Kgaolo 17
Boikutlo jo bo Farologaneng Tebang le Kutlo
1. Ke ka ntlha yang fa Jehofa a ile a dumelela Bababelona go senya Jerusalema?
DINGWAGA di le dintsi pele ga Jerusalema a senngwa ke Bababelona, Jehofa o ne a tlhagisa Bajuda kaga seo se neng se tla, le gore ke ka ntlha yang. Ba ne ba latela ditshekamelo tsa dipelo tsa bone tse di mongala go na le gore ba utlwe Modimo.—Yeremia 25:8, 9; 7:24-28.
2. (a) Ka mo go utlwalang, ke melemo efe eo e ikaegileng ka kutlo mo Modimong? (b) Ke jang Iseraele a neng a tla mo kamanong ya kgolagano le Jehofa?
2 Jehofa ga a patelele ope go mo direla, mme, ka mo go utlwalang, o tlhoka kutlo go botlhe bao ba batlang gore a ba amogele le masego a botshelo ao a tsamayang le yone. Morago ga go golola Iseraele mo Egepeto, Jehofa o ne a ba raya a re: “Ha rure lo ka reetsa lencwe ya me, loa tshegetsa kgōlaganō ea me, hoñ lo tla nna boshwa bo chwerwe yoa me, go heta dichaba cotlhe: gonne lehatshe yeotlhe ke ya me: Me lo tla bo lo nntse bogosi yoa baperisiti mo go nna, le morahe o o boitshèpō.” (Ekesodo 19:5, 6) Morago ga fa Modimo a sena go ba tlhalosetsa dipatlafalo tsa gagwe mme ebile ba utlwile go balwa ga “lokwalō loa kgōlaganō,” bone ka bobone ba ne ba amogela boikarabelo jo bo neng bo tsamaelana le kamano e e ntseng jalo le Modimo.—Ekesodo 24:7.
3. (a) Ke ka ditsela dife Iseraele morago a ileng a bontsha moya wa botsuolodi mo go Jehofa? (b) Ke ka ntlha yang fa ditiragalo tseo di kwadilwe mo Bibeleng?
3 Lefa go ntse jalo, e ne ya nna nako fela e khutshwane fa moya wa botsuolodi o simolola go iponatsa. Bana ba Iseraele ba ne ba seka ba itatola tumelo ya bone fela mo go Jehofa phatlalatsa; mme, ka go tlola molao wa gagwe, ba le bantsi ba ne ba leka go tswakanya ditlwaelo tsa Egepeto le kobamelo ya ga Jehofa. (Ekesodo 32:1-8) Moragonyana bangwe ba ne ba tshwaya banna bao Jehofa a neng a ba dirisa jaaka baemedi ba gagwe ba ba bonalang molato. (Dipalō 12:1-10; 16:1-3, 31-35) Jaaka morafe, Iseraele o ne a bontsha tlhaelo ya tumelo mo go diriseng lefoko la Modimo, ba tlhotlhelediwa ke go boifa batho. (Dipalō 13:2, 31-33; 14:1-4; Bahebera 3:17-19) Fa diphoso e ne e se tsa ka bomo, bao ba neng ba ikwatlhaya ka boikokobetso ba ne ba bona boitshwarelo. Mme mo lobakeng lwa makgolo a dingwaga a hera bongwe morafe o ne wa tlhokomologa ka bomo, santlha tlhokafalo e le nngwe ya bomodimo, go tswa foo e nngwe, mme gantsi di le dintsi tsa tsone. Dilo tseo ba neng ba di dira le phelelo ya tsone di kwadilwe mo Bibeleng jaaka dikai tsa tlhagiso mo go rona.—2 Ditihalō 36:15-17; 1 Bakorintha 10:6-11.
4. (a) Barekabe e ne e le bomang? (b) Ke ditlamego dife tseo Jehonadabe a neng a di baya godimo ga bone?
4 Mo metlheng ya ga Jeremia, morago ga ditlhagiso tsa gangwe le gape di sena go neelwa kaga matswela a a bosula a tsela ya bone, Jehofa o ne a tlhomela Bajuda sekai—Barekabe. Bano e ne e se Baiseraele; e le ditlogolwana tsa ga Jehonadabe yo o neng a bontsha gore o ne a le kutlwanong ka botlalo le go nna tlhoafalo ga ga Jehu kaga Jehofa. Jehonadabe yono (kana, Jonadabe) jaaka tlhogo ya lotso lwa morafe wa Barekabe o ne a ba laetse gore ba ithibe mo beineng go ya nakong e e sa bolelwang, mme ebile ba seka ba nna mo matlung kana ba tshwarega mo temong mme ba nne mo ditanteng jaaka bakgarakgatshegi. Ka gone ba ne ba tla tshela botshelo jo bo retibetseng le jo bo motlhofo fela, ba gololesegile mo maitlhapedisong le mo masuleng a botshelo jwa motse, fa ba ntse ba obamela Jehofa le Baiseraele, bao ba neng ba tshela gareng ga bone.
5. Barekabe ba ne ba le sekao sa kutlo jang?
5 E re ka jaana Bajuda ba ne ba gana go reetsa Jehofa, Molaodi wa Lobopo lotlhe, a go ne go ka lebelelwa gore Barekabe ba utlwe rrabo mogolo yo e leng motho? Ba ne ba dira jalo, mme ka tsela ya sekao. Lemororo Barekabe ba ne ba ikopela botshabelo mo Jerusalema fa batlhabani ba Bababelona le ba Baasiria ba ne ba tlhasela Juda, ba ne ba tswelela ba ntse ba nna mo ditanteng. Mme boitlhomo jwa bone jwa go sa nwe beine, lemororo batho bao ba neng ba nna gareng ga bone ba ne ba dumeletswe go e nwa, bo ne bo tiile go le kana kang? Jehofa o ne a dira gore Jeremia a lere Barekabe mo lefelong la bojelo la tempele, a ba tlhomele dinwelo tsa beine mme a ba laletse gore ba nwe. Ba ne ba gana. Ka baka lang? Ka phepafalo ba ne ba lemoga kafa rrabo mogolo a neng a ineetse ka gone mo go Jehofa, ba ne ba tlhaloganya kamego ya gagwe e e lorato ka molemo wa bone, mme jalo ba utlwa taolo ya gagwe. Jehofa o ne a itumelela sekao seno se se ntle sa kutlo seo se neng se supa tlhaelo ya kutlo go Jehofa eo e neng e bontshiwa ke Bajuda.—Yeremia 35:1-11.
6. (a) Ke bomang gompieno ba ba tshwanang le Barekabe? (b) Ke bomang ba ba itshupileng e le ditshwani tsa Iseraele yo o sa utlweng?
6 Gompieno go na le batho bao ba tshwanang le Barekabe. Bano ke “dinku di sele” tsa Morena. E ka ne ba tla nwa beine kana nyaa ga se yone kgang kgolo gompieno. (Bapisa 1 Timotheo 5:23.) Eno ke kgang ya botho fa fela ba sa nwe mo go feteletseng kana gongwe ba nna matagwa. (Diane 23:20; 1 Bakorintha 6:9, 10) Mme kutlo ya bomodimo e botlhokwa-tlhokwa. Phapaanong le La-Bodumedi, leo e leng setshwani sa Iseraele wa motenegi, setlhopha sa motlha wa segompieno sa Barekabe se supa ka ditiro tsa bone gore ba itse bomosola jwa kutlo ya bomodimo. Seno se tla ba solegela molemo jang?
7. (a) Ke tsholofetso efe e e kgothatsang e Jehofa a neng a e neela Barekabe? (b) Ke tsholofelo efe eo seo se e neelang setlhopha sa motlha wa segompieno sa Barekabe?
7 Ka poifomodimo ya bone, Jehofa o ne a neela Barekabe tsholofetso eo e nang le bokao jo bo nonofileng jwa seperofeti jwa motlha wa rona, a re: “Ereka lo utlwile taolō ea ga Yonadabe rra eno, lo bile lo tshegeditse dikaèlō cotlhe tsa gagwè, me lo dihile kaha go cotlhe tse o di lo laoletseñ; Ke gōna ka mouō Yehofa oa mashomōshomō, Modimo oa Iseraela o bua yana: a re, Yonadabe morwa Rekabe ga a ketla a tlhōka monna eo o tla èmañ ha pele ga me ka bosakhutleñ.” (Yeremia 35:18, 19) Ba ne ba le gareng ga bafalodi ba tshenyego ya Jerusalema ka 607 B.C.E. Mme setlhopha se se neng sa tshwantshediwa ke bone se tla falola tshenyego e e tlang ya La-Bodumedi le lefatshe ka kakaretso leo le ntseng le tsaya tsela ya lone ka boganana, le gana go dumalana le bolaodi jwa ga Jehofa.
LEBAKA LEO KUTLO E KA SE NNENG MOTLHOFO
8. Ke ka ntlha yang fa batho ba bantsi ba fitlhela kutlo e le thata?
8 Batho ba le bantsi ba fitlhela kutlo e le selo se se thata go se ithuta. Ba godile mo lefatsheng leo mongwe le mongwe ‘a itirelang maratwa e pelo.’ Ba ka nna ba bo ba rata se ba se ithutang kaga botshelo mo Bogosing jwa Modimo. Mme fa boikgogomoso bo apesa go akanya ga bone, ba ka nna ba ngongoregela dingwe tsa dipatlafalo tsa Modimo kana ba tshwaya phoso mokgwa o tseno di dirisiwang ka one. (Diane 8:13; 16:18) Naamane, kgosi ya batlhabani ba Baasiria mo metlheng ya ga moperofeti Elisha, o ne a nna le bothata joo.
9. (a) Go ne ga tla jang gore Naamane a ye go bona Elisha? (b) O ne a lebelela eng, mme ke eng se tota tota se neng sa diragala?
9 Naamane o ne a tlhasetswe ke lepero. Mme ka ntlha ya go bo setshwarwana sengwe sa Moiseraele ka bopelokgale se ne sa bontsha tumelo ya sone gore Naamane o ne a ka fola fa a ne a ka ya kwa go moperofeti wa ga Jehofa Elisha, Naamane o ne a ya kwa Iseraela. O ne a ya kwa ntlong ya ga Elisha a tla a pagame dipitse le dikara tsa ntwa. Mme e re ka Naamane e ne e le motho yo o kwa godimo, o ne a lebelela gore Elisha a tswe a tle go mo kgatlhantsha mme e re go tswa foo a tsenelele tirelo nngwe, a bitsa Jehofa a ntse a apaapa nama ya gagwe e e lwalang ka seatla sa gagwe go fitlhelela a fola. Go na le moo, Elisha o ne a romela fela morongwa wa gagwe go ya go mo raya a re a ye kwa Nokeng ya Joredane mme e re a tsena koo a fete a shape ga supa.—2 Dikgosi 5:1-12.
10. (a) Naamane o ne a itshwara jang? (b) Ke eng seo kgabagare se neng sa mo tlhotlheletsa go utlwa? (c) Phelelo e ne ya nnang?
10 Naamane o ne a kgopisega thata ka ntlha ya boikgodiso jwa gagwe. O ne a tsamaya a galefile. Mme ya re morago ga fa batlhanka ba gagwe ba sena go akantshana le ene, a ikokobetsa ka tumelo. “Hoñ a hologa, me a ikina ga shupa mo Yoredane, yaka polèlō ea monna oa Modimo: me nama ea gagwè ea boea, ea chwana le nama ea ñwanyana hèla, me a ntlahetse.” Naamane o ne a tlhatswega pelo gore Jehofa e ne e le Modimo o o osi wa boammaaruri, a bo a lemoga gore, go sa kgathalesege boitshwaro jwa gagwe jwa ntlha, ditaelo tsotlhe tse di neng di ntshiwa ke Elisha tota ruri di ne di tswa kwa Modimong.—2 Dikgosi 5:13-15.
11. (a) Ke ka ditsela dife “dinku di sele” di neng tsa tshwantshediwa ke Naamane? (b) Ke dithuto dife tse di botlhokwa tseo rotlhe re tshwanetseng ra di ithuta?
11 A o ka ne gongwe ka tsela nngwe o bona sebopego sa ga Naamane mo go wena? Jaaka go ne go ntse ka ba bangwe bao e neng e se Baiseraele ba ba neng ba bontsha tumelo, Naamane o dirisiwa mo Dikwalong go tshwantshetsa “dinku di sele” bao ba ikopanyang le kobamelo ya boammaaruri. Bano botlhe, ka ba tsaletswe mo boleong, ba ne pele ba na le bolwetsi jwa semoya. Botlhe ba ne ba tshwanelwa ke gore ba senke thuso mo setlhopheng sa batlhanka ba ba tloditsweng ba ga Jehofa mme e re morago ba tseye kgato ka kutlo mo go seo “motlhanka” a neng a se ba rutile mo Lefokong la Modimo. (Mathaio 24:45) Bangwe ka nako nngwe ba ne ba seka ba anaanela kgakololo yotlhe ya Dikwalo eo ba neng ba e neelwa—jaaka gore go a tlhokafala gore ba nne gone mo dipokanong tsa phuthego ka metlha, botlhokwa jwa go ikgaoganya le lefatshe kana kolobetso ya metsing ya Bokeresete. Ba ka nna ba bo ba ile ba ikgogona mo go ineeleng le go kolobediweng mo metsing ka jaana dipelo tsa bone di ne di ganana le tlhokafalo ya gore ba ‘iitatole’ e le gore ba tle ba nne balatedi ba ga Keresete. Mo mabakeng mangwe ba ne ba kgala mokgwa o kgakololo e neng e neelwa ka one ke ba ba ikarabelang mo phuthegong. Mme fa go ntse go ya botlhe bao ka boammaaruri ba tla nnang “dinku di sele” tsa Morena ba tla tlhoka go ithuta botlhokwa jwa boikokobetso le kutlo e e lorato.—Yakobe 4:6; Mathaio 16:24.
DITAOLO TSEO DI RE SOLEGELANG MOLEMO
12, 13. (a) Ke ka ntlha yang fa kutlo mo ditaolong tsa ga Jehofa e re solegela molemo? (b) Seno se ka tshwantshediwa jang?
12 Fa re tla go itse Jehofa le ditsela tsa gagwe, re nna le go lemoga kafa mafoko a o a buileng le batlhanka ba gagwe mo metlheng e e fetileng a leng boammaaruri ka gone ebong: “Ke Nna Yehofa, Modimo oa gago, eo ke gu rutañ go itemohalèla, eo ke gu gōgañ mo tseleñ e u chwanetseñ go tsamaea ka eōna. A bo u ka bo u reeditse ditaolō tsa me.” (Isaia 48:17, 18) Keletso e e tlhoafetseng ya ga Jehofa ke gore batho ba gagwe ba tile kotsi mme ba ipelele botshelo ka go tlhokomela ditaolo tsa gagwe. O itse kafa re bopegileng ka gone le seo se tla re leretseng boitumelo jwa mmannete. O re tlhagisa kgatlhanong le boitshwaro jo bo ka re isang kwa tlase kana jwa senya kamano ya rona le ba bangwe.
13 Bao ba ileng ba reetsa tlhagiso ya gagwe kgatlhanong le boaka le kgokahalo ba ile ba hemelwa mo kgoberegong ya boikutlo, bolwetsing le baneng ba dikgora tseo di leriweng ke dilo tseno. (1 Bakorintha 6:18; Bahebera 13:4) Ka go dirisa kgakololo e e tshwanang le e e go 2 Bakorintha 7:1, ba ile ba ikgolola mo go tshwakgolweng ke motsoko le diokobatsi tse dingwe, tseo di senyang botsogo jwa motho mme di ka felela ka gore a swe ka bonako. Taolo ya gagwe ya go ‘ithiba mo mading’ e thusitse batlhanka ba gagwe go nonotsha boikaego jwa bone ka ene yo ditebelelo tsotlhe tsa botshelo jwa isagwe di ikaegileng ka Ene, mme ka nako e e tshwanang e ba sireleditse kgatlhanong le malwetsi a a boifisang ao a ka anamisiwang ke go tshelwa madi.—Ditihō 15:28, 29.
14. Re solegelwa molemo jang ke go batla Bogosi pele go na le go ikopanyeletsa ka mo go sa tlhokafaleng mo lefatsheng?
14 Fa fela re sa ntse re le mo lefatsheng, go na le selekanyo se se rileng se re tla amanang le lone ka sone. Mme Jehofa o re tlhagisa gore re seka ra baya ditsholofelo tsa rona mo go lone, re seka ra nna karolo ya lone. O itse se isagwe e se tshwaretseng lefatshe. Abo e tla bo e le boeleele gore motho a senye botshelo jwa gagwe a aga seo Modimo a tlileng go se diga! Se se maswe go fetisa, ba ba dirang jalo ba tla iphitlhela ba le mo kotsing eo e tla welang lefatshe leo ba sentseng matshelo a bone mo go lone. Ka gone, abo kgakololo e e neng ya neelwa ke Morwa Modimo e le mosola jang: Batlang Bogosi jwa Modimo! Bo beeng kwa pele mo matshelong a lona!—1 Yohane 2:17; Mathaio 6:33.
15. (a) Go nna gareng ga bao ba tla bonang gape se se latlhilweng ke Adame, ke eng seo re tshwanetseng ra ithuta go se dira? (b) Jehofa o tla buisanya le rona jang mo Dingwageng tse di Sekete?
15 Ka go lemoga ka botlalo se re se tlhokang, Jehofa o siamisetsa batho ba gagwe botshelo mo tsamaisong ya gagwe ya dilo e ntšha ya tshiamo. Go sa utlwe ga ga Adame go ne ga leretse batho bosaitekanelang, go latlhegelwa ke botshelo jo bo sa khutleng le go lelekiwa mo Paradaiseng. Tota ruri fa e le gore re tla nna gareng ga bao ba tla segohadiwang ka seo Adame a se latlhileng, re tshwanetse ra neela bosupi jwa gore re tlhokomela se Modimo a se buang. Mme o tla bua jang le rona mo Dingwageng tse di Sekete tse di tlang fa setho se ntse se leriwe mo boitekanelong? Ka Bogosi jwa Bomesia. A goromente yoo o tla nna le baemedi ba ba bonalang mo lefatsheng? Ee. Kgosi o tla dirisa “dikgōsana mo lehatshiñ yeotlhe.” (Pesalema 45:16; bapisa le Isaia 32:1, 2.) Ka go utlwa dikgosana tseno ka lorato, setho se tla bontsha boineelo jwa sone go Kgosi ya bone ya selegodimo.
16. Ke ka ntlha yang fa kutlo mo bagolwaneng e le tshireletso gone jaanong, mme ke jang e leng boipaakanyetso jo bo molemo jwa botshelo mo Thulaganyong e Ntšha ya Modimo?
16 Ka go itshiamisetsa nako eo, Jehofa ga jaanong o baakanyetsa ka thapiso e e tlang ka phuthego ya gagwe ya bolegodimo e e bonalang. Moteng ga phuthego o tlhagisitse banna bagolo kafa semoyeng, kana bagolwane. Ba baakanyetsa ka kaelo e e tlhokafalang mo dipokanong tsa phuthego le go etelela pele mo go rereng molaetsa wa Bogosi. Ba thusa botlhe ba ba batlang go direla Jehofa go ithuta kafa ba ka dirisang melao-metheo ya Bibela ka gone mo matshelong a bone mme ka lorato ba tlhagisa kgatlhanong le dirai tse di ka senyang kamano ya motho le Modimo. Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng ka bophara le bone ba lemogile kafa go reetsa dikaelo tsa bagolwane gantsi go feletseng ka go sirelediwa ga matshelo mo matsubutsubung, dithoromong tsa lefatshe le fa thubakanyo ya dibetsa e tlhagogile. Phuthego ga se ya bagolwane; ke ya Modimo. Bagolwane ga ba iphake gore ba tlhotlheleditswe. Mme, jaaka Dikwalo di bontsha, Modimo o ba dirisa go etelela pele, mme go ba utlwa go bontsha tlotlo mo thulaganyong eo Jehofa a e dirisang go siamisetsa batlhanka ba gagwe phalolelo mo Thulaganyong e Ntšha ya gagwe.—Ditihō 20:28; Bahebera 13:17.
17. Ke eng se se tshwanetseng go re tlhotlheletsa go utlwa?
17 Lefa go ntse jalo, ga se fela keletso ya go nna gareng ga bafalodi ba tshenyego e e tlang ya lefatshe seo se tlhotlheletsang kutlo e e ntseng jalo. Go na le mo gontsi mo go oketsegileng. Eng? Kanaanelo ya botshelo le dipaakanyetso tsotlhe tse Modimo a di dirileng go bo tshegetsa. Go lebogela dimpho tsa gagwe tseo di humisang matshelo a rona—kgono ya go akanya, go anaanela bontle le melemo ya semoya, kgono ya go itse le go obamela Mmopi wa rona. Gape, go lemoga lorato lo logolo loo lwa Modimo lo lo neng lwa mo tlhotlheletsa go ntsha Morwawe gore a tle go re ntshetsa botshelo jwa gagwe jaaka setlhabelo e le gore re tle re nne le paka ya go tshelela ruri.
18. Fa re tla mo go itseng Modimo sentle, re leba kutlo go ene jang le go phuthego ya gagwe?
18 Go bao ba itsileng Modimo sentle, kutlo ga se tlamego e e sa itumediseng. Kutlwisiso e e tlhomameng ya maikaelelo a gagwe le dipatlafalo, ga mmogo le go itemogela diphelelo tse di molemo tsa go dirisa tseno, di tlogela go sena pelaelo epe mo megopolong ya bone gore go dira dilo ka tsela ya Modimo ke yone tsela fela e e utlwalang le e e nang le tlhaloganyo. Ba lemoga fa e le tshireletso. Mme ebile ke tsela ya go bontsha lorato lwa bone mo Modimong. Ba fitlhela boipelo jo bogolo mo go mo utlweng.—1 Yohane 5:3; Pesalema 119:129.
[Ditshwantsho mo go tsebe 135]
Bangwe ba tlhoka go fenya boikgodiso, jaaka Naamane wa molepero