LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g16 no. 4 ts. 6
  • 3 O se Ka wa Ineela

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • 3 O se Ka wa Ineela
  • Tsogang!—2016
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • O ka Kgona go Fitlhelela Mekgele ya Gago
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2023
  • Go Tila go Boela mo Mekgweng E E Maswe
    Tsogang!—1991
  • Dira Gore Mekgwa e o Nnang le Yone e go Solegele Molemo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Go Itirela Thulaganyo e e Molemo
    Tsogang!—2016
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2016
g16 no. 4 ts. 6
Mosadi a kwala mo khalendareng

SETLHOGO SA KA FA NTLE | GO ITIRELA THULAGANYO E E MOLEMO

3 O se Ka wa Ineela

Khalendara e e kwadilweng

Go na le kgopolo e e tlwaelegileng ya gore go itlwaetsa mokgwa o mosha go tsaya malatsi a le 21. Le fa go ntse jalo, dipatlisiso di bontsha gore batho ba bangwe ba tsaya lobaka lo lokhutshwane go dira diphetogo tse dikgolo mme ba bangwe ba tsaya lobaka lo loleele. A seo se tshwanetse go go kgoba marapo?

Akanya ka boemo jono: A re re o batla go simolola go ikatisa gararo mo bekeng.

  • Mo bekeng ya ntlha o fitlhelela mokgele wa gago.

  • Mo bekeng ya bobedi o tlodisa letsatsi.

  • Mo bekeng ya boraro o fitlhelela mokgele wa gago gape.

  • Mo bekeng ya bonè o ikatisa gangwe fela.

  • Mo bekeng ya botlhano o fitlhelela mokgele wa gago gape, go tswa foo, o o fitlhelela beke le beke.

Go go tsere dibeke di le tlhano go tlwaela mokgwa o mosha. Go ka lebega go tsere lobaka mme fa o fitlheletse mokgele wa gago, o tla itumelela go bo o nnile le mokgwa oo o o siameng.

MOLAOMOTHEO WA BAEBELE: “Mosiami o ka wa ga supa, mme ruri o tla tsoga.”—Diane 24:16.

Baebele e re kgothaletsa go nna pelotelele. Kgangkgolo ke gore, ga se makgetlo a o paletsweng ka one mme ke makgetlo a o atlegileng ka one.

Kgangkgolo ke gore, ga se makgetlo a o paletsweng ka one mme ke makgetlo a o atlegileng ka one

SE O KA SE DIRANG

  • O se ka wa tsaya gore fa o paletswe gangwe go raya gore o paletswe gotlhelele. Nna o solofetse gore o tla lebana le dikgoreletsi fa o ntse o leka go fitlhelela mokgele wa gago.

  • Akanya ka nako ya fa dilo di ne di tsamaya sentle. Ka sekai, fa e le gore o leka go tokafatsa tsela e o buang le bana ba gago ka yone, ipotse jaana: ‘Ke leng la bofelo ke neng ke ikutlwa ke batla go omanya banake ke bo ke sa dire jalo? Go na le go ba omanya, ke ne ka dira eng? Nka boeletsa seo jang?’ Dipotso tseo di ka go thusa gore o tlhome mogopolo mo go atlegeng e seng mo dilong tse o paletsweng mo go tsone.

A o ka rata go itse gore melaometheo ya Baebele e ka go thusa jang mo dikarolong dingwe tsa botshelo, tse di jaaka go tlhobaela, go nna le lelapa le le itumetseng le go bona boitumelo jwa mmatota mo botshelong? Bua le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa kgotsa o tsene mo website ya rona ya jw.org/tn.

MELAOMETHEO E MENGWE YA BAEBELE

“Matlho a gago a a phatsimang a lebe kwa pele fa pele ga gago.”—Diane 4:25.

“Ke lebala dilo tse di kwa morago mme ke gagamalela pele kwa dilong tse di kwa pele, ke latelela go ya fela kwa mokgeleng.”—Bafilipi 3:13, 14.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela