LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • g16 no. 6 ts. 3
  • Go Thibela go Tsenwa ke Malwetse

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Thibela go Tsenwa ke Malwetse
  • Tsogang!—2016
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Ipusolosetsa ga Megare
    Tsogang!—1996
  • Kafa Megare Eo e E sa Ineeleng e Boang e Tlhasela Gape ka Gone
    Tsogang!—2003
  • Leroborobo mo Lekgolong la Bo20 la Dingwaga
    Tsogang!—1997
  • Go Atlega le go Palelwa mo go Lweng le Malwetse
    Tsogang!—2004
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tsogang!—2016
g16 no. 6 ts. 3

SETLHOGO SA KA FA NTLE

Go Thibela go Tsenwa ke Malwetse

Letsatsi le letsatsi mmele wa gago o lwa le baba ba ba didimetseng e bile ba sa bonale mme ba le kotsi mo ba ka go bolayang. Dilo tse di sa tshwanelang go tsena mo mmeleng tse di jaaka dibakateria, dibaerase le dipharasaete, di baya botsogo jwa gago mo kotsing.a Ga se gantsi o ka kgonang go lemoga gore mmele wa gago o lwantshana le tsone ka gonne masole a gago a mmele a di ntsha kgotsa a di bolaya ka bonako fela pele ga matshwao a tsone a itlhagisa. Le fa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe megare e e kotsi e nna maatla thata. Seo se ka nna sa tlhoka gore o nonotshe masole a mmele wa gago ka go nwa melemo kgotsa go dirisa mefuta mengwe ya kalafi.

Dilo tse di farologaneng tse di bakang malwetse jaaka go etela mafelo a mangwe, dibakateria, tlala le dijo tse di sa apeweng sentle

Go fetile dingwaga di le dintsi batho ba sa itse sepe ka dikotsi tse di bakwang ke megare e e sa bonaleng kgotsa ditshedi tse dinnye tse di kotsi. Mme ka lekgolo la bo19 la dingwaga fa baitsesaense ba sena go tlhalosa kafa megare le bolwetse di amanang ka gone, seo se ne sa re thusa go itse gore re ka itshireletsa jang. Go simologa ka nako eo, babatlisisi ba tsa kalafi ba ile ba kgona go fedisa kgotsa go fokotsa dikotsi tse di bakwang ke bolwetse jwa go tswa diso mo mmeleng le jwa pholio. Le fa go ntse jalo, bosheng jaana, malwetse a a kotsi a a bolayang a simolotse go tlhasela gape. Ka ntlha yang? Ela tlhoko dintlha tseno:

  • Ngwaga le ngwaga, batho ba le dimilione ba tsaya maeto go ralala lefatshe, mme gantsi ba a bo ba na le megare e e bakang malwetse. Setlhogo sengwe mo lokwalodikgannyeng lwa Clinical Infectious Diseases sa re: “Batho ba ba etelang dinaga tse dingwe ba ka tshwaetsa batho ka malwetse a a kotsi a a tsayang lobaka go bonala.”

  • Melemo e e bolayang megare ga e tlhole e kgona go lwantsha megare mengwe. Mokgatlho wa Lefatshe Lotlhe wa Boitekanelo wa re: “Re gaufi le nako e ka yone melemo e tla bong e sa kgone go lwantsha megare mo mmeleng wa motho, nako e megare e e tlwaelegileng . . . e tla bong e bolaya batho gape.”

  • Gantsi dintwa tsa selegae le tlala di kgoreletsa maiteko a puso a go fokotsa go anama ga malwetse.

  • Batho ba le bantsi ga ba itse gore ba ka thibela jang go tsenwa ke malwetse.

Le fa go na le maemo ano a a sa iketlang, go na le dilo tse dintsi tse o ka di dirang go itshireletsa le go sireletsa lelapa la gago. Dintlha tse di latelang di tla bontsha gore tota le fa o nna mo nageng e e tlhabologang, o ka kgona go dira dilo dingwe tse di motlhofo tse di ka go thusang go itshireletsa.

a Ga se megare yotlhe e bakang malwetse. Motseletsele ono wa ditlhogo o bua thata ka ditshedi tse dinnye tse di bonwang fela ka maekerosekoupo le dilo tse dingwe tse di ka go tsenyang malwetse.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela