LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • lfb thuto 3 ts. 14-ts. 15 ser. 3
  • Adame le Efa ba Tlola Taelo ya Modimo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Adame le Efa ba Tlola Taelo ya Modimo
  • Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Lebaka La go Bo ba Latlhegetswe ke Legae la Bone
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • Go na Le Batho ba Bagolo go re Feta
    Ithute mo Morutising yo Mogolo
  • Botshelo Bo ne Bo Ntse Jang mo Paradaiseng?
    Reetsa Modimo Mme o Tshelele Ruri
  • Botshelo jo bo Boima bo a Simologa
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
lfb thuto 3 ts. 14-ts. 15 ser. 3
Adame le Efa ba lelekiwa mo tshimong ya Edene

THUTO 3

Adame le Efa ba Ne ba Tlola Molao wa Modimo

Adame o tshwere leungo le Efa a mo neileng lone

Letsatsi lengwe fa Efa a le nosi, noga e ne ya tla kwa go ene mme ya re: ‘A ke nnete gore Modimo a re lo se ka lwa ja mo ditlhareng tseno tsotlhe?’ Efa o ne a re: ‘Re kgona go ja mo go tsone tsotlhe ntle le setlhare se le sengwe fela. Fa re ka ja leungo la sone, re tla swa.’ Noga e ne ya re: ‘Ga lo kitla lo swa. Tota e bile, fa lo ka ja mo go sone, lo tla tshwana le Modimo.’ A seo e ne e le nnete? Nnyaa, e ne e le maaka. Mme Efa o ile a dumela maaka ao. Efa o ne a nna a lebile leungo leo mme seo sa dira gore a le eletse le go feta. O ne a le kgetla a le ja a bo a le naya Adame gore le ene a le je. Adame o ne a itse gore ba tlile go swa fa ba sa reetse Modimo. Mme o ne a le ja fela.

Go na le tšhaka le baengele ba ba disitseng kgoro ya tshimo ya Edene fa Adame le Efa ba ntse ba tswa mo go yone

Maitseboa, Jehofa o ne a bua le Adame le Efa. O ne a ba botsa gore goreng ba sa mo reetsa. Efa o ne a re ke noga, mme Adame o ne a re ke Efa. Jehofa o ne a ba leleka mo tshingwaneng ka gonne ba sa mo reetsa. O ne a baya baengele le tšhaka e e tukang kwa kgorong go dira gore ba se ka ba tlhola ba boela mo tshimong ya Edene.

Jehofa o ne a re o tla otlhaya yo o neng a akeditse Efa. Tota ga se gore Efa o ne a bua le noga. Jehofa ga a dira gore dinoga di kgone go bua. Ke moengele yo o bosula yo o dirileng gore noga eo e bue. O ne a batla go tsietsa Efa. Moengele yoo o bidiwa Satane Diabolo. Mo nakong e e tlang, Jehofa o tlile go fedisa Satane gore a se ka a tlhola a tsietsa batho gore ba dire dilo tse di bosula.

“Diabolo, . . . e ne e le mmolai go tloga kwa tshimologong, mme o ne a se ka a itsetsepela mo boammaaruring, ka gonne boammaaruri ga bo yo mo go ene.”​—Johane 8:44

Dipotso: Goreng Efa a ile a ja leungo? Go ne ga diragalang ka Adame le Efa ka ntlha ya go sa reetse Jehofa? Satane Diabolo ke mang?

Genesise 3:1-24; Johane 8:44; 1 Johane 3:8; Tshenolo 12:9

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela