LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • my polelo 5
  • Botshelo jo bo Boima bo a Simologa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Botshelo jo bo Boima bo a Simologa
  • Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Lebaka La go Bo ba Latlhegetswe ke Legae la Bone
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • Botshelo Bo ne Bo Ntse Jang mo Paradaiseng?
    Reetsa Modimo Mme o Tshelele Ruri
  • Adame le Efa ba Tlola Taelo ya Modimo
    Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Modimo o Bopile Monna wa Ntlha le Mosadi
    Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
my polelo 5
Efa o na le bana ba gagwe kwa ntle ga Edene

POLELO 5

Botshelo jo bo Boima bo a Simologa

KA KWA ntle ga tshingwana ya Edene, Adame le Efa ba ne ba nna le mathata a mantsi. Ba ne ba tshwanetse go dira ka natla gore ba bone dijo. Mo boemong jwa ditlhare tse dintle tsa maungo, ba ne ba bona go mela ditlhare di le dintsi tsa mmitlwa le sitlwasitlwane. Seno se ile sa direga fa Adame le Efa ba tlogela go utlwa Modimo mme ba bo ba sa tlhole ba nna ditsala tsa gagwe.

Se se maswe le go feta, Adame le Efa ba ne ba simolola go swa. Gakologelwa gore Modimo o ne a rile ba tla swa fa ba ka ja leungo la setlhare sengwe. Ka jalo, mo go lone letsatsi le ba neng ba le ja ka lone, ba ne ba simolola go swa. Ruri ba ile ba nna dieleele ka go se reetse Modimo!

Bana botlhe ba ga Adame le Efa ba ne ba tsholwa fa Modimo a sena go leleka batsadi ba bone mo tshingwaneng ya Edene. Seno se ne se bolela gore bana bao le bone ba ne ba tla tsofala ba bo ba swa.

Fa Adame le Efa ba ne ba ikobetse Jehofa, ba ka bo ba ile ba itumelela botshelo le bana ba bone. Ba ne ba tla tshelela ruri mo lefatsheng ba itumetse. Go ne go se na motho ope yo o neng a tla tsofala, a lwala le go swa.

Modimo o batla gore batho ba tshelele ruri mo lefatsheng ba itumetse, mme o solofetsa gore letsatsi lengwe go tla nna jalo. Ga se fela gore lefatshe lotlhe le tla bo le le lentle, mme le batho botlhe ba tla bo ba na le botsogo jo bontle. Gape batho botlhe mo lefatsheng ba tla nna ditsala tsa Modimo e bile bone ka bobone ba tla nna ditsala.

Le fa go ntse jalo, Efa o ne a sa tlhole a le tsala ya Modimo. Ka jalo, fa a tshola bana, go ne go se motlhofo. O ne a nna le ditlhabi. A o a dumela gore go se ikobele Jehofa go ne ga mmakela mahutsana a mantsi?

Adame le Efa ba ne ba nna le bana ba bantsi ba basimane le basetsana. Fa morwa wa bone wa ntlha a tsholwa, ba ne ba mmitsa Kaine. Morwa wa bobedi ene ba mmitsa Abele. Go ne ga diragala eng ka bone? A o a itse?

Genesise 3:16-23; 4:1, 2; Tshenolo 21:3, 4.

Dipotso Tsa Thuto

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela