LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g16 no. 5 ts. 10-11
  • Elemente e e Kgatlhang Thata

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Elemente e e Kgatlhang Thata
  • Tsogang!—2016
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A Dielemente di Itlhagetse Fela?
    Tsogang!—2000
  • Medikologo ya Botshelo
    Tsogang!—2009
  • A go Na le Mongwe yo o Nang le Pensele?
    Tsogang!—2007
  • Lefatshe la Rona Le Le Swafaditsweng—Le Senngwa mo Dikarolong Di Le Dintsi
    Tsogang!—1993
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2016
g16 no. 5 ts. 10-11

Elemente e e Kgatlhang Thata

Diatomo tsa khabone

Buka ya Nature’s Building Blocks ya re: “Khabone ke elemente e e botlhokwa thata mo botshelong.” Khabone e tlhomologile thata ka gonne e kgona go lomagana ka boyone kgotsa go lomagana le dielemente tse dingwe mme e fetoge go nna dilo tse di farologaneng, tse dingwe tsa tsone di sa ntseng di ribololwa le gompieno e bile tse dingwe di kopanngwang le dikhemikale go bopa sengwe se sele.

Jaaka dikai tse di fa tlase di bontsha, diatomo tsa khabone di kgona go kopanngwa gore di bope dilo tse di farologaneng, tse di jaaka ditšhaene, dipiramiti, dipalamonwana, dishiti le ditšhupu. Ruri khabone ke elemente e e kgatlhang tota!

TEEMANE

Teemane

Diatomo tsa khabone di bopega go nna dipiramiti tse di bidiwang tetrahedron, tse di dirang gore popego eo e nne popota le gore teemane e nne kungo ya lefatshe e e thata go di gaisa. Teemane e ntle ke molekhule o le mongwe fela wa diatomo tsa khabone.

GRAPHITE

Motswi wa pensele

Graphite ke diatomo tsa khabone tse di kgotlhaganeng thata mme di tlhatlagantswe gore di kgone go relela motlhofo fela jaaka dipampiri tse di tlhatlaganeng tse di tsewang ke phefo. Seno se dira gore graphite e nne boleta mme ke yone motswako wa konokono o motswi wa pensele o dirilweng ka one.a

GRAPHENE

Mokwalo wa pensele

Fano go buiwa ka letlhatlaganyane le le lengwe la diatomo tsa khabone tse di rulagantsweng go ya ka tsela e e batlang e tshwana le ntlo ya dinotshi. Graphene e maatla thata go gaisa tshipi. Mokwalo wa pensele o ka tswa o na le selekanyo se sennye sa graphene.

FULLERENES

Fullerenes

Dimolekhule tseno tsa khabone di tla ka dipopego tse di farologaneng, tse di jaaka popego ya dibolo tse dinnye thata le ditšhupu tse di batlang di tshwana le letloa la kgwele ya dinao. Go dirisiwa selekanyo sa mmetara e menagane ga bilione.

DITSHEDI

Sele e e nang le khabone

Disele di le dintsi tse di gone mo dimeleng, mo diphologolong le mo bathong di dirilwe ka khabone, e leng elemente e e fitlhelwang mo dikhabohaetereiteng, mo mafureng le mo di-amino acid.

“Dinonofo tse di sa bonaleng tsa [Modimo] . . . di bonwa sentle mo popong ya lefatshe.”—Baroma 1:20.

a Bona setlhogo se se reng, “A go Na le Mongwe yo o Nang le Pensele?” mo makasineng wa Tsogang! ya July 2007.

Naledi

Khabone e Tswa Kae?

Khabone e nna gone fa digase tse tharo tse di se nang mebala di kopana mme baitsesaense ba dumela gore seno se direga mo teng ga dinaledi tse di bidiwang di-red giant. Mme maemo a tshwanetse a bo a siame gore digase tseno di kgone go kopana. Mankge mongwe wa fisikisi e bong Paul Davies a re: “Fa o ka fetola [melao ya lobopo] le fa o ka dira jalo go se kae fela, go ka nna ga feleletsa go se na lobopo, botshelo le fa e le batho.” Ke mang yo o dirileng gore digase tseno di kopane mme di dire gore go nne le khabone? Bangwe ba re go itiragaletse fela. Ba bangwe ba re seno se bontsha gore go na le Mmopi yo o botlhale. O akanya gore lebaka le le utlwalang ke lefe?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela