.

Mo akgole. Akgola ngwana wa gago fa a kgonne go ithiba. Mmolelele gore ga se ka metlha go tla nnang motlhofo go laola maikutlo mme go dira jalo go molemo! Baebele ya re: “Motho yo o sa thibeng moya wa gagwe, o tshwana le motse o o thubilweng, o o se nang lobota.” (Diane 25:28) Mme “yo o bonya go galefa o botoka go gaisa monna yo o thata.”—Diane 16:32.

Ipaakanyetseng boemo. Tshamekang motshameko o lo ka o bitsang “O ne O ka Dirang?” kgotsa “Ditshwetso Tse di Siameng, Ditshwetso Tse di sa Siamang” kgotsa sengwe se se tshwanang le seo. Tlotlang ka maemo a a ka nnang a tlhaga le kafa a ka tsibogelwang ka gone, mme lo kwale gore a a tsibogetswe ka tsela “e e siameng” kgotsa “e e sa siamang.” Dirang dilo tse di farologaneng: Fa lo rata lo ka dirisa bompopi, lwa torowa kgotsa lwa dira sepe fela se se ka dirang gore motshameko oo o itumedise mme gone o ruta. O batla go thusa ngwana wa gago go lemoga gore go ithiba go botoka go na le go dira dilo o sa akanye.—Molaomotheo wa Baebele: Diane 29:11.

Nna pelotelele. Baebele ya re “boeleele bo bofeletswe mo pelong ya mosimane.” (Diane 22:15) Ka jalo, o se ka wa lebelela gore ngwana wa gago a nne bonako go simolola go ithiba. Buka ya Teach Your Children Well ya re: “Seno se ka tsaya lobaka, sa direga ka bonya mme ka dinako dingwe ga nna le poelomorago kgotsa kgatelopele e kgolo.” Le fa go ntse jalo, ano ga se matsapa a bophiri. Buka eno e tswelela ka gore: “Fa ngwana a kgona go ithiba, o tla kgona go ithiba mo diokobatsing fa a na le dingwaga di le 12 le mo thobalanong fa a na le dingwaga di le 14.”

a Le fa re bua ka ngwana wa mosimane, melaometheo e go buiwang ka yone mono e dira le mo basetsaneng.

b Go tswa mo bukeng ya No: Why Kids—of All Ages—Need to Hear It and Ways Parents Can Say It.

c Go tswa mo bukeng ya Too Much of a Good Thing—Raising Children of Character in an Indulgent Age.

DITEMANA TSA KONOKONO

  • “A lorato lwa lona lo nne lo lo se nang boitimokanyo.” —Baroma 12:9.

  • “Le fa e le eng se motho a se jalang, o tla roba sone seno gape.”—Bagalatia 6:7.

  • “Sematla se ntsha moya wa sone otlhe, mme yo o botlhale o o boloka o ritibetse go fitlha kwa bofelong.”—Diane 29:11.

NAYA NGWANA SENGWE FA A ITSHWERE SENTLE

Tota le bana ba bannye ba ka ithuta go ithiba. Buka ya Generation Me ya re: “Fa ngwana a lelela semonamone lo le kwa lebenkeleng o bo o se mo naya, o mo ruta gore a ka lela gore a bone se a se batlang. Mo nakong e e tlang fa a batla sengwe, o tlile go lela botlhoko ka gonne a ile a kgona go dirisa mokgwa ono mo nakong e e fetileng. Mme o ka naya ngwana sengwe ka go bo a itshwere sentle. Batsadi ba le bantsi ba naya ngwana se a se batlang fa a lela ka gonne go le motlhofo go dira jalo kgotsa ba sa kgone go tima ngwana se a se batlang. Mme fa o dira jalo, o mo tima dilo tse dintsi tsa botlhokwa. Fa o naya ngwana sengwe ka go bo a kopa dilo sentle, o mo ruta mekgwa e e siameng ya go bua le go ithiba.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela