Kgaolo 13
Motlha wa Boshafatso jwa Dilo
1. (a) Ke paka efe e e gakgamatsang eo e letetseng bao ba tla falolelang mo ‘lehatsheng je lesha’? (b) Mme seo se tla tlhokang?
PHALOLO ya bokhutlo jwa lefatshe la jaanong je le bodileng ke tebelelo e e molemo-lemo. Re eletsa go tlosiwa mo tshiamololong, bogagapeng le bothubaking jwa lefatshe jeno. Mme go na le sengwe gape se se dirang gore go falola go eletsege le eleng ka mo go oketsegileng. Ke eng? Ke lebaka la go bo botlhe bao ba nnang bontlha bongwe jwa “lehatshe ye lesha” ba tla nna gape le paka ya go gololwa mo go sa itekaneleng ga bone, mo bolwetsing le mo botshelong jo bo ditlhabi, ee, le eleng mo losong. (Tshenolō 21:1-5) Lefa go ntse jalo, gore seno se diragale, boleo ka bojone bo tshwanetse jwa tlosiwa gotlhelele. Seo se ka kgonega jang? Se tsamaelana le seo Jesu Keresete a neng a se tlhalosa jaaka ‘boshafatso.’
2. ‘Boshahatso jwa dilo’ jo go lebisiwang go jone go Mathaio 19:28 ke eng?
2 Jesu o ne a raya baaposetoloi ba gagwe a re: “Lona ba lo ntshetseñ moragō, e tla re mo Boshahacoñ yoa dilō cotlhe, ha Morwa Motho a dula mo setuloñ sa gagwè sa bogosi sa kgalalèlō, le lona lo tla dula mo dituloñ tsa bogosi di le shomè le mecō mebedi, lo atlhola dicō tse shomè le mecō mebedi tsa Iseraela.” (Mathaio 19:28) Boshafatso e tla bo e le nako ya “popo-sesha,” nako ya “fa sengwe le sengwe se shafadiwa,” jaaka dithanolelo tse dingwe tsa Bibela di bo tlhalosa. (The Emphasised Bible, ka Rotherham; The Jerusalem Bible) Ka boshafatso jono, go tla kgonega ka batho go ipelela gape boitekanelo joo setho se neng se na najo kwa tshimologong.
3. (a) Ke eng seo se nnileng gone ka ntlha ya boleo jwa ga Adame? (b) Ke ka ntlha yang fa go ne go se ope wa bana ba ga Adame yo o neng a kgona go ka lere kgololo mo diphelelong tsa boleo jo bo ruilweng?
3 Ka ntlha ya boleo jo bo ruilweng mo go Adame, lotsalo lotlhe lwa gagwe lo ne lwa tshwanelwa ke go swa, mme e bile ba le bantsi ba ile ba boga malwetse a a botlhoko a a gogelang kwa losong. (Baroma 5:12) Ga go na phalolo epe mo losong e e ka rekwang ka madi. Ga go na ditiro dipe tse di kgonnweng ke motho yo o sa itekanelang tseo di ka mo leretseng kgololo kana ope fela o sele. Tshiamiso ya bomodimo e ne ya tlhoka gore, fa e le gore setho se tla bona paka ya go ipelela botshelo jo bo sa khutleng gape, go tshwanetse ga ntshiwa setlhabelo sa molemo o o lekanang fela le seo Adame a neng a se latlha, ebong, botshelo jo bo itekanetseng jwa motho. Go ne go se ope wa bana ba ga Adame yo o neng a na le botshelo jo bo ntseng jalo go ka bo ntsha.—Pesalema 49:7-9; Moreri 7:20.
4. (a) Thekololo e e tlhokafalang e ne ya baakanyediwa jang? (b) Re ka solegelwa molemo jang mo go yone?
4 Ka kutlwelo botlhoko, Jehofa ka boene o ne a dira paakanyetso e e tlhokafalang ka go romela Morwawe yo o esi, Jesu, go tla mo lefatsheng jaaka motho yo o itekanetseng go tla go ntsha botshelo jwa gagwe jaaka “thèkololō ea botlhe.” (1 Timotheo 2:5, 6) Abo e le pontsho e e gakgamatsang jang ne ya bobelonomi jo bo sa tshwanelang le ya lorato lwa Modimo mo bathong! Botshelo joo bo ka kgonegang ka ntlha ya seo ga se sengwe seo re ka se bapalang jaaka dituelo mme ke neo e e tswang Modimong. Lefa go ntse jalo, e neelwa fela bao ka mmaanete ba lemogang fa ba tlhoka paakanyetso eno ya bomodimo, ba bontshang tumelo mo go yone le go supa tumelo eo ka kutlo go Morwa Modimo. (Baroma 6:23; Yohane 3:16, 36) Mme melemo eo ya setlhabelo seo e ne e tla itemogelwa leng ke setho?
MELEMO GONE JAANONG GO TSWA SETLHABELONG SA GA KERESETE
5. (a) Ke bomang bao ba neng ba solegelwa molemo lantlha mo setlhabelong sa ga Keresete? (b) Ke setlhopha sefe se sengwe seo se ileng sa solegelwa molemo, mme segolo bogolo fa e sale go simologa leng?
5 Melemo e ne ya simolola go ama matshelo a batho ka bofefo fela morago ga fa Jesu Keresete (a direla jaaka Moperisiti yo Mogolo wa Modimo) a neela molemo wa setlhabelo sa gagwe go Modimo mo legodimong. Santlha, go simolola ka Pentekosete ya 33 C.E., melemo eno e ne ya simolola go itemogelwa ke bao, ka go bilediwa go nna baruaboswa le Keresete, ba neng ba tla direla jaaka dikgosi le baperisiti le ene mo legodimong. (Ditihō 2:32, 33; Bakolosa 1:13, 14) Go tswa foo, bogolo segolo ka 1935, batho bao ba neng ba amogela tsholofelo ya botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng ba ne ba simolola go iponatsa. Tsholofelo ya bone le bone, e ne ya kgonagadiwa ka setlhabelo sa ga Keresete. (1 Yohane 2:1, 2) Go dira mono mo go tswelelang ga molemo wa setlhabelo seo go ne ga supiwa ke ditiragalo tseo di neng tsa diragala kwa Iseraele wa bogologolo ka Letsatsi la Tetlanyo.
6. Ka bokhutshwane thadisa seo se neng se diragala mo Letsatsing la Tetlanyo.
6 Yo o neng a okametse kwa motlaaganeng o o boitshepo wa Iseraele, mme moragonyana kwa tempeleng, e ne e le moperisiti yo mogolo yo o neng a le leloko la bantlo ya ga Lefi ya ga Arone. Batho ba bangwe ba senna mo ntlong ya ga Arone e ne e le baperisiti ba babotlana, mme bontsi jwa batho ba senna ba bangwe ba lotso lwa ga Lefi ba ne ba direla jaaka bathusi. Go baakanyetsa ka pipo ya maleo, moperisiti yo mogolo o ne a ntsha diphologolo di le pedi setlhabelo, madi a nngwe le nngwe a neelwa ka mo go farologaneng mo Boitshepong jwa Maitshepo, jaaka go laotswe ke Jehofa. Santlha go ne go ntshiwa kgomo ke moperisiti yo mogolo wa ga Arone ‘a itirela le bantlo ya gagwe,’ bao e neng e le ba lotso lotlhe lwa ga Lefi. (Lefitiko 16:11, 14) Sa bobedi e le podi eo e neng ya neelwa jaaka tshupelo ya boleo “ea batho,” ditso tse dingwe tse di lesome le bobedi. (Lefitiko 16:15) Mme gape, maleo a Iseraele otlhe a ne a ipolelwa mo tlhogong ya podi e e tshelang, go tswa foo e bo e kobelwa kwa nageng. (Lefitiko 16:21, 22) Seo sotlhe se ne se raya goreng?
7. (a) Ke setlhabelo sefe se le sengwe seo se neng sa tshwantshediwa pele koo? (b) Ke ka ntlha yang fa go ne ga dirisiwa diphologolo di le dintsi tsa setlhabelo?
7 Moaposetoloi Paulo o tlhalosa gore tiragatso ya gone e ne e itshetlegile ka setlhabelo se le sengwe sa ga Jesu Keresete. “Keresete ga a ka a tsèna mo heloñ goñwe ga boitshèpō ha go dihilweñ ka diatla, ha go leñ sechwanō sa helō ga amarure; me o tsenye mo go ye e leñ legodimo tōta, go tla a bōnalèla rona yanoñ ha pele ga sehatlhōgō sa Modimo . . . go tla a tlosa dibe ka go intsha setlhabèlō ka esi.” (Bahebera 9:24-26) Mme ke eng fa madi a diphologolo di le dintsinyana a ne a tsenngwa mo helong ga Boitshepo jwa Maitshepo mo Letsatsing la Tetlanyo la Iseraele? Seno e ne e le go lere tlhokomelo dintlheng tse di farologaneng tsa seo setlhabelo se se itekanetseng sa motho sa ga Jesu se se fitlhelelang. Mme ntlha e nngwe gape e ne ya supiwa ke go ipolelwa ga dibe ga morafe mo tlhogong ya podi e e tshelang go tswa foo e bo e kobelwa kwa nageng.
8. (a) Ke jang tseo di neng di dirwa ka Letsatsi la Tetlanyo di supang gore ke mang yo o tla solegelwang molemo pele ke setlhabelo sa ga Keresete? (b) Ke tiragatso efe ya setlhabelo sa ga Jesu eo e neng ya supiwa ka tshupelo ya boleo “ea batho”? (c) Ke lebaka lefe le lengwe le le neng la tshwantshediwa ke go kobelwa ga podi kwa nageng?
8 Le e leng fela jaaka fa madi a kgomo ao a neng a ntshediwa bantlo ya ga Arone a ne a isiwa pele mo helong ga Boitshepo jwa Maitshepo, jalo melemo ya setlhabelo sa ga Jesu e ne ya simolola go dira lantlha mo go bao ba neng ba tla kopanela le Keresete mo boperisiting jwa selegodimo. Seno se ne sa dirwa go tloga ka 33 C.E. go ya pele. Jesu Keresete o ne a sena maleo ape ao a neng a tla ntshediwa tetlanyo, jaaka go diragetse ka Arone, mme bao ba neng ba tla nna baperisiti ba babotlana le Keresete ba ne ba tla ntshediwa. Bano ba ne ba tshwantshediwa ke ba lotso lwa ga Lefi. (1 Petere 2:4, 5) Go ntshiwa ga madi mo setlhabelong sa bobedi, ebong podi ya tshupelo ya boleo “ea batho,” go ne go supa gore ba bangwe mo sethong ba ne ba tla solegelwa molemo ke setlhabelo sa ga Jesu morago ga setlhopha sa selegodimo. Bano e ne e tla nna batho bao ba neng ba tla bona botshelo mo Paradaiseng e e tsosolositsweng mo lefatsheng. Ba ne ba tshwantshediwa ke “dicō tse shomè le mecō mebedi [tse e seng tsa seperisiti] tsa Iseraela” mo Letsatsing la Tetlanyo. (Mathaio 19:28; Pesalema 37:29) Jesu ga a ka a swela bano go le gosi fela, mme tota tota o tlosa maleo a bao a ba swetseng mo setlhabelong, a ba leretse kgololo. Seno se ne sa supiwa ke lebaka la gore, kgabagare, morago ga maleo a Iseraele a sena go ipolelwa mo poding e e tshelang, e ne e kobelwa kwa nageng, e se ketla e tlhola e bonwa gape.—Pesalema 103:12; Isaia 53:4-6.
9. (a) Ke masego afe ao a ipelelwang ke bao ba bontshang tumelo mo setlhabelong sa ga Keresete gone jaanong? (b) Ke melemo efe e mengwe e e tla tlang moragonyana?
9 Go botlhe ba ba bontshang tumelo mo paakanyetsong e e lorato ya ga Jehofa ka Keresete, boitshwarelo jwa maleo jwa boammaaruri, boemo jo bo phepa fa pele ga Modimo, bo ka kgonega gone jaanong go sa kgathalesege tsela ya bone ya pele ya botshelo. Ba ka ipelela lesego le le senang bolekanngo lwa go direla Modimo tirelo e e boitshepo ka segakolodi se se phepa. (1 Bakorintha 6:9-11; Bahebera 9:13, 14) Mme seno ga se reye gore ga jaanong ba fiwa botshelo jo bo gololesegileng mo diphelelong tsa boleo tsotlhe. (1 Yohane 1:8-10; Baroma 7:21-25) Go bao ba tla busang le Keresete mo legodimong, botshelo jo bo ntseng jalo bo tla bonwa fela fa ba sena go fetsa tiro ya bone ya selefatshe mme jaanong ba tsosediwa go sa sweng kwa magodimong. Go ba bangwe mo sethong, kgololo e e feletseng mo boleong e tla kgonagadiwa ka boshafatso jwa dilo.
“MO BOSHAHACOÑ YOA DILŌ”
10. (a) Boshahatso jwa dilo bo ne jwa simologa leng? (b) A go na le bape ba ba setseng ba neetswe ditulo tsa bogosi e le tiragatsong ya tsholofetso ya ga Jesu?
10 Jaaka Jesu a boletse, boshafatso ke fa “Morwa Motho [Jesu Keresete] a dula mo setuloñ sa gagwè sa bogosi sa kgalalèlō.” (Mathaio 19:28) Legale, ga se sengwe le sengwe se se neng sa diragala ka bonako fela fa a sena go tlhongwa mo setilong sa bogosi. Morago ga Jesu a sena go tlhongwa mo setilong sa bogosi ka 1914 C.E., santlha o ne a simolola ka go phepafatsa magodimo, a piriganya Satane le badimona ba gagwe. Go tswa foo a tswelela ka go tsosa balatedi ba gagwe ba ba tloditsweng go ya kgalalelong ya selegodimo. (Tshenolō 12:5, 7-12; 1 Bathesalonia 4:15-17) Baaposetoloi ba ba ikanyegang ba ga Keresete ba ne ba se ka ba neelwa fela go “dula mo dituloñ tsa bogosi di le shomè le mecō mebedi” tseo ba neng ba di solofeditswe, mme fa go ntse go ya ba bangwe botlhe ba ba ba 144 000 ba tlhomiwa mo ditulong tsa bone tsa bogosi mo legodimong fa ba tsosiwa mo baswing.—Tshenolō 3:21.
11. Ke ka tsela efe “dinku di sele” di setseng di utlwa diphelelo tsa boshahatso jwa dilo?
11 Jaaka fa go tlhophiwa ga batho ba ba tla bopang setlhopha sa selegodimo go ntse go atamela go wela, go phuthiwa ga boidiidi jo bogolo jwa “dinku di sele” go ne ga simologa, segolo bogolo go tloga ka 1935 go ya pele. Bano le bone, ba ne ba simolola go ipelela melemo ya setlhabelo sa ga Keresete, ‘ba tlhatswa dikobo tsa bone le go di sweuhatsa mo mading a Kwana.’ Ba thusiwa go ‘apara motho yo mosha, yo kaha Modimong o bopilweng mo tshiamong le mo boitshepong jwa boammaaruri.’ (Tshenolō 7:9, 10, 14; Baefesia 4:20-24) Ka dipalo tse di ntseng di ya magoletsa ba solegelwa molemo ke dipaakanyetso tsa Modimo ka Keresete tseo di ka gogelang mo go reng ba tshelele ruri mo Paradaiseng e e tsosolositsweng.—Tshenolō 7:17; 22:17.
12. (a) Ke bomang ba ba neng ba emelwa ke “dicō tse shomè le bobedi tsa Iseraela” tseo Jesu a neng a lebisitse go tsone fano? (b) Ke bomang kwa ntle ga bafalodi bao ba tla solegelwang molemo ke boshahatso jwa dilo?
12 Ka bonakonyana jaanong, lefatshe le le boikepo le tla senngwa. Satane le badimona ba gagwe ba tla golegwa. Letsatsi la Katlholo la setho la dingwaga tse di sekete le tla simologa. Jesu Keresete o tla bo a le Moatlhodi yo o Okametseng, mme o tla tlhomamisa gore botlhe ba neelwe sebaka se se tletseng le thuso e e lekaneng ya gore ba ka ithuta le go tsamaisana le ditsela tsa tshiamo tsa ga Jehofa. Balatedi ba ba tloditsweng ba ga Keresete bao ba neng ba itshupa e le baboloka-bothokgami go ya losong ba tla abalana le ene mo tirong, ba “atlhola dicō tse shomè le bobedi tsa Iseraela.” (Luke 22:28-30; Tshenolō 20:4, 6) Seno ga se reye gore ba tla atlhola fela ditlogolwana tsa tlholego tsa Iseraele. Go na le moo, ba tla atlhola botlhe bao ba neng ba tshwantshediwa ke “dicō tse shomè le bobedi [tse eseng tsa seperisiti] tsa Iseraela” ka Letsatsi la Tetlanyo. Seno se akareletsa lefatshe lotlhe la setho se se rekilweng. (1 Bakorintha 6:2) Bafalodi ba sepitla se segolo e tla nna bone ba ntlha go solegelwa molemo ke thulaganyo eno ya go tsosolosa setho. Mme dibilione tse dingwe tse di oketsegileng di tla tlhakanela, ka jaana bao ba tla atlholwang ba tla akareletsa “batshedi le bashwi.” (2 Timotheo 4:1; Ditihō 24:15) Abo go tla itumedisa jang fa baswi bao ba akarediwang mo setlhabelong sa thekololo sa ga Keresete ba boa! Abo go tla nna boitumelo fa baratiwa ba kopanngwa gape!
13. Ke jang diphelelo tsa Letsatsi la Katlholo la dingwaga tse di sekete ruri e tla bong e le boshahatso jwa dilo?
13 Seno e tla bo e le ka nako ya fa, labofelo jaanong, setho se tla bong se golotswe mo makoeng a mmele le a tlhaloganyo ao a tlhagisitsweng ke boleo. Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ne ka ponyo ya leitlho fela a fodisa batho bao ba neng ba sule ditokololo, bao ba neng ba foufetse kana ba le bosusu kana ba le dimumu, le batho bao nama ya bone e neng e senyegile kana bao nonofo ya bone e neng e feditswe ke bolwetsi. Ditiro tse di nonofileng tseo e ne e le fela tekeletso ya seo a tla se direlang setho mo Pusong ya gagwe ya Dingwaga tse di Sekete. Ka lebaka je le utlwalang, botlhe bao ba tla iponelang ka matlho kana ba itemogela bosupi jo bo ntseng jalo jwa bopelonomi jwa ga Jehofa mme gone ba nyatsa bolaodi jwa gagwe ba tla senyediwa ruri. Mme ka go rutelwa mo ditseleng tsa tshiamo tsa ga Jehofa, go akanya le maikutlo a bao ba bontshang tumelo e e pelo-e-phepa le kutlo e tla re ka bonya ka bonya di tokafadiwe go fitlhelela ba fitlha boitekanelong jo bo tletseng. Barati ba ba ntseng jalo ba ga Jehofa ka boammaaruri ba tla bo ba itemogetse popo-sesha, boshafatso jwa dilo. Go tla bo go ntse jaaka ekete ba simolodisitswe sesha mo botshelong ka rre yo mosha, Rara wa Bosakhutleng, Jesu Keresete.—Isaia 26:9; 9:6.
14. Ke kamano efe e e molemo-lemo eo botlhe ba ba tla falolang teko ya bofelo ba tla nnang le tshiamelo ya go e ipelela?
14 Mme jaanong, morago ga go feta teko ya bofelo kwa bokhutlong jwa dingwaga tse di sekete, ba tla itseelwa ke Jehofa Modimo ka Keresete jaaka barwa ba Modimo ka sebele, e le bontlhanngwe jwa lelapa la Gagwe lwa lobopo lotlhe lo lo itekanetseng. Abo seno e le tebelelo e e kgothatsang jang—eseng fela mo bafaloding ba sepitla se segolo mme gape le mo baswing botlhe bao ba tla leriweng go tla go tlhakanela mo boipelong jwa botshelo mo lefatsheng la Paradaise!—Baroma 8:20, 21.